Jump to content

Lewis Hart Weld

Go tswa ko Wikipedia
Lewis H. Weld
TsaloDecember 13, 1875
LetsoAmerican
Alma materUniversity of Michigan
Scientific career
FieldsEntomology
InstitutionsEvanston Academy, USDA

Lewis Hart Weld (1875-1964) e ne e le moithutaditshenekegi wa Moamerika, yo o neng a berekela United States Department of Agriculture (USDA).[1][2]

Lewis Weld o ne a tsena Yunibesithi ya Rochester, mmadikolo wa Michigan, le mmadikolo wa Cornell, koo a ithutileng thutotshelo ya ditshenekegi teng. Ka 1904, Weld o ne a ya go ruta kwa Evanston Academy, koo a neng a simolola patlisiso ya gagwe ya botshelo jotlhe ka di-gall wasps.[3][4]

Tiro ya gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Weld o ne a tsaya maeto a le mmalwa ka nako ya tiro ya gagwe; ka 1919, le a mangwe go tloga ka 1923 go ya go 1924. Ka nako eno o ne a berekela Bureau of Entomology ya USDA. Lewis Weld o ne a tlogela maemo a gagwe a semmuso ka 1924, mme a tswelela go tsweletsa dikgatlhego tsa gagwe ka boene, mme a tswelela ka go dirisana mmogo le USDA ka dingwaga tse di fetang masome a .[5]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Weld o ne a nyala Moithutamarope wa dimela Clara Octavia Jamieson ka 1915; ba ne ba se na bana.[6]

Ditshupiso

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. Weld, Lewis Hart at Smithsonian Institution Archives
  2. Tempolete:Cite Q
  3. Weld, Lewis Hart at Smithsonian Institution Archives
  4. Tempolete:Cite Q
  5. Weld, Lewis Hart at Smithsonian Institution Archives
  6. Rock Island County Illinois Genealogical Society. "Clara Jamieson Weld" (PDF). Retrieved April 16, 2021.