Jump to content

Linda Caicedo

Go tswa ko Wikipedia
Linda Caicedo
Caicedo with Real Madrid in 2024
Motshameki wa kgwele ya dinao
Leina ka botlalo Linda Lizeth Caicedo Alegría
Letsatsi la tsalo (2005-02-22) 22 February 2005 (age 19)
Lefelo la tsalo Candelaria, Valle del Cauca, Colombia
Bolele 1.61 m (5 ft 3 in)
Maemo Forward
Club information
Current team
Real Madrid
Number 18
Youth career
2011–2016 Real Juanchito
2016–2017 Generaciones Palmiranas
2017–2019 CD Atlas C.P
Tiro ya gagwe*
Dingwaga Setlhopha Metsh (Dinno)
2019 América de Cali 7 (7)
2020–2023 Deportivo Cali 37 (16)
2023– Real Madrid 29 (5)
Setlhopha sa setshaba
2022 Colombia U17 11 (9)
2022 Colombia U20 4 (2)
2019– Colombia 32 (9)
*Metshameko ya gagwe le dinno, correct as of 01:53, 15 April 2024 (UTC)
‡ National team caps and goals, correct as of 01:53, 15 April 2024 (UTC)

Linda Lizeth Caicedo Alegría ( yo o tshotsweng ka Tlhakole a le masome mabedi le botlhano ka 2005) ke motshameki wa kwa Colombia wa kgwele ya dinao e e porofeshionale yo o tshamekang kwa pele kwa setlhopha sa Liga F sa Real Madrid le sa setshaba sa bomme sa Colombia.

Caicedo o sale a tshameka mo setlhopheng se segolo kwa setlhopheng e sale ka 2019 fa a dira tshameko ya gagwe ya ntlha le setlhopha sa kwa Colombia sa América de Cali a le dingwaga tse lesome le bone.[1] Fa a sena go nna botlhokwa thata mo go fenyeng liki e le lantlha ga América, a fudugela kwa Deportivo Cali fa 2020 a simologa. Le Cali, Caicedo a fenya liki ya kwa Colombia ka 2021,se se neng sa bonela Cali phatlha kwa Copa Libertadores Femenina ka 2021. Le fa ba feletse mo diquarter-finaleng, Caicedo a fetsa kgaisano eo a tshwaraganetse tlotla ya monosi yo o kwa godimo ebile a tsena mo go ba ba gaisitseng ba ba lesome le motso ba kgaisano eo. Ka 2023, morago ga dingwaga go kanakanetswa ka phudugo ya gagwe e e latelang ya setlhopha, a saenela Real Madrid kwa Liga F. Mo setlheng sa gagwe sa ntlha le setlhopha, a thusa Madrid go goroga kwa makgaolakgannyeng a kopi a ntlha kwa Copa de la Reina ya 2022–23.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Cancer survivor Linda Caicedo to make Women's World Cup debut for Colombia against Korea Republic". Associated Press. 24 July 2023. Retrieved 3 April 2024.