Jump to content

Liverpool F.C. Women

Go tswa ko Wikipedia
Liverpool
Setshwantsho:Liverpool FC.svg
Leina ka botlaloLiverpool Football Club Women
Maina a tshamekoThe Reds
Tshimologo1989; 35 years ago (1989), as Newton Ladies F.C.
LebalaTotally Wicked
Anfield (Select home games)
Palo18,000
Totally Wicked
61,015
Anfield
Mong wa setlhophaFenway Sports Group
CEOBilly Hogan
MotsamaisiMatt Beard
LekiTempolete:English football updater-W
Tempolete:English football updater-WTempolete:English football updater-W
MaranyaneClub website

Liverpool Football Club, e e itsegeng jaaka Liverpool kgotsa Liverpool Football Club Women go e farologanya le setlhopha sa borre, ke setlhopha sa kgwele ya dinao sa bomme sa kwa Enyelane sa kwa Liverpool, Merseyside, Enyelane. Ke lekalana la bomme la Liverpool Football Club go tloga ka 1994. E ne ya tlhamiwa ka 1989 e le Newton LFC mme morago ya tewa leina la Knowsley United WFC, Liverpool Ladies le Liverpool FC Women mo dingwageng tse di ntse di feta. Setlhopha se e ne e le leloko le le simolotseng Women's Super League ka ngwaga wa 2011. Ngwaga morago ga moo, Liverpool e ne ya nna setlhopha sa ntlha sa kgwele ya dinao sa kwa Enyelane go fa motshameki mongwe le mongwe wa mme tumalano e e tletseng ya porofeshenale.[1] Tshwetso eno e ne ya dira gore kgwele ya dinao ya bomme kwa Enyelane e nne porofeshionale mme ya dira gore Liverpool e fenye dikgele tsa Women's Super League ka go latelelana ka 2013[2] le ka 2014.[3] Ka 2022, ba ne ba fenya FA Women's Championship, seo se dira gore ba tlhatlosiwe gape go ya kwa Women's Super League, ba dirile jalo gararo mo nakong e e fetileng ka 2003-04, 2006-07, 2009-10.[4][5][6]

Ditso[fetola | Fetola Motswedi]

Setlhopha se se ne sa tlhamiwa ka 1989 e le Newton LFC, ke motshameki wa pele wa lefatshe la Enyelane, Liz Deighan. Setlhopha se se ne sa bidiwa gape jaaka Knowsley United WFC dingwaga di le pedi morago ga moo; ba nna maloko a a simolotseng National Premier Division e e rulagantsweng ke WFA.[7] Knowsley United e ne ya fitlha kwa makgaolakgannyeng a Premier League Cup ka 1993, mme ya fenngwa ke Arsenal kwa Wembley.[8] Mopalamente kwa gae, Eddie O'Hara, o ne a tlhagisa Motion ya Letsatsi la Pele a lebogisa setlhopha ka go atolosa tatelano ya ngwaga le ngwaga ya ditlhopha tsa Merseyside di tshameka mo makgaolakgannyeng a Sejana kwa Wembley.[9] Ka 1994, setlhopha se ne sa fitlha kwa makgaolakgannyeng a FA Women's Cup, mme sa fenngwa ke Doncaster Belles ka 1-0 kwa Glanford Park.[10]

Mo bogareng ja ngwaga wa 1994, setlhopha se ne sa kopana le Liverpool F.C. mme sa tsaya leina la Liverpool Ladies F.C.[11][12]

Setlhopha se ne sa feleletsa se le maemong a bobedi mo dikgaisanong tse pedi tse di latelang tsa FA Women's Cup. Ba ne ba latlhegelwa ke makgaolakgang a 1995 ka 3-2 go Arsenal kwa Prenton Park; morago ga go etelela pele gabedi ka dino tsa ga Karen Burke, Marieanne Spacey o ne a nosa nno ya phenyo ya Arsenal morago.[13] Ka makgaolakgang a 1996, Liverpool le motshwaradino wa bone wa dingwaga di le lesome le botlhano Rachel Brown, ba ne ba tshameka maleka a nno setlhopha le Croydon kwa The Den, mme kwa bofelong ba ne ba latlhegelwa ka dipenaliti morago ga nako e e okeditsweng.[14]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Kessel, Anna (13 April 2013). "Full-time Liverpool aiming to shake up Women's Super League". The Guardian. Retrieved 5 June 2020.
  2. "Women's Super League: Liverpool beat Bristol to win title". BBC Sport. 29 September 2013. Retrieved 25 October 2014.
  3. Leighton, Tony (12 October 2014). "Liverpool Ladies pip Chelsea to WSL title on dramatic final day". BBC Sport. Retrieved 25 October 2014.
  4. "Liverpool promoted to WSL after clinching Championship title". BBC Sport. 3 April 2022. Retrieved 21 June 2023.
  5. Sanders, Emma (4 April 2022). "Liverpool: Why Championship success is just the start for women's team". BBC Sport. Retrieved 21 June 2023.
  6. "Women's Championship: Liverpool lift trophy as Coventry keep hopes alive". BBC Sport. 24 April 2022. Retrieved 21 June 2023.
  7. "1991–1992". The Owl Football Historian. Archived from the original on 11 October 2012. Retrieved 16 October 2010.
  8. Henry Winter (28 August 1993). "Football diary: Music for penalty arias". The Independent. London. Retrieved 8 February 2011.
  9. O'Hara, Edward (19 May 1993). "KNOWSLEY UNITED WOMEN'S FOOTBALL XI". London: Parliament.uk. Retrieved 28 December 2011.
  10. Rudd, Alyson (25 April 1994). "Football: Belles bring class to bear: Doncaster dominate women's FA Cup final". The Independent. London. Retrieved 14 October 2010.
  11. Andrew Drake. "Defunct & Disappeared". The Owl Football Historian. Archived from the original on 23 October 2012. Retrieved 8 February 2011.
  12. Durkan, Joanna (14 November 2019). "How Liverpool FC Women are set to follow in historic footsteps at Anfield". This Is Anfield. Retrieved 15 December 2019.
  13. "Spacey the difference for Arsenal". The Independent. London. 1 May 1995. Retrieved 14 October 2010.
  14. Forde, Sarah (29 April 1996). "Croydon spot chance for first cup victory". The Times. London. Retrieved 22 July 2012.