Lobola

From Wikipedia
Jump to navigation Jump to search

Lobola e bitswa jalo ka seZulu, seSwasi le Sexhosa, Roora ka seShona le Magadi ka seSotho. e ka nna dilwana kana madi a a ntshiwang ke monna yo o batlang nyalo, kana ke tlhogo ya lelwapa la monna yoo, madi a a neelwa ko go ba lelwapa la mosadi yo o nyalwang, ele tuelo ya lenyalo. Gotswa ditsong dilwana tse ene e nna dikgomo, mme fa nako e ntse e tsamaya ga tlwaelwa thata go nna madi. Mme batho bangwe ba santse ba le mo setsong sa go ntsha dikgomo, kana ba tlhakantshe madi le dikgomo. Moono mogolo wa lobola ke go aga botsalano fa gare ga malwapa a mabedi ao, ka gore lenyalo ga se la banyalani boo babedi fela. Le fa go sa tlwaelesega, malwapa a mangwe ba dirisa tsa boranyane go dira dituelo tsa magadi.







Magadi le Molao[baakanya | edit source]

Mo Aforika Borwa [South Africa], koo go ntsha ga magadi e leng setlwaedi, kopano e seseng e ne e konosetswa go ya ka molao wa setso, e fela jaanong jaana e ka fa tlase ga taolo Recognition of Customary Marriages,1998 (Act 120 of 1998) [1](RCMA) mme e na le ditlhokego tse di latelang go amogelega ga nyalo ka fa tlase ga molao wa setso:

Ditherisano[baakanya | edit source]

Tsela ya go rerisana ka magadi ke e telele ebile e mararankodi, mme a akaretsa maloko a le mantsi go tswa go maphata oo mabedi a bo monyadiwa le a bo monyadi; ka gale, go ka ba fela bomalome ba ga bao ba nyalanang, gape le borragwe banyalani, moo setso se letlelelang. Nakong dingwe basadi le bone ba dumeletswe go ka tsaa karolo, fela kwa thoko ga ditherisano, ba sa tsee karolo mo ditherisanong. Go le gontsi, go tlosa mowa wa kgatelelo magareng ga malwapa a, lebotlolo la brandy le ka bewa fa tafoleng, le fa go le jalo, brandy ga se yona fela, e ka nna ya nna bojalwa jwa setso jwa mabele. Ka gale ga bo nwewe; ke tshupo fela ya go amogela baeng ba lelwapa le go dira gore mongwe le mongwe a rephe, mme gape e etsiwe e le mvulamlomo, e e leng ka seThosa go raya gore 'mouth opener' (ka seSotho - "Pulamolomo")i.e. tuelo ya go fa o butse molomo wa gago (go bua) go umaka lebaka la gago la go eta ga gago. Go tla tswa mo go baemedi ba gabo ngwetsi go tsaa tshwetso ya go dirisa nnotagi e kgotsa go bo tlogela bo ntse bo tswaletswe.

References[baakanya | edit source]