Lonnie Wright

Go tswa ko Wikipedia

Lonnie Wright (Firikgong a tlhola masome a mararo, 1945- Mopitlo a tlhola masome a mararo, 2012) e ne ele motshameki wa moAmerika wa motshameko wa basketball le motshameki wa kgwele ya seAmerika (football) yo o tshamekileng mo setlheng se le sengwe a tshamekela setlhopha sa Denver Rockets sa American Basketball Association le setlhopha sa Denver Broncos sa American Football league pele ga a fetogela kwa go tshamekeng motshameko wa basketball ka nako yotlhe.

Dithuto[fetola | Fetola Motswedi]

Wright o tsholetswe kwa Newark, New Jersey mme a tsena sekolo kwa South Side High School (se se fetolwetsweng leina kwa go Malcolm X Shabazz High School), kwa a neng a hiwa ditlotla tsa Ditoropo-tsotlhe (All-City), Dikgaolwana-tsotlhe (All-County), Dikgaolo-tsotlhe (All-State), le ya Amerika ka bophara (All-American) mo metshamekong ya kgwele ya seAmerika (football) le basketball. O ne a kwalwa mo Lehalahaleng la Bagaka (Hall of Fame) ya lekgotla la New Jersey State Interscholastic Athletic Association ka ngwaga wa 1997.[1]

Wright o tsene sekolo kwa Colorado State University, kwa a tshamekileng basketball abo a baa rekote ya sekolo seo ya shot put ya 52 feet, 9 inches.[1] [2] O ne a nosa dintlha di le sekete, makgolo a mabedi le masome a mane le metso e merataro ka nako ya a tshameka motshameko wa basketball ya mmadikole, o ne ele bontlha jwa setlhopha sa Rams se se neng sa ya kwa dikgaisanong tsa NCAA (1966 NCAA Tournament), tse di neng di tseneletswe ke ditlhopha di le masome a mabedi le bobedi ka ngwaga wa 1966, kwa ba latlhegetsweng mo legatong la ntlha kgatlhanong le setlhopha sa University of Houston se se neng se eteletswe pele ke Elvin Hayes le Don Chaney.[2]

Tsa tiro[fetola | Fetola Motswedi]

Wright o ne a tlhophiwa mo legatong la borataro la 1966 NBA draft ke ba setlhopha sa St. Louis Hawks ( se gompieno e leng Atlanta Hawks), mme o ne a seka a baa monwana kwa setlhopheng seo.[3] Le fa Wright a ise a tshameke kgwele ya seAmerika ya mmadikole,[4] ba setlhopha sa Dallas Cowboys sa NFL ne ba supile kgatlhego.[2] O ne a baa monwana kwa setlhopheng sa Denver Broncos sa American Football League ka kgwedi ya Moranang e tlhola lesome le boratato, 1966, a tshamekela setlhopha seo fa gare ga dingwaga tsa 1966 le 1967.[1] Ha a tshameka e le safety, o ne a kgoreletsa tlhago e le nngwe mo setlheng sa 1966 le tse nne ha godimo mo ngwageng o o latelang. O ne a tshwara tlhago e le nngwe mo tirong ya gagwe ya kgwele, a latlhegelwa ke dikgato tse pedi mo kamogelong.[5]

Go fetoleng metshameko, Wright a baa monwana wa gagwe le ba Denver Rockets (batapele ba Denver Nuggets) ka firikgong a tlhola ga tlhano, 1968,[6][7] a simolla go tshamekela Rockets dibeke pele ga setlha sa kgwele ya seAmerika se ya bokhutlong.

Ka ga ene[fetola | Fetola Motswedi]

Wright e ene ele Motsamaisi wa Baithuti kwa New Jersey Medical School sa University of Medicine and Dentistry of New Jersey kwa Newark.[1]

Mosadi wa ga Wright wa bobedi e bong Johanna e ne e le mokatisi mogolo wa setlhopha sa basketball kwa Columbia High kwa Maplewood, New Jersey go fitlha ka ngwaga wa 2014.[8]

Moagedi wa South Orange, New Jersey, Wright o tlhokafetse a le dingwaga tse masome a marataro le metso e supa kwa lelwapeng la gagwe ka kgwedi ya Mopitlo e tlhola masome a mabedi le metso ele meraro, 2012, ka mabaka a mathata a go ema ga pelo (congestive heart failure).[9]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 1.2 1.3 Hall of Fame Year-by-year https://web.archive.org/web/20070521193256/http://www.njsiaa.org/NJSIAA/HOF_years.aspx New Jersey State Interscholastic Athletic Association. Accessed 12/10/2023
  2. 2.0 2.1 2.2 Catching Up With: Lonnie Wright - Playing for two teams, one town [1] The Denver Post. Retrieved 24/10/2023.
  3. Lonnie Wright Archived 2007-11-17 at the Wayback Machine. [2] BasketballReference.com. Retrieved 24/10/2023.
  4. NFL seeks best players on the court or mat. [3] USA Today. Retrieved 24/10/2023.
  5. Lonnie Wright Archived 2010-02-19 at the Wayback Machine [4] databaseFootball.com. Retrieved 24/10/2023.
  6. CENTENNIAL SPORTS FLASHBACK [5] The Denver Post. Retrieved 24/10/2023.
  7. Bronco to Play Pro Basketball [6] The Washington Post. Retrieved 24/10/2023.
  8. IN PERSON; The All-Stars' Skipper. The New York Times. Retrieved 24/10/2023.
  9. Lonnie Wright, who played for both the Broncos and Nuggets, dies at the age of 67 [7] The Denver Post. Retrieved 24/10/2023.