Lupita Nyong'o

Go tswa ko Wikipedia
Lupita Nyong'o
Nyong'o ka ngwaga wa 2019
Tsalo
Lupita Amondi Nyong'o

{Birth date and age|df=yes|1983|3|1}
Mexico City, Mexico
Ke mo
  • Mexico
  • Kenya
ThutoHampshire College( Bachelor of Arts|BA) Yale University (Master of Fine Arts|MFA]])
TiroActress
Dingwaga tsa a le mo tirong2005–present
Batsadi(s)Peter Anyang' Nyong'o

Lupita Amondi Nyong'o o tshotswe ka ngwaga wa 1983 ka kgwedi ya Mopitlo e tlhola gangwe. Ke modiragatsi o o tlhakantseng ditso tsa Mexican le mo Kenya. O amogetse dikgele di le dintsi di akaretsa ya Academy Award le ya Daytime Emmy Award, a nna le sebaka sa go phadisanela Tony award le Golden Globe Award.

Lupita ke ngwaga wa mopolotiki wa kwa Kenya; Peter Anyang'Nyong'o, o tsholetswe kwa toropong ya Mexico, kwa rragwe a neng a ruta teng, o godiseditswe kwa Kenya go simolola fa a le dingwaga di le tharo. O tsene sekolo se segolwane kwa United States, a aloga mo go tsa bodiragatsi le filimi kwa Hampshire College. O ne a simolola tiro ya gagwe kwa Hollywood e le mothusi mo lephateng la go simolodisa difilimi. Ka ngwaga wa 2008, o ne a diragatsa e le lantlha mo filiming e khutshwane ya East River, mme a boela kwa Kenya go diragatsa mo thulaganyong ya Shuga go tswa ka ngwaga wa 2009 go tsena ka 2012. O ne a ya go tsweledisa dithuto tsa masters mo go tsa bodiragatsi kwa Yale School of Drama. Morago ga go aloga, o ne a tlhagelela mo filiming ya ga Steve McQueen e le moanelwa Patsey, ya 12 Years a Slave ya ngwaga wa 2013, e a e amogeletseng kgothatso le seetsele sa Academy Award sa go nna modiragatsi wa mme o o thusang o o gaisitseng.

Nyong'o tshamekile e le lantlha mo metshamekong ya Broadway e le ngwana wa lesiela mo motshamekong wa Eclipsed wa ngwaga wa 2015, o ne a tlhopiwa go phadisanela seetsele sa Tony Award sa modiragatsi wa mme o o gaisitseng mo motshamekong. O ne a tswelela a ya go diragatsa e le Maz Kanata mo Star Wars go tswa ka 2015 go tsena ka 2019, a boa gape a diragatsa e le lentswe la ga Raksha mo The Jungle Book ya ngwaga wa 2016. Tiro ya ga Nyong'o e ne ya tswelela ka go tshameka Nakia mo filiming ya Black panther ya ngwaga wa 2018 le wa 2022, a nna moanelwamogolo mo filiming ya ga Jordan Peele ya Us ka ngwaga wa 2019.

Kwa ntle ga go diragatsa, Nyong'o o eme nokeng go somarela ditso. Lentswe la gagwe le a utlwala mo go kganeleng go dirisiwa botlhaswa mo tlhakanelong dikobo, a berekela ditshwanelo tsa bomme le diphologolo. Ka ngwaga wa 2014, o ne a bidiwa mosadi o montle go gaisa bomme botlhe ke ba makasine wa People. Ka ngwaga wa 2019, Nyong'o o ne a kwala buka ya bana e bidiwa Sulwe, e e neng ya rekisa thata go ya ka ba New York Times. O tlhophilwe gape go phadisanela dietsele tsa Primetime Emmy e le mmoledi o o gaisitseng mo dikgaolong tse pedi tsa thulaganyo ya Serengeti. Ka ngwaga wa 2020, Nyong'o o ne a nna mongwe wa bomme ba le masome a matlhano mo Aforika ba ba nang le tlhotlheletso e ekwa godimo ke ba Forbes.

Botshelo jwa a le mmotlana[fetola | Fetola Motswedi]

Lupita Amondi Nyong'o o tshotswe ka ngwaga wa 1983, Mopitlo a tlhola gangwe kwa toropong ya Mexico,[1][2][3][4] a tsalwa ke batsadi ba kwa Kenya, Dorothy Ogada Buyu[5][6] le Peter Anyang' Nyong'o, morutuntshi wa kwa sekolong se segolwane. Lolwapa lo ne lwa tswa kwa kenya ka ngwaga wa 1980 ka ntlha ya diphuduego le kgatelelo ya sepolotiki. Mogolowe Peter ebong Charles Nyong'o o ne a nyelela morago ga go latlhiwa mo sekepeng ka ngwaga wa 1980.[7]


Nyong'o o na le boagedi mo mafatsheng a mabedi, kwa Kenya le kwa Mexico, mme o itshupa e le motho wa ditso tseo tsotlhe ka bobedi.[8][9] Lolwapa lwa ga mmagwe le lwa ga rragwe otlhe ka bobedi a na le medi kwa bathong ba morafe wa Luo, ke ngwana wa bobedi mo baneng ba le barataro.[10] Ke ngwao ya batho ba Luo go bitsa ngwana leina morago ga ditiragalo tsa letsatsi leo, ka jalo batsadi ba gagwe ba ne ba mo fa leina la puo ya Spanish ebong Lupita.[11] Rragwe o kile a nna tona wa tsa botsogo ka puso ya kwa Kenya, mme morago a nna mokaedi kwa toropong ya Kisumu kwa Kenya.[12] Ka nako ya fa Nyong'o a belegwa, rragwe e ne e le morutuntshi o o etileng wa maranyane a polotiki kwa El Colegio de Mexico kwa toropong ya Mexico.[10][13]


Lolwapa lo ne lwa boela kwa Kenya fa Nyong'o a ise a nne le ngwaga,[11][14]morago ga gore rragwe a hiriwe e le morutuntshi kwa University of Nairobi.[10] O goletse kwa Nairobi, mo lolwapeng lwa bodiragatsi, o tlhalosa kgodiso ya gagwe e le ya maemo a a fa gare.[13] Bokopano jwa ba lolwapa gantsi bo ne bo akaretsa bana ba diragatsa, le maeto a go bona metshameko.[15] O tsene sekolo sa Rusinga International School kwa Kenya, mme a diragatsa mo metshamekong ya sekolo.[5]


Fa a le dingwaga di le lesome le bone, Nyong'o ne a tlhagelela e le lantlha mo motshamekong wa ga William Shakespear wa Romeo and Juliet a tshameka karolo ya ga Juliet,[5] e le tlhamo ya kompone ya Phoenix Players.[13][15] Ka nako e a neng a le leloko la Phoenix Players, o diragaditse gape mo metshamekong ya On The Razzle le There Goes The Bride. O akgolela Whoopi Goldberg le Oprah Winfrey go bo ba mo tlhotlheleditse go bereka e le modiragatsi, ka bodiragatsi jwa bone mo filiming ya The Color Purple.[16][17]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Lupita Nyong'o Ended Kenya and Mexico's Mini-Feud Over Her Nationality". The Atlantic. 3 March 2014. Retrieved 1 September 2020.
  2. "Lupita Nyong'o Biography: Theater Actress, Film Actress, Television Actress (1983–)". Biography.com (FYI / A&E Networks. Archived from the original on 13 May 2016. Retrieved 12 May 2016.
  3. "12 Things to Know About '12 Years a Slave' Breakout Lupita Nyong'o". Yahoo Movies. 1 November 2013. Archived from the original on 13 January 2014. Retrieved 14 January 2017.
  4. The Late Late Show with Craig Ferguson. Season 10. Episode 1822. 12 November 2013. CBS.
  5. 5.0 5.1 5.2 Walubengo, Laura (5 November 2013). "A moment with Dorothy Nyong'o". africamagic.dstv.com. Archived from the original on 12 May 2014. Retrieved 10 July 2014.
  6. Stated on Finding Your Roots, 14 November 2017
  7. "Lupita Nyong'o's Father, Peter Anyang' Nyong'o, Reveals Family Torture In Kenya". HuffPost. 24 March 2015. Archived from the original on 10 March 2016. Retrieved 6 October 2016. I was born in Mexico because my father was teaching at a school in Mexico City.
  8. Rivas, Jorge (14 May 2014). "Lupita Nyong'o Teaches Mexican Kids How to Smile". Fusion. Archived from the original on 27 May 2016. Retrieved 26 May 2016.
  9. Thatiana, Diaz (19 February 2018). "Lupita Nyong'o on Living in Mexico: 'It Was Such a Bizarre, Dire Time for My Hair'". People. Archived from the original on 29 October 2018. Retrieved 28 October 2018.
  10. 10.0 10.1 10.2 Williams, Sally (10 January 2014). "Lupita Nyong'o: Interview with a rising star". The Guardian. Archived from the original on 22 August 2014.
  11. 11.0 11.1 "Matt LeBlanc, Lupita Nyong'o, The Fray". Jimmy Kimmel Live. 14 January 2014. ABC.
  12. "H.E Hon. Prof. Anyang' Nyong'o – Cancer awareness, prevention, training and partnerships". Africa Cancer Foundation. Retrieved 30 April 2022.
  13. 13.0 13.1 13.2 Morris, Alex (9 February 2014). "Lupita Nyong'o, From Unknown to 'It' Girl in Less Than a Year". New York. Archived from the original on 18 July 2014. Retrieved 2 March 2014.
  14. Stern, Marlow. "Lupita Nyong'o On Her Magical Journey from Kenya to '12 Years A Slave' and Possible Oscar Glory". The Daily Beast. Archived from the original on 25 February 2014. Retrieved 10 July 2014.
  15. 15.0 15.1 Gardner, Elysa (8 February 2014). "For '12 Years a Slave' actress, Oscar nod is "ultimate bonus" of amazing journey". USA Today. Archived from the original on 1 March 2014. Retrieved 2 March 2014.
  16. Diaz, Evelyn (26 November 2013). "Octavia Spencer, Oprah Winfrey and Lupita Nyong'o on Acting". BET. Archived from the original on 22 February 2014. Retrieved 2 March 2014.
  17. Shapiro, Bee (10 February 2014). "Actress Lupita Nyong'o Talks Hair and Makeup Tips and Working on 12 Years a Slave". Glamour. Archived from the original on 23 February 2014. Retrieved 2 March 2014.