Mabolokelo a ditso a lefatshe la Botswana

Lefelo la Botswana National Museum le le itsegeng gape ka leina la National Museum and Art Gallery, le bonwa kwa toropokgolo Gaborone, ke lefelo le letona le le nang le manno a a kwa godimo a a nang le dingwe tse di dirilweng ka diatla tsa lefatshe , Motlobo wa dibuka le lefelo la maemo a kwa godimo,[1] pele fa re nankola tshimo ya ditlhare ka kgwedi ya Ngwanatsele ngwaga wa dikete pedi le bosupa,[2] ditshupo tsa botswerere jwa ngwao ya Batswana le botaki gape e itibagantse le go ipelela tiro ya bataki ba mo gae.[3]

Lefelo la mabolokelo a ditso le itlamile gape go somarela lefelo la Tsodilo , lefelo la ntlha la ditso la mafatshefatshe mo gae,[4] le maiteko a mangwe.[5] Ke batlhokomedi ba lefelo la boitlapolosa la Tsholofelo , lefelo le kwa go boloketsweng "negro wa kwa Banyoles,"yo itsegeng ka leina la "El Negro" mo Botswana, go latedisa mmele go tswa kwa lefelong la mabolokelo a ditso a Darder mo Banyoles, kwa Spain.[6]
Lefelo le la mabolokelo a ditso le simolodisitswe ka ngwaga wa sekete , makgolo a robabongwe le masome a marataro le bosupa (1967) ka tshutiso ya molaomotheo wa Palamente mme wa bulelwa kwa setshabeng ka fa molaong ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe, masome a marataro le borobabobedi. Lefelo la mabolokelo a ditso le ne le ipelela ngwaga tse di masome a mane ka ngwaga wa dikete pedi leborobabobedi ka fa tlase ga molao o o reng "lefelo la mabolokelo a ditso e le badiredi ba phetlogo ya setho le ditlhabololo", e itshupa fa e dirisiwa ke lekgotlana la mafatshefatshe la mabolokelo a ditso.[7]
Bokhutlo
[fetola | Fetola Motswedi]Ditso di botlhokwa fela thata ka jalo di thusa dikokomane tse di tla tlang go itse ka tse di neng di diragala mo lefatsheng.Re tshwanetse go ithuta go boloka ditso le ngwao ka jalo seo se tlisa mowa wa boja mmogo fa gare ga batho le kutlwisisanya.Ditso tsa lefatshe di kgona go tlhabolola itsholelo ya lefatshe ka jalo bajanala ba rata go etela mo lefatsheng go tla go di bona.
Ditshwantsho tsa mabolokelo a ditso a Botswana
[fetola | Fetola Motswedi]






Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Michler, Ian (2004). Botswana: The Insider's Guide. Struik. p. 159. ISBN 1868729966.
- ↑ "National Museum to Launch Botanical Garden". Daily News Online. Republic of Botswana. 25 October 2007. Retrieved 08 July 2026
- ↑ "National Museum Craft Exhibits Unite People". Daily News Online. Republic of Botswana. 4 August 2003. Archived from the original on 24 August 2003. Retrieved 08 July 2026
- ↑ "Plans Afoot to Turn Tsodilo into Big Tourist Destination". Daily News Online. Republic of Botswana. 24 May 2005. Archived from the original on 28 July 2005. Retrieved 08 July 2026
- ↑ "Museum Has Programmes for Heritage Management". Daily News Online. Republic of Botswana. 22 May 2003. Archived from the original on 19 February 2005. Retrieved 08 July 2026
- ↑ Fforde, Cressida (2002). The Dead and Their Possessions. Routledge. p. 252. ISBN 0415233852.
{{cite book}}: Unknown parameter|coauthors=ignored (|author=suggested) (help) - ↑ Mogomotsi Moloi (2008-02-19). "Botswana: National Museum Celebrates 40th Anniversary". Mmegi/The Reporter. All Africa. Retrieved 2008-05-13.