Madie Hall Xuma

Go tswa ko Wikipedia

Madie Beatrice Hall-Xuma (1894 - 1982), e ne ele moagi wa naga ya kwa Amerika mme a fudugela mo Afrika Borwa. O dutse mo Afrika Borwa go simolola ngwaga wa 1940 go fitlhela wa 1963 a boelwa Amerika morago ga loso la mmona wa gagwe [1]. Mo dingwageng tse o ne a tsene mo nyalong le Ngaka Alfred Bathini Xuma o e ne ele ngaka wa ntlha ya go tlhatlhoba baoki mo Afrika Borwa le mopresidente wa mokgatho wa ”African National Congress (ANC)”. Mo sebakeng se a se dutseng mo Afrika Borwa, Madie o ne a na le karolo e kgolo mo go tlhabolosong ya mokgatlho wa basadi wa ANC. Madie o ne a simolola mekgatlho ya Zenzele le wa mokhatlo wa Bokreste wa Basadi ba batsha (YWCA).

Bakwadi ba di polotiki ban a le gonna kgatlhanong ka dipuo [2]. Bangwe ba dumela gore Madie o ne a dira go tlhabolla menagano ya baagi ya ditiro tsa basadi mo dikgang tsa sepolotiki. Mme ba bangwe ba buwa gore o ne a sa thuse ka sepe mo sepolotiking. Madie ene ne a dumela gore banna tshwanetse ba thuse basadi go lwela ditokelo tsa bone, o ne a bona seemo sa ko Amerika e le se se gaisang sa mo Afrika Borwa.


Tsa bophelo ba ga Madie Beatrice Hall-Xuma

Madie Hall-Xuma e ne ele moagi wa naga ya kwa Amerika mme a fudugela mo Afrika Borwa. E ne e le moithuti kwa Columbia University a dira dithuto tsa ruta [3]

Ka tsalo o bonwe e le Madie Hall mme ka 1940 a etsa mo lenyalong le ngaka e tlhwatlhwa go tshwa mo  Afrika Borwa, Ngaka Alfred Bathini Xuma. Ngaka A.B. Xuma e ne ele monna wa ntlha wa motho o montsho wa gonna Ngaka ka nako ya kgethollo mo Afrika Borwa (“Apartheid”). Ngaka AB Xuma o ne a nna mopresidente wa mokgatlho wa “African National Congress (ANC)”.


Disebediswa

  1. 1.      Berger, I., 2001. An African American'Mother of the Nation': Madie Hall Xuma in South Africa, 1940-1963. Journal of Southern African Studies, 27(3), pp.547-566.
  2. 1.      Miller, R.E. and Wilford, R., 2004. Gender, nationalism and transformation: Difference and commonality in South Africa’s past and present. In Women, Ethnicity and Nationalism (pp. 63-83). Routledge.
  3. https://www.sahistory.org.za/people/madie-hall-xuma_29/12/2019