Mageu

Go tswa ko Wikipedia

Mageu

Mageu(puo ya Setswana), Mahewu( puo ya seShona/Nyanja), Mahleu (puo ya Sesotho), Magau( puo ya Xau kwa Namibia) ( puo ya Khoikhoi), Madleke(puo ya Tsonga), maHewu, amaRhewu (puo ya seXhosa) kana amaHewu(puo ya seZulu le Ndebele) ke seno se e seng nnotagi go tsweng bogologolo jwale mo Aferika.Se bonagala magareng ga merafe ya Chewa/Nyanja,Shona,Ndebele,Nama Khoikhoi le batho ba Damara,Basotho, Batswana le Banguni . Ba ne ba bedisa phaletshe .Go itirela mo malwapeng go santse go diriwa thata mme le ko mabentleleng go teng,go di dirwa mo madirelong a magolo. Tatso ya yone segolobogolo e tswa mo go remeng ga masi mme mo madirelong go tsenngwa tatso e sukirinyana go shwana fela le yorghurt e e rekisiwang. Dino tsa go tshwana le tse di a dirwa mo Afrika ka bophara.

Go bedisiwa

Phaleche ya apeiwa, ga bo go tsenngwa boupi jwa borotho, go latlhetswe motswako o o godisang mogare. Motswako o o a tlogelwa go bela mo lefelong le le bothitho. Mo go direlwang thekiso go bolaiwa mogare gore go nne lebaka le le leele.

Dikotla

Ka dikotla mageu a tshwana le phaletshe mme sukiri e dirilwe gore e bele fa go titietswe. Fa go baakanyediwa go rekisiwa go tlhatlhelelwa ka dikotla tse di thibelang malwetsi.Le fa e tsewa ese nnotagi ,bonyenyane jwa selekanyo sa peresente e nngwe ya bojalwa go boletswe bo le teng.[1]


Bona gape

  • Ogi
  • Tejuino
  • Boza


Motswedi

  1. Steinkraus, K. (2004). Industrialization of Indigenous Fermented Foods, Revised and Expanded. Food Science and Technology. Taylor & Francis. p. 398. ISBN 978-0-8247-5094-7. Retrieved 2 June 2023.