Malebogo Molefhe

Go tswa ko Wikipedia
Mme Malebogo Molefhe

Malebogo Molefhe yo a tshotsweng ka ngwaga wa 1980 ke Mme wa motswana yo eleng motsameki wa bolotloa yo ieleng gape a nna mo ema kgatlanong le kgokgontsho ya bong morago ga go lemogwa makgetho a robabobedi. Ka ngwaga wa 2017 o ile a amogela tlotla ya Mafatshefatshe ya bomme ba ba kgothatsang.

Botshelo[fetola | Fetola Motswedi]

Molefhe o tshotswe ka 1980. O ne a tlhophiwa go emela lefatshe la gagwe mo bolotloa, a tshameka motshameko ono ele motshameki wa moitseanape go tloga a na le dingwaga di le lesome le borobabobedi. O nna kwa Manyana.

Malebogo o goletse kwa lefatsheng la borwa jwa Afrika la Botswana mme o nna kwa borwa jwa Gabarone. O ne a tlhaselwa ke mokapelo wa gagwe ka ngwaga wa 2009, fa a ne a na le dingwaga tse di masome a mabedi le boherabongwe .[1] Mo tlhaselong, mokapelo wa gagwe o mo thuntshitse makgetlo a robabobedi. Motlhasedi, yo o neng a tlhalosiwa jaaka "yo o tshwenyang", o ne a ipolaya ka go ithuntsha. Malebogo o ne a falola mme a fola mo tlhaselong, mme jaanong o dirisa setulo sa maotwana ka ntlha ya kgobalo ya mokwatla.[2]

Malebogo o fetogile mmueledi wa bafalodi ba kgokgontsho ya bong (GBV) le go sotliwa mo lelapeng mo seromamoeng sa Botswana. O rulagantse ditherisano le go thusa ka katiso le mekgatlho ya puso le e e seng ya puso kwa Botswana. O lemoga gore go na le dikarolo tsa setso tse di paletsang go kgoreletsa GBV mme o ithaopela go godisa kitso ka botlhokwa jwa phetogo.[2]

Malebogo o rutile basetsana ba bannye ka ga go itlotla go ba thusa go emelana le kgatelelo ya bong le mefuta e mengwe ya go sotliwa mo lelapeng. Ene le Lefapha la Thuto la Botswana ba simolotse lenaneo la bana go thusa go ithuta ka ga GBV kwa gae. Malebogo gape o rotloetsa metshameko le metshameko ya basadi ka kakaretso.[2]

Bona gape[fetola | Fetola Motswedi]

  • Lenaane la batho ba ba lwelang kagiso

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "U.S. government gives injured Botswana hoops star award; Denver's Craig Hospital gives wheelchair". The Denver Post. 2017-04-10. Retrieved 2019-06-30.
  2. 2.0 2.1 2.2 "Biographies of the Finalists for the 2017 International Women of Courage Awards". U.S. Department of State. Retrieved 2017-08-15. Cite error: Invalid <ref> tag; name "biog" defined multiple times with different content

Dikarolo tse di kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Tempolete:International Women of Courage Awards