Jump to content

Mamelodi Sundowns Ladies F.C.

Go tswa ko Wikipedia
Mamelodi Sundowns Ladies F.C.
Leina ka botlaloMamelodi Sundowns Ladies Football Club
Maina a tshamekoThe Brazilians
Banyana Ba Style
Masandawana
Downs
Ka bo Yellow
Leina le khutsofaditsweSundowns, MSFC, MSL
Tshimologo2009; 15 years ago (2009)
LebalaLucas Moripe Stadium
Palo28 900
Mong wa setlhophaPatrice Motsepe
ModulasetiloTlhopie Motsepe
Head coachTempolete:Country data RSA Jerry Tshabalala
LekiSAFA Women's League
20231st
MaranyaneClub website

Mamelodi Sundowns Ladies F.C. ke setlhopha sa bomme sa kgwele ya dinao se se porofeshionale se se kwa Pretoria, South Africa. Ke setlhopha se se gaisanang mo SAFA Women's League, legato le le kwa godimo mo liking ya kgwele ya dinao ya bomme kwa Afrika Borwa.[1][2][3][4] Ke bone setlhopha se se atlegileng thata mo kgweleng ya bomme kwa Afrika Borwa ka bommampodi ba ba rataro. Setlhopha se, ga mmogo le setlhopha sa borre ke tsa ga Patrice Motsepe.

Ba fentse CAF Women's Champions League ya ntlhantlha ka 2015.[5] Mo go ipatleleng phatlha, CAF Women's Champions League COSAFA Qualifiers tsa 2021, ba ne ba fenya ba sa latlhegelwe le fa e le gangwe fela. Se se ne sa ba isa kwa CAF Women's Champions League ya 2021 e ba neng ba e fenya ba sena tatlhegelo gape ba sa nosiwa.

Ka Mopitlo wa 2024, setlhopha se ne sa tlhoma mokatisi mogolo wa sone wa ntlha wa kgwele ya dinao ya bomme e leng Christa Kgamphe.[6]

Ditso[fetola | Fetola Motswedi]

Setlhopha se se tlhamilwe ka Lwetse a ferabongwe ka 2009 ke monnga sone Patrice Motsepe mme sa tsaya karolo mo Sasol Women's League ya ntlhantlha.

Ka 2013 ba fenya bosimega ja setshaba ja bone ja ntlha kwa Sasol League National Championships ka 2013. Ba fenya ka dino tse pedi go lefela kgatlhanong le sa kwa Limpopo sa Ma-Indies Ladie mo mkgaolakgang a a neng a tshwaretswe kwa Klerksdorp.[7]

Ka 2015 ba baya Sasol League National Championship rekote ya go nosa dino fa ba fenya Galeshewe Ladies ka masome a mabedi le botlhano go lefela kwa Sasol League National Championship ya 2015 kwa Sasolburg.[8] Ba ne ba tswelela ba ya go fenya bommampodi ja setshaba ba bo ba kuka bosimega ja bobedi, ba fenya Cape Town Roses ka tse tlhano go lefela kwa makgaolakgang.[9]

Sundowns e fentse SAFA Women's League ya ntlhantlha ba sa latlhegelwa, diphenyo tse masome mabedi le motso le maleka a le mangwe fela, ba nosa dino tse masome a ferabobedi le boraro mme ba nosiwa tse lesome le boraro fela.[10]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Sundowns Ladies coach excited by return women's football". Daily Citizen. 4 February 2021. Retrieved 29 July 2021.
  2. "Mamelodi Sundowns ladies to compete in women's caf champions". Kickoff. 2 July 2021. Retrieved 29 July 2021.
  3. "Sundowns Ladies claim SNWL Title". Gsport.co.za. 23 February 2020. Retrieved 29 July 2021.
  4. "Sundowns in top form ahead of regional Champions League". Cosofa.com. 13 August 2021. Retrieved 16 August 2021.
  5. Diamond, Drew (16 November 2023). "South African club Mamelodi Sundowns to release Netflix documentary". Her Football Hub. Retrieved 16 November 2023.
  6. Diamond, Drew (20 March 2024). "Mamelodi Sundowns appoint first ever Head of Women's Football". Her Football Hub. Retrieved 20 March 2024.
  7. SAFA (1 December 2013). "Sundowns Deserved SASOL League Champions". gsport4girls. Retrieved 7 May 2024.
  8. "Sundowns blast record-breaking 25 goals past Galeshewe Ladies". George Herald. Retrieved 26 March 2024.
  9. "Mamelodi Sundowns Ladies win Sasol League". Daily Sun. Retrieved 26 March 2024.
  10. Laduma, Soccer. "Mamelodi Sundowns Ladies Crowned Champions Of SAFA's National Women's League". Soccer Laduma. Retrieved 7 May 2024.