Manjaagiin Ichinnorov

Go tswa ko Wikipedia

Manjaagiin Ichinnorov o tshotswe ka ngwaga wa 1970, kgwedi ya Sedimonthole e le malatsi a le lesome le bobedi. Ke molwela ditshwanelo tsa setho o o tsholetsweng kwa kgaolong ya Khovd kwa bophirima jwa lefatshe la Mongolia.


O ne a fiwa seetsele sa Mahatma Gandhi ka kgwedi ya Lwetse ngwaga wa 2007 go bo a ne a lwantsha go tlhoka tekatekano mo bathong ka ditsela tse di siameng, a e neelwa ke ba India Mongolia Friendship Association. Ke moamogedi wa maloba wa dietsele tsa Eisenhower Fellowship Leadership le Mongolian Professional Fellowship Award go tswa kwa go ba Open Society Institute ka ngwaga wa 1999. O tsene sekolo kwa National University kwa lephateng la tsa molao, kwa Irkutsk kwa lefatsheng la Russia, mme a aloga ka master's degree in International Legal Studies ka ngwaga wa 2001 kgwedi ya Phatwe; o ne a le mongwe wa baithutintshi ba bagolwane ka maemo kwa lenaneong la Women and Public Policy Program Harvard University kwa John F. Kennedy School of Government ka Motsheganong ngwaga wa 2006. O berekile mo go tsa molao kwa Mongolia fa e sale ka ngwaga wa 1997.[1]

Ditsheko tsa molao[fetola | Fetola Motswedi]

O nnile mmueledi a bo a fenya ditsheko tsa ditshwanelo tsa batho tse di tsisitseng diphetogo kwa Mongolia jaaka tse di latelang:

2002 Tsheko ya ga Erdene-Ochir ya phetolo molao[fetola | Fetola Motswedi]

Tsheko ya ntlha ya Mongolia go fenngwa ka ngwaga wa 2002. Monna o neng a lebisitswe molato wa polao ebile a atlholetswe loso ke dikgotlatshekelo tse tharo o ne a gololwa mo tshekong e go sena go lemogwa gore o ne a se molato. Maikaelelo a thseko e e ne e le go fetola dikakanyo tsa segologolo tsa baatlhodi, go rotloetsa molao wa gore motho ga a na molato go fitlhelela go nna le bosupi jwa gore o molato, tshwanelo ya go nna le kemedi ya molao e e lomameng, go ikemela le go sa tseye lotlhakore ga molao. Ka ntlha ya tsheko e, ditselana tsa ditsheko di fetotswe, bosupi bo tshwanetse go nna teng pele ga go ka simololwa tsheko.

2003 Tsheko ya Ganbat ya phetolo melao mo kgolegelong[fetola | Fetola Motswedi]

Lekawana le ne la tlhokafala kwa kgolegelong ya Tuv aimag a sena go tshelwa bolwetse jwa Tuberculosis mo dingwageng tse pedi tse a di tsereng kwa kgolegelong a santse a ipolela molato. Motswasetlhabelo o ne a seka a bona dithuso tsa ba bongaka go tswa mo pusong morago ga go kopa thuso ya bongaka mo makgethong a robabongwe a a neng a botsolosiwa le ntswa botsogo jwa gagwe bo ne bo le mo diphatseng. Ichinnorov Manjaa o ne a simolola e le lantlha kwa Mongolia, tsheko kgatlhanong le lephata la sepodise le ofisi ya mosekisi kwa Tuv aimag. Tsheko e e ne ya baka gore dikgolegelo kwa Mongolia di ntshiwe ka fa tlase ga taolo ya lephata la sepodisi di tsene mo go la Judicial Decision Execution Authority. Maemo a bothselo a tokafetse. le thuso ya bongaka e neelwa ba ba tshwerweng mme ba na le mathata a botsogo.

2006 Tsheko ya Bolorchuluun ya ditshwanelo tsa basadi[fetola | Fetola Motswedi]

Lekgarejwana le ne la bolawa ke mopati wa lone morago ga go nna motswasetlhabelo sa go sengwa leina mo pegong nngwe mo pampiring ya dikgang, e e neng e supa fa a na le mogare wa HIV/AIDS e bile le o anamisa ka bomo. O ne a le motswasetlhabelo gape wa tlhakanelodikobo kwa ofising ya puso ya makgetho kwa Selenge aimag. Ichinnorov Manjaa o ne a dira setshwantsho sa otshikhinyego le tsheko kgatlhanong le motho o o bolaileng motswasetlhabelo. Setshwantsho se sa motsheikinyego e ne e le sesupo se se maleba kwa Mongolia se se neng se ruta batho ka ditshwanelo tsa basadi, bogolo jang dikgang tse di fitlhegileng tsa go tlhorontshiwa ka tlhakanelodikobo le tirisodikgoka mo lwapeng. Fa godimo ga foo, o ne a ikaelela go tsibosa babegadikgang o tlotla ditshwanelo tsa batho le seriti a bone. Setshwantsho se sa "In Search for Justice" se ne sa atlega mo go tseyeng karolo mo meletlong ya ditshwanelo tsa setho mo mafatsheng ka go farologana.[2]

2007 Tsheko ya Ariuntsetseg ya phetolo melao ya bokebekwa[fetola | Fetola Motswedi]

Mosetsana wa dingwaga tse di lesome le bosupa o nenga ana le losea lwa dikgwedi tse di lesome le bosupa o ne a atloletswe dingwaga di le lesome le dikgwedi tse tlhano mo kgolegelong go bo a ne a utsule madi di tugrik di le sekete le makgolo a le matlhano kgotsa dolara e le nngwe. Molao o o fetotsweng wa ngwaga wa 2005 o ne o gagametse fa e le molato-poelelo, motho a ka tshwarwa dingwaga tse di lesome fa a utsule go sa kgathalesege gore o sentse go le kae. Tsheko e e ne e kgatlhile leitlho la sechaba le babegadikgang. Molao le ba ba o dirang ba ne kgalhegetse tsheko e ba bo ba e dirisa e le sekai sa bokete jwa katlholo mo go ba ba humileng le bahumanegi. Maikaelelo a tsheko e e ne e le go tsibosa batho ka tlhokatekatekano ya molao. Tautona wa Mongolia M. Enkhbayar o ne a itshwarela lekgarejwana le. Tsheko e e ne ya nna nngwe ya tse di atlegilegn thata kwa Mongolia e batho ba ithutileng ka yone tsela e ntsha ya ditsheko.[3]


Ka ngwaga wa 2015, O ne a nna kgosi ya lephata la tshireletso ya batshwasetlhabelo le basupi kwa Mongolia (Victim and Witness Protection Department of the Mongolian Marshal Authority) le le neng e le gone le simolodisiwang kwa lephateng la molao la lefatshe leo. Ka ngwaga wa 2012 o ne a dira sekolo sa tebelopele se se neng se rutuntsha batho ba le diketekete ka go ikgodisa mo botshelong le ka mananeo a go fenya mo botshelong.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Ichinnorov: Taniltsuulga Tempolete:Webarchive
  2. Ichinnorov: Ünenii ereld Tempolete:Webarchive. Not completely covered, but supported by Khünii erkhiin huul'chid strategiin ömgöölöl hiine. Zuunii medee newspaper 2006-12-05 Tempolete:Webarchive and B. Gerel: DOH-toi khemeen gütgüülsen n' ohinii min' ühliin shaltgaan. Zuunii medee newspaper 2008-12-01 Tempolete:Webarchive
  3. B. Dolzodmaa: P. Ariuntsetsegiin am'dral ergen survaljilsan n'. Ödriin sonin newspaper 2007-11-16 Tempolete:Webarchive and the other newspaper articles linked on that Website