Jump to content

Mapaseka Koetle

Go tswa ko Wikipedia

Mapaseka Koetle(a tshotswe 23 Mopitlo 1989) ke mo Aforika Borwa wa modiragatsi, mmakgwebo le morutuntshi mo maranyaneng. Oitsagale ka karolo ea e tshamekang ya Dintle Nyathi mo motshamekong wa thelebishini wa Scandal[1][2][3]. Ka ngwaga wa 2018 ene ele mongwe wa banana baba tlhageletseng mo maineng a Forbes Africa baba kafa tlase ga dingwaga tsedi masome a mararo.[4][5][6][7]

Botshelo jwa pele le dithutego

[fetola | Fetola Motswedi]

Koetle o tshotswe abo a golela kwa Bloemfontein kwa kgaolong ya Free State. O simolotse dithuto tsa gagwe tse di kgolwane kwa AFDA mme a feleletsa kwa City Varsity.[4][5]

Ene le monna wa gagwe bane ba bula marekisetso a dijo tse di apeilweng kwa  seteichaneng sa Sandton Gautrain aa bidiwang Gorge Grab n Go Café mo Johannesburg.[3][4][7][8]

O abela basetsanyana ditlamelo tsa itshireletso tsa malatsi a bomme( sanitary pads) mme ebile o ruta mo maranyaneng ka maitemogelo a gagwe jaaka mme kana motsadi le go ruta ka sengwe le sengwe fela se se amanang le go nna motsadi wa mme.[5][9]

Dibaesekopo

[fetola | Fetola Motswedi]
Ngwaga Baesekopo Karolo Mofuta
2014-2023 Scandal! (TV series) Dintle Nyathi Tv series
2020 Gereza Motlhagisi mo Thelebishining Tv series
2016 Lenyalo Hase Papadi Tebogo Tv series

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

O tsene mo nyalong le rre Nelson Nyokong mme ebile ba segofaditswe ka ngwana wa mosetsanyana ebong Nema. Ba bega dikgang baile ba bega fa Koetle a kgaogane le monna wa gagwe Nelson Nyokong.[2][4][5][8]

  1. Mapaseka Koetle serving looks in hot dresses". IOL. Retrieved 19 March 2024
  2. 1 2 Mapaseka Koetle - Nyokong on keeping her family out of the limelight". ZAlebs. Retrieved 19 March 2024.
  3. 1 2 Scandal! star Mapaseka Koetle-Nyokong turns her attention to restaurant business". SowetanLIVE. Retrieved 19 March 2024
  4. 1 2 3 4 Favour, Adeaga (9 October 2019). "Interesting facts about Mapaseka Koetle that will shock you". Briefly. Retrieved 19 March 2024.
  5. 1 2 3 4 #YouthDay: From actress to business owner this is Mapaseka Koetle-Nyokong | IOL Business Report". IOL. Retrieved 19 March 2024
  6. 14 South Africans make it into 2018 Forbes Africa under 30 list". ewn.co.za. Retrieved 19 March 2024
  7. 1 2 'I still lay-bye': Here's how Scandal!'s Pasi looks after her coins". TimesLIVE. Retrieved 19 March 2024
  8. 1 2 Mapaseka Koetle-Nyokong on business, marriage and sisterhood". W24. Retrieved 19 March 2024
  9. Mathebula, Kwanele (22 October 2018). ""It's a journey I believe in," ♀ – Mapaseka Koetle Nyokong". Bona Magazine. Retrieved 19 March 2024.