Maria Bashir

Go tswa ko Wikipedia
Maria Bashir
At Attorney General's Office, Herat
Tsalo1970
LetsoAfghan
ThutoLaw
Alma materKabul University
TiroChief Prosecutor General, Herat Province
Dingwaga tsa a le mo tirong4
MohiriAttorney General's Office, Afghanistan
O itsegi kaFirst woman prosecutor in Afghanistan
BanaSajad (son)
Yasaman (daughter)
O fetheletseInternational Women of Courage Award, 2011

Maria Bashir ke mosekisi kwa Afghanistan, o e leng ene mosadi wa ntlha go nna mo maemong a o kwa lefatsheng leo fa e sale ka ngwaga wa 2009. [1]Maitemogolo a gagwe a dingwaga di le lesome le botlhano a berekela puso ya Afghanistan,a mmontshitse dilo tse di farologaneng jaaka lekgotla la Taliban, mapodisi a a neng a senyetsa sechaba, matshosetsi a dintsho, go leka go bolawa. O ne a kganelwa go bereka ka nako ya puso ya Taliban, ka a ne a tsaya nako ya gagwe a ruta basetsana go se ka fa molaong kwa lolwapeng lwa gagwe, ka nako e go neng go sa letlelelwe gore basadi ba ka bonwa mo tseleng ba sena le monna ope.[2] Morago ga Taliban, o ne a boela tirong, mme a neelwa maemo a mosekisi mogolo wa province ya Herat ka ngwaga wa 2006.[1][3] Maikemisetso a gagwe a go fedisa tshenyetso sechaba le kgatelelo ya bomme,a dirile gore a tshware dikgetsi di ka nna masome a ferabobedi le bosupa ka ngwaga wa 2010 fela. [4]


Lephata la United States Department Of State le o atswile ka seetsele sa International Women of Courage Award fa ba lemoga tiro ya gagwe, seetsele se se neelwa bomme mo lefatsheng ka bophara ba ba supang boeteledipele, bopelokgale, bokgoni le maikemisetso a go direla batho ba bangwe bogolo jang mo go tlhabololeng ditshwanelo tsa bomme le fa se se baya matshelo a bone mo diphatseng.[5] Bashir o tlhageletse gape mo Time 100 ka ngwaga wa 2011, e eleng bomme ba le lekgolo ba ba nang le tlhotlheletso mo lefatsheng ka bophara.[4]

Botshelo jwa a sale mmotlana le thuto[fetola | Fetola Motswedi]

Bashir ke ngwana wa ntlha kwa gabone, o ne a le moithuti o o botlhale go simolola ka nako tsa a tsena sekolo. O ne a rotloediwa ke rragwe o a sa tlholeng a le mo botshelong, go tsweledisa dithuto tsa gagwe, mo lefatsheng le le itsang basadi dilo ka bontsi.[3] Ka nako e a neng a kwala tlhatlhobo ya go tsenelela dithuto tsa go aloga, o ne a tshwanela go tlhopha dilo di le tharo, o ne a kwala "molao" mo go tsone tsotlhe ka boraro.[3] Tona wa thuto e kgolwane o o sekasekang diikopelo tse, o ne a kgatlhilwe thata ke maikemisetso a gagwe mme a baya monwana tshwetso ya go ithuta molao.[3] O ne a aloga ka ngwaga wa 1994 a dirile dithuto tsa dingwaga di le nne kwa Kabul University mme a tloga a tsenelela thutintsho ya bosekisi kwa Kabul.[3]

Botshelo jwa gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 1996, morago ga go alaoga, Bashir o ne a nyalwa ke mong wa kgwebo ya go rekisa dithoto kwa China, mme a fudugelwa kwa toropong ya gagwe ya Herat. Bashir o na le bana ba basimane ba le babedi le mosetsana a le mongwe. Morwae wa ntlha o tsena sekolo kwa Germany, ba bannye Sajad le Yasaman ba rutwa mo lwapeng ka go tshosediwa ga ga Bashir le lolwapa lwa gagwe go sa dire tiro ya go tsena sekolo motlhofo.[6]

Mo pusong ya Taliban[fetola | Fetola Motswedi]

Morago ga dithuto tsa gagwe , Bashir o ne a simolola tiro kwa ofising ya mmueledimogolo e le mmatlisisi wa tsa bokebekwa kwa Kabul mme morago a direla kwa Herat.[6] Morago ga go fudugela kwa Herat ka ngwaga wa 1995, lekgotla la Taliban le ne la tsena mo toropong eo la emisa go ya bereka ga basadi.[6] Bashir o ne a tshwanelwa ke go nna mo ntlong jaaka basadi ba bangwe go fitlhelela ka ngwaga wa 2001 fa lefatshe la United States le neng le tlhasela la Afghanistan mme la letla gore basadi ba ka bereka gape, a boela tiro ya gagwe ya go batlisisa dikgang tsa tlola molao. Taliban e ne ya itsa basetsana go bala le go bereka, le netefatsa gore ba ikaege ka banna. Bashir o ne a simoloa go ba rutela mo sephiring kwa lwapeng lwa gagwe, baithuti ba fitlha dibuka le tse dingwe tse ba di tlhokang mo thutong ya bone mo dibekeng tsa mabentlele[2]. O ne a dumela gore puso ya Taliban e tla phutlhama, mme a batla go netefatsa gore basadi ba bo ba ipaakanyeditse go bereka fa se se diragala.[6] Taliban e ne e itse ka ditiragalo tse, ba ne ba kile ba bitsa monna wa gagwe gabedi go tlhalosa se a se dirang.[2]

Kwa ofising ya ga Molaodi[fetola | Fetola Motswedi]

Ka Lwetse ngwaga wa 2006, molaodimogolo wa nako e o o ne a etela Herat a tseneletse bokopano le baatlhodi go tswa dikgaolong di le nne. Bashir e ne e le ene fela mosadi o nenga le teng.[6] Kwa phelelong ya pego ya gagwe, o ne a mmotsa ka molao wa gagwe wa go tlhabolola ofisi ya moatlhodi, segolo bogolo wa go letla basadi go berekela koo.[6] Molaodimogolo o ne a itumelela kgang eo le tiro ya gagwe mo patlisisong ya loso lwa mmoki le mmegadikgang wa mo Afghan Nadia Anjuman.[6] Pele ga a tswa kwa Herat, molaodimogolo o ne a neetse Bashir tiro ya mosekisimogolo wa kgaolo eo.[6]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 Corbin, Jane (Aug 16, 2009). "What are we fighting for". BBC.
  2. 2.0 2.1 2.2 Hegarty, Stephanie (Apr 12, 2011). "Maria Bashir: Afghanistan's fearless female prosecutor". BBC.
  3. 3.0 3.1 3.2 3.3 3.4 Kadirova, Diloro (Jan 28, 2010). "Interview with Ms. Maria Bashir, Chief Prosecutor of Herat Province". UNODC, Kabul.
  4. 4.0 4.1 Baker, Aryn (Apr 21, 2011). "The 2011 Time 100 : Maria Bashir, Law enforcer". Time. Archived from the original on April 24, 2011.
  5. Office of the Spokesperson (Mar 4, 2011). "International Women of Courage Award recipients - 2011". United States Department of State.
  6. 6.0 6.1 6.2 6.3 6.4 6.5 6.6 6.7 Garcia, Malcolm J. (January–February 2011). "Abusive Afghan Husbands Want This Woman Dead". Mother Jones.