Mathathane

Go tswa ko Wikipedia
Mathathane is located in Botswana
Mathathane
Location of Mathathane

Mathathane ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. Motse o o kwa lethakoreng jwa botlhaba jwa Botswana, gaotshwane le molelwane wa South Africa. Mo palo bathong ya ngwaga wa 2001 dipalo di ne di le 1,845.

Baithuti bangwe ga ba tsene sekolo sentle[fetola | Fetola Motswedi]

Kgosi ya Moralane Rre Keoganne Modisapodi a re bana ba ba nnang kwa dipolaseng le kwa merakeng ga ba tsene sekole sentle ka jaana ba felela ba natefelelwa ke botshelo jwa kwa merakeng.Kgosi Modisapodi o buile mafoko a o kwa Moralane mo phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke mothusa tona wa dikgaolo e bile e le mopalamente wa Mahalapye botlhaba Mme Botlogile Tshireletso bosheng.A re bana ba ba nnang kwa dipolaseng le kwa merakeng le batsadi ba felela ba tshaba sekole mme ba boele kwa merakeng.A re seemo se se tshwenya thata ka jaana Tebelopele ya 2016 e tlhalosa fa setshaba sa lefatshe leno se tshwanetse sa bo se rutegile e bile se itse mme a re fa bana ba felela ba sa tsene sekole go raya gore maikaelelo a a tlaa folotsa.Modisapodi o ne a ikuela mo batsading go rotloetsa bana ba bone go tlhoafalela thuto thata ka jaana e le boswa jo ope a ka se tsogeng a bo ba amoga.

E rile mo potsolosong ya lekalana la BOPA Mme Wame Papo yo e leng mogolwane wa Remote Area Depelopment Programme (RADS) mo kgaolong potlana ya Mahalapye a re ofisi ya gagwe e dira ka natla go bona gore bana bao fela jaaka bana ba ba mo mafelong a go nang le dikole ba bona thuto. Papo a re bana ba tennyanateng ba tsena se sebotlana kwa Otse le Mokgenene e bile ba nna mo sekoleng.A re baithuti ba dikole tse dikgolwane ba mafelo a tennyanateng le bone ba tsena kwa mafelong a go nang le boroko mo sekoleng, a re se se direlwa gore baithuti le batsadi ba se ka ba nna le seipato sa gore ga ba na boroko.A re ba a tle ba nnele dithuto puisano le batsadi e le mangwe maikaelelo a go ba lemotsha mosola wa thuto mo baneng, mme a re batsadi ba felele le bone thusa go rotloetseng bana go ya sekoleng.O ne a tlhalosa fa maduo a bana ba ka bontsi a sa kgatlhise, mme fela sebe sa phiri ke gore fa gare ga ngwaga baithuti ba ba dira sentle fela thata mme ka ditlhatlhobo tsa makgaolakgang ga ba dire sentle.Papo a re go botlhokwa thata gore bana ba e re ba fetsa kwa dikoleng tse ditona jaaka mmadikole ba bone tiro seo se ka rotloetsa bana ba bangwe gore ba kgatlhegele sekole[1].

Matimela a jesetsa mo kgobedung[fetola | Fetola Motswedi]

Go oketsega ga dikgomo tsa matimela mo dikgaolong tsa Maobolwe, Semolale le Gobojango ga di jese banni ba koo diwelang.Modulasetilo wa mophato (cluster) wa Gobojango, Kgosi Keabetswe Mokgethi, o tlhaloseditse BOPA gore dikgomo tsa matimela di di ntsi thata e bile di ba senytsa mo masimong.A re di fetsa mafulo a dikgomo tsa bone mme kgabagare di bake kgothego ya lefatshe ka e bile dikgaolo tseo di na le dipula tse di boutsana.Kgosi Mokgethi a re go oketsega ga matimela go ka rotloetsa tlhagogo ya malwetse a dikgomo ka dikgomo tse di sena tlhokomelo jaaka go kentelwa malwetse a a farologanyeng.O tlhalositse gore matimela a rotloetsa bogodu jwa leruo ka bontsi jwa dikgomo tsa matimela di sena tshipi le letshwao.Kgosi Mokgethi o tlhalositse fa maloko a mephato ya Maobolwe, Semolale le Gobojango (MASEGO) ba ikaeletse go thusa ba matimela ka go phutha dikgomo tsa matimela.

E rile a tshwaela, a tlhalosa fa melao mengwe e kgotlhakgotlhana le ya matimela. Are se se dira gore ba matimela ba palelwe ke go tsaya kgato. O supile fa melawana ya matimela e letla ba matimela go bolaya dikgomo tse di siang mme ba rekisetse morafe nama, mme melawana ya thekiso nama (meat industry & hygiene act) e sa lete go bolaela dikgomo mo nageng le thekiso ya nama ko ntle ga marekisetso a nama.O gakolotse fa nako e tsile ya gore melawana ya matimela e megologolo e ka sekasekwa[2].

Dipadi tse dingwe[fetola | Fetola Motswedi]

  1. http://www.dailynews.gov.bw/cgi-bin/news.cgi?d=20110411
  2. "Archive copy". Archived from the original on 2016-10-14. Retrieved 2022-05-13.{{cite web}}: CS1 maint: archived copy as title (link)

Dikgoge tse dingwee[fetola | Fetola Motswedi]

Mathathane