Maun

Go tswa ko Wikipedia
Maun
Maun is located in Botswana
Maun
Maun (Botswana)
Kgaolo
North-West
Setshaba
55,784
Theo
1915

Maun ke toropo ya Ngamiland. Maun ke Motse mogolo wa bokone bophirima lefelo le le itsegeng ka leina la Ngamiland mo Lefatsheng la Botswana. Motse wa Maun o na le batho ba ka tshwara dikete tse makgolo a matlhano. Dipalo tse di dirwa ke merafhe ee farologanyeng e fitlhelwa gone mo motseng wa Maun.

Banni ba Motse wa Maun[fetola | Fetola Motswedi]

Okavango Delta

Merafe ya motse wa Maun e akaretsa batawana ba ba tshwereng se tilo sa bogosi jwa motse wa Maun, Bayei,Basarwa le Banbukushu. Go tswa go lowe kgosi ya motse wa Maun e tswa mo morafeng wa Batawana. Kgosi ya ntlha Ya motse wa Maun e ne ele Letsholathe II, yo irileng go thokafaleng ga gagwe go tse ngwana wa gagwe e bong Tawana Moremi. Kgosi Tawana Moremi o tshwareletswe bogosi ke kgeetsedie e bong Kealitile Moremi.

Tsela e go tshelwang ka yone mo Maun[fetola | Fetola Motswedi]

Maun ke lengwe la mahelo aa humileng ka ditsatholego mo lefatsheng la Botswana. Banni ba motse wa Maun ba tshela ka go lema go tswa bogologolong. Merafhe ya Bayei, Batawana ke batho ba ba digogang ko pele mo temong. Dijo tse di lemiwang di akaretsa magapu, maraka, mabele, mmedi le tse dingwe. E ke tsela e batho ba itirelang dijo ka teng. Go lema go dirwa fela ka paka ya dipula ee simolong ngwaga o ya fifing. Di dirisiwa tsa temo di akaretsa dikgomo, ditonki le megoma. Bosêng batswana ba motse wa maun ba lema ka terekere ga bangwe ntse ba tshwere mo mokgweng wa maloba.

Godimo ga moo batho ba motse wa Maun ke barui ba dikgomo, ke ka mong motse wa Maun ele mengwe ya metse ee nang le dikgomo tse dintsi mo lefatsheng la Botswana. Thuo mo motseng o ga se ya kgomo hela ke ya leruo lotlhe ka kakaretso ebong dipodi, dihutshane,dipitse le ditonki hela jalo. Leruo le lone fela jalo ke motswedi wa dijo jaaka batho ba bona masi mo dkgomong le dipodi ke sa lebale le nama.

Ditsatlholego[fetola | Fetola Motswedi]

Mo motseng go fitlhelwa mantle entle a tholego a akaretsa mefuta ya dithare tse di farologanyeng jaaka dithare tsa maungo ebong motshaba, motsetsentsela, moroja, moretologa le tse dingwe tse dintsi. Le dithare tse di jewang ke leruo fela jalo le majang a a farologanyeng. Gona le losika la dithare tsa mengana ebong mogotho, mongana le mosu. Mefuta ya bojang e akaretsa phoka, mokakama le e mengwe. Motse wa Maun o kgabile ka motswedi wa metsi aa elelang ebong noka ya thamalakane ee tisang botshelo mo motseng wa Maun.

Bojanala Mo Maun[fetola | Fetola Motswedi]

Motse wa Maun o tumile thata ka go nna kgoro ya bojanala mo Lefatsheng la Botswana, Maun ke motse o ditsela di nna mafaratlhatlha teng. Ka gore bajanala ba feta ka Maun goya Okavango Delta ga mmogo le bo Chobe National Park le mafelo a mangwe jalo jalo. Maun o le mafelo a a amogelang bajanala aa maemo a ntlha jaaka bo Sedie hotel, Maun Lodge, Rileys hotel, Kamanga Lodge le amangwe ke ka nankolo a ka tatsa tsebe e.

Thamalakane River[fetola | Fetola Motswedi]

Noka ya Thamalakane e bonwa mo lefatsheng la Botswana mo Africa mo motseng wa Maun kwa bofelong jwa borwa jwa makgobokgobong a Okavango. Noka ya Thamalakane ke mengwe ya metswedi ya noka ya okavango. Noka ya Thamalakane e nale diphologolo tsa metsi e bong dikwena,dikubu le dithapi. Noka thamalakane ke ngwe ya ditsatholego tse e leng tsone di o kang bajanala go tla mo motseng wa maun. Noka e ke yone e tlokafatsang matshelo a banni ba motse wa Maun ka e ba thamela ditiro gape e ba thusa ka dithapi le Tswii ka ele dingwe tsa dijo tse ba tshelang ka tsone,Banni ba Maun ba dirisa noka e go itlhabisa phefo ka nako ya thamalakane.

Dikolo tse di fithelweng mo motseng wa Maun[fetola | Fetola Motswedi]

Mo motseng wa maun go nale dikolo dile mmalwa tse di fithelweng mo motseng o. Go fithelwa dikolo ka go farologana mo motseng o tsa dithuto (primary schools) tse di potlana le tse di fa godingwana (juniour schools) le tse di tlhagolelang tsela goya ko bo godingwana (senior schools) le tsa bo mma dikolo (univesities) le tsa ithutelo tiro ya diatla. Dikolo tse di potlana tse di fithelwang teng ke tse di latelang Bonatla,Mathiba,letsholathebe,moremi,Botshwelelo,sekgoma,Boyei,Matola bontsi jwa dikolo tse di reeletswe ka maina a dikgosi ko ntle ga dile tharo e bong Bonatla,Matola le Boyei.

Moepo wa Maun[fetola | Fetola Motswedi]

Moepo wa maun o fithelwa mo motsaneng o mabapi le maun o bitswana Toteng o sekgele sa dikilomethara dile masome a marataro le borataro go tswa mo motseng wa maun.