Mefuta ya dijo tsa lefatshe la Botswana

Dijo tsa Botswana di pharologanyo mme go na le fa di tshwanang teng le dijo tse dingwe tsa mo Borwa jwa Aforika . Dikai tsa dijo tsa Setswana di akaretsa phaleche, setampa, magwinya, bogobe le diboko tsa mophane (phane). Dijo tse di kgethegileng tsa Botswana ke seswaa, e leng nama e e thugilweng e lokilwe ka letswai.
Tshekatsheko
[fetola | Fetola Motswedi]Go dumelwa fa magapu a tlholegile mo Botswana. [1]Dijo tse dingwe di akaretsa morogo wa dinawa, madila le dikgobe .
Batswana ba reka nama ya kgomo, nama ya podi, nku, koko ya setswana, diboko tsa Mophane(phane) le ditlhapi mo gae. Batswana gape ba dira dino tse di itirelwang mo malwapeng ba dirisa legapu, morula le lerole la gemmere. [2] Mo manyalong, bopi jwa mabele gantsi bo a apewa a bo bo tlhakanngwa le marotse mme motswako o o bidiwa bogobe jwa lerotse . Gantsi marotse a a baakanngwa pele go dirisiwa madila mme a bolokwe go dirisiwa nako le nako fa go tlhokega. Batswana gape ba na le matsipa a go somarela dijo . Gareng ga mefuta e mengwe ya go somarela dijo, ba boloka nama ka go e kgaola ka boleele jo bonnye jaaka megala, morago ga moo a bo ba e anega. Fa nama e ntse jaana, e bidiwa digwapa . Gape ba apaya le go omisa matlhare a dinawa. Gape go tlwaelesegile mo Batswaneng go dira mageu ka bogobe/motogo o o setseng kgotsa phaleche. Merafe e mengwe gape e somarela nama e e senyegang kgotsa e bola ka go e omisa gore e dirisiwe jaaka seshabo lebaka le le telele. Mofuta o wa nama o bidiwa mokungwana . Dijo tse dingwe tse di apewang ka nako ya manyalo ke setampa se se tlhakantsweng le dinawa kgotsa se apeilwe go sena dinawa mme se jewe le nama e e thugilweng e e bidiwang seswaa .
Metswako/tsa kapei
[fetola | Fetola Motswedi]Mebaraka ya Botswana e tletse ka mefuta e le mentsi ya dijo. [3] Tse dingwe di jalwa mono gae di godisiwa ka go nosetswa mme tse dingwe di rekwa go tswa kwa mafatsheng a a mabapi. Nama e ntsi ya kgomo ya maemo a a kwa godimo e ruiwa mo Botswana. Dinama tsa nku le dikwana, tsa koko le tse dingwe le tsone di dintsi . Nama ya kgomo ke yone e e ratiwang thata, mme e latelwa ke nama ya podi. Tlhapi tsa noka le tsone ke karolo ya dijo tsa Botswana. [3]
Mabele le mmidi ke tsone dijalo tse di lengwang thata mo Botswana. Korong le raese le mefuta e mengwe ya ditlhaka tse di sa lengweng mono gae di rekwa go tswa kwa ntle. Go jalwa mefuta e le mentsi e e farologaneng ya dinawa, go akaretsa dinawa tsa cowpeas, ditloo, le letlhodi ( dinawa tsa mung ). Matonkomane ( manoko ) le one a jalwa. Go jalwa merogo e le mentsi jaaka sepinashe, digwere, khabetšhe, dikwii, ditapole, ditamati, dipotata le lethisi . Go na le merogo mengwe e e golang mo nageng e e leng teng ka dipaka tse di akaretsang thepe le delele (okra). Matlhare a dinawa(morogo wa dinawa) a a omisitsweng ke dijo tsa Setswana tse di ratiwang thata.
Maungo a le mantsi a teng mo lefatsheng leno, a akaretsa le morula . Magapu, a go dumelwang fa a tlholegile mo Botswana, [4] [3] a mantsi ka paka ya one. Mofuta o mongwe wa magapu, o o bidiwang lerotse kgotsa lekatane, le one a a jalwa. Go na le mefuta mengwe ya magapu a naga a a fitlhelwang mo dikgaolong a a motlhaba a sekaka tse e leng motswedi o o botlhokwa wa dijo le metsi mo bathong ba ba nnang mo dikgaolong tseo. Merogo e le mentsi ke ya dipaka mme gantsi e a omisiwa kgotsa e tsenngwa letswai gore e somarelwe. Go na le ditsela tse dintsi tse di farologaneng tsa go apaya merogo e e omisitsweng.
Dijo tse di tumileng
[fetola | Fetola Motswedi]
Seswaa, tshotlho kgotsa leswao (nama ya kgomo e e thugilweng) ke sejo sa setso se se tumileng se se diretsweng mekete e e faphegileng ka bontsi. Gantsi e apewa ke banna, e apewa mo pitseng ya tshipi e e maoto a mararo, e a bedisiwa go fitlhela e butswa thata mme e lokwa letswai fela, mahura le metsi. Gantsi e apewa go dirisiwa nama ya podi kgotsa ya kgomo mme ke sejo se segolo mo dijong tse di amanang le meletlo ya setso jaaka diphitlho le manyalo. [5]
Mofuta o mongwe ke serobe, se mo go sone mala le mateng a mangwe a podi, nku kgotsa kgomo a apewang go fitlhela a butswa thata. Pele fa go apewa, mala a a tlhatswiwa thata ka kelo tlhoko. Fa phologolo e le nku kgotsa podi, ditlhako di a akarediwa. Gore dijo tse di nne serobe, go dirisiwa sekere se se dirisiwang go kgebetlelela nama go kgebetlelela mala go nna dikarolwana tse dinnye.
Mofuta o mongwe wa nama ke wa koko. Koko e e godisiwang ka tsela ya setso ( e e iphataphatelang ) e tsewa e le monate go feta dikoko tse di godisiwang tsa kgwebo. Go apeela moeng koko e e godisitsweng ka tsela ya setso, go bonwa go supa kamogelo e e kgethegileng. Go apaya koko mo pitseng ya tshipi ya maoto a mararo mo molelong kwa isong go e e fa tatso e e gaisang. Nama ya koko gantsi e jewa ka madombi kgotsa phaleche.
Bogobe bo dirwa ka go tsenya bopi jwa mabele, mmidi kgotsa lebelebele mo metsing a a belang, a bo go fuduiwa go fitlhela motswako o nna boleta, mme morago bo apewe ka iketlo. Dinako tse dingwe mabele kgotsa mmidi a bedisiwa malatsi a le malwa pele ga a apewa go dira gore a nne botlhokonyana. Dijo tse di bidiwa ting . Motogo yo o botlhokonyana yo o ka apewa mme wa jewa ka nama kana mashi le sukiri. Kwa ntle ga mashi le sukiri, Tsela e nngwe ya go dira bogobe jwa ting(motogo) ke go tsenya madila le lerotse. Dijo tse di bidiwa tophi ke morafe wa Bakalaka.
Bopi jwa borotho ga se karolo ya dijo tsa ntlha, mme bo ntse bo rekwa go tswa kwa ntle dingwaga di le mmalwa, ka jalo go na le dikapei tse di farologaneng tsa borotho tse di nnileng karolo ya dijo tsa mo lefatsheng la Botswana. Tse di tlwaelesegileng thata ke matlebelekwane kgotsa madombi , dikuku tse di sephaphathi ( diphaphatha ) le dikuku tse di mafura ( magwinya ). Mo go tsone, bopi kwa borotho bo a dubiwa pele mme bo apewe ka ditsela tse di farologaneng jaaka go bo bedisa mo nameng, go bo apaya mo mafureng kgotsa magala a a molelo go ribegilwe sethibo sa pitsa ya tshipi.

Dijo tse di tumileng kwa dikgaolong tse di kgakala di akaretsa nawa ya morama, digwere tse ditona tse di ka fa tlase ga mmu, le thuthuntshwane e e jewang . Seboko sa Mopane, se e leng seboko sa mmoto wa Gonimbrasia belina, se apewa mo moloreng o o molelo, kana se bedisiwa, kgotsa se omisiwa mme morago se gadikiwe.
Dino
[fetola | Fetola Motswedi]Dinotsididi di le dintsi le dinotagi di dirwa mo madirelong mo Botswana, di akaretsa Fanta le Coca-Cola . Tsa maina a mo gae ke tsa dibiri tsa Castle le Lion .Mashi a a bedisiwa go dira madila ( mashi a a botlhoko) a a jewang a le nosi kgotsa a tsenngwa mo bogobeng . Seno se se ratwang thata se se senang bojalwa se itirelwa mo lwapeng ke gemmere . Seno se se nowa thata mo meletlong e e kgethegileng jaaka manyalo le mekete. E dirwa ka go bedisa bopi jwa gemmere mo metsing, a bo go tsenngwa sukiri, setlhoko sa thathariki le motswako wa khirimi ya tartar morago ga moo e tlogelwe go tsidifala le go bedisiwa letsatsi le le lengwe.
Go na le mefuta ya dinotagi tsa setso. Bojalwa ja Setswana bo titielwa go dirisiwa dipeo tsa mabele tse di bedisitsweng. Merafe e mengwe, jaaka Bakalaka, e dirisa lebelele. Bojalwa jwa kgwebo jo bo dirwang a bo bo phuthelwa jwa Chibuku, bo titietswe ka mmidi kgotsa mabele, ke seno se se ratwang thata segolobogolo mo magaeng, mo ditoropong le mo dikarolong dingwe tsa ditoropo-kgolo. Chibuku gape e titielwa mo mafatsheng a a mangwe a mabapi jaaka Malawi, Aforikaborwa ( Umqombothi ) Zambia le Zimbabwe . Khadi, e e titietsweng ka metswako e e farologaneng, e e itekanetseng go gaisa mo go yone e le diberi tsa naga, le yone ke seno se se tagang se se nowang thata ke ditlhopha tse di amogelang madi a mannye. [6]Go na le dino tse dingwe tsa dimintsi tse di bidiwang kgomodimetsing le longman. Ke matlhare a gantsi a tlhakanngwang le tee go dira tatso e e monate le monko yo o monate.
Bona gape
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Hughes 2013.
- ↑ "Botswana Travel Guide - Everything You Need To Know". A Luxury Travel Blog. Retrieved 2021-05-20.
- 1 2 3 "BW Lifestyles". BotsOfficial BW. Retrieved 24 May 2020.
- ↑ "Food and Drink in Botswana". World Travel Guide. Archived from the original on 2017-02-25. Retrieved 13 November 2016.
- ↑ Molefhe 2007.
- ↑ "Food and Selected Dishes". Botswana Embassy. Archived from the original on 2013-09-11. Retrieved 2014-02-28.