Merwalela ya kwa lefatsheng la Mozambique ka ngwaga wa 2000

Go tswa ko Wikipedia

Morwalela kwa Mozambique ka ngwaga wa 2000 e ne e le sebetso sa tlholego se se diragetseng ka kgwedi ya Firikgong le Mopitlo ka ngwaga wa 2000. Morwalela o masisi ke pula e ntsi e e neleng lebaka la dibeke tse tlhano e e tlogetseng bale bantsi ba sena metse. Palo gotlhe ya ba ba tlhokagetseng e ne e le makgolo a ferabobedi fa mafelo a phodiso a selekanyo sa 1,400 km² a ne a amegile le dikgomo di le dikete tse masome mabedi di ile tsa swa le tsone.

E ne e le mengwe ya merwalela e e maswe thata mo lefatsheng la Mozambique mo dingwageng tse di masome a matlhano .[1]

Morwalela[fetola | Fetola Motswedi]

Mozambique ka kgwedi ya Phatwe ngwaga wa 1999 Ka nako ya merwalela ka kgwedi ya Mopitlwe ngwaga wa 2000

Merwalela e simolotse ka Tlhakole a tlhola borobabobedi ka dipula tse di neleng thata go kgabaganya Aforika Borwa , Botswana le Swaziland le one a ne a amegile. Mozambique o ne a amogela dipula tse di fetlang selekanyo mme toropo kgolo ebong Maputo ya nna le morwalela. Dipula tse di sa emeng tsa tswelela fela mo kgweding ya Tlhakole e tlhola lesome le motso, mo molapong wa Limpopo mo Mozambique, lotshitshi la noka ya Limpopo le ne la thubega , se sa tlhola ditshenyegelo tse di maswe; banni mo lefelong leo ba tsenwa ke malwetse. Ka kgwedi ya Ferikgong e tlhola malatsi a le mabedi setsuatsue sa Cyclone Leon–Eline se na sa tlhasela bontlhabongwe jwa Mozambique go bapa le Beira Ka kgwedi ya Firikgong e tlhola malatsi a le masome mapedi le bosupa merwalela e ne ya imelela mafelo a ko tlase a thuo ntlheng tsa Chokwe le Xai-Xai.

Batho ba ka feta dikete di le masome a mane le botlhano ba ne ba halotswa fa godimo ga borulelo jwa matlo, ditlhare le mo mafelong a mangwe a a kgaoganeng. Maiteko a a ne a dirwa ke batho bangwe ba Mozambique bale sekaenyana fela ba dikepe. Goromente wa Afrika Borwa, Malawi le Mozambique o ne a abela ba setlhopha sa thuso ya potlako difofane tsa lefetlho. Sengwe sa dikapo tse di neng di utwlisa botlhoko ka merwalela e e ne e le mme Sofia Pedro yo o neng a belegela mo setlhareng a dikaganyeditswe ken metsi. O ne a thuswa ke ba lephata la Afrika Borwa la sesolo sa difofane ba ba ileng ba mo fufisetsa le losea la gagwe kwa Chibuto. Kgatlo ka goromente le makalana a lefatshe ka bophara e le bonya. Didirisiwa tse di thusang di gorogile go tswa Europa le Bokone jwa Amerika morago ga beke tse tharo morwalela o simolotse.

Morwalela o amile themothuo ya Mozambique ka tsela e utlwisang bothoko. Bana ba ka nna bararo(????) baile ba latlhegelwa ke botshelo ka mabaka a tlala, ga ba sena go kgaoganngwa le masika a bone ba ba mo ditlhaketlhakeng.90% ya dikago tsa temo ya nosetso ya lefatshe le e ne ya senyega, go baka tlhathlegelo e kgolo ya temothuo. 1,400 km² ya mafelo a temo le mafudiso a ne a a lathlegela lefatshe le, e tlogela 113,000 metsana ya leruo e sena sepe.Dikgomo di le dikete tse masome a mabedi go begilwe fa di sa bonwe, ga bontsi go belaelwa di nwetse mo metsing kgotsa di amilwe ke bolwetsi. Melatswana e metona ya borwa jwa Beira e ne ya amiwa ke go tlala mo go feteletseng gwa dinoka.

Dikolo di makgolo a le marataro le masome a mararo di ne tsa tswalwa, di tlogela bana ba le dikete di makgolo a mabedi le lesome le bone le barutabana ba sena matlo a borutlelo. Dikago tsa botsogo di le masome a mane le bobedi di senyegile, di akaretsa sepatlela se setona sa Beira Central Hospital. Diphologolo di ne tsa bonwa di sule, jaaka di ne di feelwa ke maatla a magolo a metsi.

Goromente wa Mozambique o kopile $450 million mo mading a mafatshe ka bophara a thosu ya potlako kwa bokopano jo bo neng bo tshwaretswe kwa Rome ka kgwedi ya Motsheaganong ka ngwaga wa 200.

O ka tsibogela[fetola | Fetola Motswedi]

  • Merwalela ya kgaolo ya Borwa jwa Aferika ya 2010–2011

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Floods take a serious economic toll, Africa Recovery , 14(3):13

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Tempolete:Mozambique-stub Tempolete:Flood-stub