Jump to content

Miriame Makeba

Go tswa ko Wikipedia

Zenzile Miriam Makeba (4 Mopitlwe 1932 – 9 Ngwanaitseele 2008 ), yo o bidiwang Mama Africa, e ne e le seopedi sa Aforika Borwa, mokwadi wa dipina, modiragatsi, le molwela ditshwanelo tsa baagi . O ne a amana le mefuta ya mmino o o a karetsang Afropop, jazz, le mmino wa lefatshe lotlhe, e ne e le mmueledi kgatlhanong le tlhaolele le puso ya basweu mo Aforika Borwa.[1]

O belegwe kwa Johannesburg ka batsadi Maswati le Maxhosa, Makeba o ne a gapelletswa go batla tiro a sa ntse a le ngwana morago ga phitlho ya ga rraagwe. O ne a tsena mo lenyalo la ntlha le le mosotlaki a nale di jara tse 17, a belegwa ngwana wa gagwe a le esi ka 1950, mme o ne a fenya kankere ya matsele. bokgoni ba gagwe gagwe ya lentswe e ne ya lemogiwa fa e ne le ngwana, mme o ne a simolola go opela ka tsela ya seporofešenale ka ngwaga wa 1950, le Cuban Brothers, Manhattan Brothers, le setlhopha sa basadi botlhe, Skylarks, ba diragatsa motswako wa jazz, melodi ya setso ya Aforika, le mmino o o tlwaelegileng wa Bophirima. Ka ngwaga wa1959, Makeba o ne a nna bokgoni jo bo khutshwane mo filiming e e kgatlhanong le tlhaolele ya Come Back, Africa, e e neng ya dira gore a tlhokomeliwe ke dinaga di sele, mme ya dira gore a diragatse kwa Venice, Lontone, le kwa New York City. Kwa Lontone, o ne a kopana le seopedi sa Moamerika Harry Belafonte, yo o neng a nna moeteledipele le modirimmogo le ene. O ne a fudugela kwa New York City, kwa a neng a itsege gone ka bonako, mme o ne a ntsha alebamo ya gagwe ya ntlha a le esi ka 1960. Maiteko a gagwe a go boela kwa Aforika Borwa ka ngwaga wa phitlhong ya ga mmaagwe a ne a thibelwa ke puso ya naga eo.[2]

Tiro ya ga Makeba e ne ya atlega kwa United States, mme o ne a ntsha di alebamo le dipina di ntsi, tse di ratiwang thata pina ya Pata Pata " (1967). O ne a amogela Sekgele sa Grammy sa Kgatiso e e Gaisang ya Setso ka alebamo ya bone ka 1965 ya An Evening with Belafonte/Makeba . O ne a neela bosupi kgatlhanong le puso ya Aforika Borwa kwa lekgotleng la Ditšhabakopano mme a nna le seabe mo mokgatlhong wa ditshwanelo tsa baagi . O ne a nyala Stokely Carmichael, moeteledipele wa Lekoko la Black Panther, ka 1968, mme ka ntlha ya moo a latlhegelwa ke tshegetso mo gare ga Maamerika a basweu. Visa ya gagwe e ne ya phimolwa ke puso ya United States fa a ne a ya kwa dinageng tse dingwe, mme seno sa dira gore ene le Carmichael ba fudugele kwa Guinea. O ne a tswelela go diragatsa, bontsi jwa nako kwa dinageng tsa Aforika, go akaretsa le kwa meletlong e le mmalwa ya boipuso, O ne a simolola go kwala le go diragatsa mmino o o neng o kgala tlhaolele ka tlhamalalo; pina ya 1977 ya " Soweto Blues ", e neng e kwadilwe ke monna wa gagwe wa pele Hugh Masekela, e ne e bua ka dikhuduego tsa Soweto .Morago ga gore tlhaolele e phatlaladiwe ka 1990, Makeba o ne a boela kwa Aforika Borwa. O ne a tswelela go rekota le go diragatsa, go akaretsa le alebamo ya 1991 le Nina Simone le Dizzy Gillespie, mme a tlhagelela mo filiming ya 1992 ya Sarafina! . O ne a bidiwa Moemedi wa FAO wa Bopelonomi ka ngwaga wa 1999, mme a tlhotlheletsa ditiro tsa botho. O ne a bolawa ke bolwetse jwa pelo ka nako ya konsarata ka 2008 kwa Italy.[3]

  1. https://www.miriammakeba.co.za/
  2. https://m.imdb.com
  3. https://www.miriammakeba.co.za