Mmidi/Mmopo

Go tswa ko Wikipedia
Mmidi o o omisitsweng (Kabu)

Mmidi/Mmopo ke Setlhatshana se se simolotseng go lemiwa ke beng gae ba ko lefatsheng la Mexico dingwaga di le 10 000 tse di fitileng. Setlhotlha sa mmidi se ntsha bana mo ditsejwaneng tsa one mo eleng maungo a a felelang a nna le dipeo tsa mmidi tse ka sekgoa di bidiwang kernels.
Mmidi/mmopo le o na ke kuno e e botlhokwa jaaka mabele. Dilo tse dintsi tse o di dirang ka mabele o ka di dira ka mmidi. Le fa e le gore bakwadi ba maloba ba bua fa mmidi o tlile ka Bapotokisi mo Aforika Borwa, le o na o botlhokwa thata mo temothuong ya Batswana. Jaaka mabele, o ka dira momela ka mmidi mme wa apaya bojalwa. Go mefuta e le mebedi e e tlwaelegile ya mmidi, ke o mošhibidu o gantsi o jewang ka go o besa le go o apaya ka metsi o sa photliwa mo seakong, le go apaya kabu, dikgobe le mohubiswane, ga mmogo le go fepa dikgogo. Fa o bona mmidi o mošhibidu o direle bopi o itse gore leuba le tlhasetse. Mmidi o mosweu o dira bopi/phaleshe thata mme fela ka bobedi e dira sengwe le sengwe se se tshwanang.


Mmidi/Mmopo o fetogile dijo tsa mo gae tsa lefatshe mo mafatshe fatsheng ka dipalo tse di ntsi tse di fetang tsa wheat kana raese. Mmidi kgotsa mmopo o kgona go se jewe fela o ntse jalo, mmidi e mengwe e ka dirisiwa go apaya bojalwa, dijo tsa diphologolo</nowiki>, le tse dingwe tse di diriwang ka mmidi.Go na le mefuta ya mmidi kgotsa mmopo e le thataro e e akaretsang dent corn,flint corn,pod corn,pop corn,flour corn, and sweet corn.

[1]

Dikgang ka mmidi/mmopo[fetola | Fetola Motswedi]

Guilá Naquitz Cave in Oaxaca, Mexico is the site of early domestication of several food crops, including teosinte (an ancestor of maize).[2]

Bontsi jwa batho ba dumela gore mmidi kgotsa mmopo o ne o tlholega kwa Tehuacan Valley ya Mexico. Ditlhatlhobo tsa se gompieno di supa gore o tlholega thata kwa Balsas River kwa legareng la lefatshe la Mexico.

Bokete jwa temo bo na le seabe mo mmiding. Mefuta ya go lema mo mafatsheng a itsholelo e e kotlase a ineetse mo go lemeng ka botona mo go feletsang go ntsha tsebe ele ngwe ka setlhotlha.[3]  

References[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Linda Campbell Franklin, "Corn," in Andrew F. Smith (ed.
  2. Benz, Bruce F. (2005). "Archaeological evidence of teosinte domestication from Guilá Naquitz, Oaxaca". Proceedings of the National Academy of Sciences. National Academy of Sciences of the United States of America. 98 (4): 2104–2106. doi:10.1073/pnas.98.4.2104. JSTOR 3055008. PMC 29389. PMID 11172083.
  3. Common Corn Questions and Answers, Iowa State University of Science and Technology, Agronomy Extension, 2011