Mmusa Ohilwe

Go tswa ko Wikipedia

Mmusa Ohilwe yoo tshotsweng ka kgwedi ya Moranang e tlhola malatsi ale lesome le bosupa ngwaga wa 1986 ke motshameki wa kgwele ya dinao wa motswana yoo a neng a tshamekela setlhopha sa Extension Gunners seo semo legeng ee kwa godimo ya kgwele ya dinao ya Botswana. O tlhageletse makgetho a le masome a mabedi le borobabongwe mo setlhopheng sa kgwele ya dinao sa sechaba sa Botswana.

Botshelo mo ditlhopheng tsa kgwele ya dinao[fetola | Fetola Motswedi]

Mmusa o simolotse tiro ya gagwe jaaka motshameki mo setlhopheng sa lega e tona ya Botswana sa Botswana Meat Commission (BMC FC) ka ngwaga wa 2005 pele gaa chencha lewa a okgolaganya le setlhopha sa Township Rollers ka ngwaga wa 2007 koo aileng a tshameka paka tse pedi fela pele a boela kwa a simolotseng teng kwa  BMC. Ka ntlha ya go nna le maitemogelo aa kwa godimo mo tshireletsong, Ohilwe one a ya ditekeletsong kwa Greece koo aileng a bowa teng go golagana le setlhopha sa Gaborone United le sa BMC kago tlhomagana  pele  ga aya Extension Gunners ka kgwedi ya Firikgong ngwaga wa 2014, morago ga go boa kwa ditekeletsong tse di atlegileng sentle lefa ntswa ane aseka a nna ka mabaka ago nna le makgwere mo  tsamaisong kwa  Vietnam.

Seabe sa gago mo setlhopheng sa sechaba[fetola | Fetola Motswedi]

O tlhageletse makgetho a le masome a mabedi le borobabongwe mo setlhopheng sa sechaba  mme ebile gape e nnile  mongwe wa batshameki bao ba neng ba dira ditso ka go iponela phatlha mo metshamekong ya sejana sa mafatshe a Aforika ka ngwaga wa 2012 ele la ntlha.

Dinno mo setlhopheng sa sechaba[fetola | Fetola Motswedi]