Modirisi:Gogontsi

Go tswa ko Wikipedia

Telkom Netball League 2024

Telkom Netball League, e e simolotseng ka ditlhopha di le lesome fa e ne e tlhomiwa ka 2014, jaanong e tla nna le ditlhopha di le lesome le borataro mme setlhopha sa Tsukudu sa porofense ya Bokone Bophirima e tla nna setlhopha sa bofelo go tsenngwa mo lenaaneng. Setlhopa se se senotswe ka nako ya go simololwa ga Telkom Netball League (TNL) ya 2024, e e neng e tshwaretswe kwa Sandton ka Labone thapama. Tshukudu e tla nna setlhopha sa ntlha sa netball go tswa kwa porofenseng go dira jalo. Seno se raya gore diporofense tsotlhe tse robongwe di tla bo di emetswe mo lenaneong la ngwaga ono la TNL