Jump to content

Molepolole

Go tswa ko Wikipedia

Molepolole ke motse o mogolo mo Kgaolong ya Kweneng, Botswana.

Batho ba ba nnang kwa Molepolole ba bidiwa Bakwena, mme ke mongwe wa merafe e le robedi e megolo ya kwa Botswana. Bakwena Kgosi (Kgosana), Sebele I e ne e le mongwe wa dikgosana tse tharo tse di neng tsa ya kwa Engelane go ya go batla tshireletso go tswa go Ba Brithane ka nako ya bokoloniale.[1]Molepolole ke motsemoshate wa Bakwena. E ne ya reelelwa ka Noka ya Molepolole.

Ke nngwe ya metse e megolo ya seAfrika e e nang le baagi ba ba fetang 73,102 go tloga ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le bongwe. [2]E dikilometara di le masome a matlhano kwa bophitso mo rima jwa Gaborone e e leng motsemogolo wa bosetšhaba mme e dira jaaka kgoro ya go tlhatlhoba Sekaka sa Kalahari.

E na le kgotla e kgolo ya setso le kokelo ya Scottish Livingstone.

Ntsweng e ne e le motsemoshate wa Bakwena pele ba fudugela kwa Molepolole. Ntsweng ke lefelo la ditso le le dikilometara di le mmalwa go tswa kwa borwabotlhaba jwa Molepolole. Lefelo leno le ne la simololwa go nniwa ke Bakwena, ba ba neng ba eteletswe pele ke Sechele I (o ne a busa ka 1829 -92), ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabobedi le masome a marataro le bone . E ne ya tlogelwa ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a mararo le bosupa fa Bakwena ba ne ba patelediwa go fudugela kwa Molepolole ke Kgari II, ba thusiwa ke balaodi ba bokoloniale. [3]Ntsweng gompieno e na le kgaolo e kgolo e e nang le masalela a batho ba ba neng ba nna mo go yone. Se se tlhomologileng thata ke dipopego tsa maje a a beilweng mo matlhakoreng a one a a bopang motheo wa ntlo o o sa ntseng o bonala mo godimo ga lefatshe. Gape go na le matlotla a se e kileng ya bo e le ofisi ya ga Sebele II e gone jaanong e bidiwang ntlo ya ga Mmakgosi. Marope a kago eo a gaufi le lefelo le pele e neng e le la segosi kwa Ntsweng mme gone jaanong ke la mabitla a segosi. Go bonala mekoloko e le mmalwa ya marope e emela dipota tse di farologaneng. Go tlhatlhoba tsela e lefelo leno le neng le rulagantswe ka yone le go tsaya disampole tsa mmu go bontsha gore gantsi dikgomo di ne di nna mo bogareng jwa kgaolo nngwe le nngwe. Se se lebega se latela "sekao sa dikgomo tsa bogareng", sekaelo sa kgopolo sa thulaganyo ya dikago tsa bodulo gareng ga batho ba Banthu ba borwa, koo go bewa ga kraal mo bogareng go supang seabe se segolo sa dikgomo mo setsong le mo mogopolong wa batho. [4]

Puso le mafaratlhatlha

[fetola | Fetola Motswedi]
  • Tirelo ya Dikgolegelo ya Botswana (BPS) e tsamaisa Kgolegelo ya Molepolole. [5]
  • Seteishene sa Mapodise sa Molepolole
  • Kokelo Ya Scottish Livingstone
  • Lefelo la Thekiso la Mafenyatlala
  • Lebala la Molepolole

Molepolole ke legae la ditheo di le mmalwa tsa thuto tse di nayang thuto go tswa kwa sekolong sa poraemari go ya kwa maemong a thuto e e kwa godimo. Ditheo tsa thuto e kgolwane kwa Molepolole di akaretsa Molepolole College of Education e e nayang dipoloma ya thuto le Institute of Health Sciences e e nayang dipoloma ya Booki. Kgari Sechele Senior Secondary School ke yone fela sekolo se se laolwang ke puso kwa Molepolole mme e na le Botswana General Certificate of Secondary Education (BGCSE).

Go na le dikolo di robabobedi tse di laolwang ke puso kwa Molepolole, e leng:

Sekolo se Segolwane sa Masilo,

Boitshoko Junior Secondary School,

Kwena-Sereto Junior Secondary School,

Sedumedi Junior Secondary School,

Sekolo sa Sekontari sa Motswasele,

Tshegetsang Junior Secondary School,

Dithejwane Junior Secondary School le

Sekolo se Segolwane sa Moruakgomo.

Go na le dikolo tse dipotlana di le lesome le bosupa tse di tsamaisiwang ke puso kwa Molepolole e leng;

Phuthadikobo Primary School,

Sekolo se sebotlana sa Bokaa,

Sekolo se sebotlana sa Magokotswane,

Sekolo se sebotlana sa Suping,

Sekolo se sebotlana sa Kutlwano,

Sekolo se sebotlana sa Boribamo,

Sekolo se sebotlana sa Neale,

Sekolo sa Bosetšhaba se sebotlana sa Bakwena,

Sekolo se sebotlana sa Kealeboga,

Sekolo se sebotlana sa Sebele,

Sekolo se sebotlana sa Lewis Memorial,

Sekolo sa Motheo sa Bonewamang,

Sekolo se sebotlana sa Segopotso sa Cannon Gordon,

Sekolose sebotlana sa Borakalalo,

Sekolo se sebotlana sa Lephaleng,

Sekolo sse sebotlana sa Louw le

Sekolo se sebotlana sa Lekgwapheng.

Dikolo tsa poraefete di akaretsa Bluebows English medium school e e nayang dikolo tsa pele ga sekolo, sekolo sa poraemari le sekolo se segolwane le Kweneng International Secondary School. Dikolo tse dingwe tse nne tsa poraefete ke Shepherd English Medium, Al-haq English Medium, Kgomotso English Medium Primary School (e jaanong e leng Regent Hill) le Emmanuel Adventist Academy (e e kileng ya bo e le Meadows English Medium) tse di nayang thuto ya pele ga sekolo le ya poraemari fela. Gape go na le Nampol Technical College e e leng setheo sa poraefete sa thuto e e kwa godimo.

Kgosi Sebele wa Bakwena ke mongwe wa dikgosi tse tharo tsa Batswana ba ba ileng ba ya ko ga Mmamosadinyana (England) go ya go kopa tshireletso mo Maburung ba ba neng ba ikgagapelela lefatshe.

Mission house mo Molepolole
sekolo sa Kgari Sechele
sepatela sa Scottish Livingston

Kgosi kgolo ya motse ka nako eno (2006) ke Kgari Sechele. O tsere bogosi jwa gagwe mo go motshwarelela bogosi e bong Rre Kgosikwena Sebele, le fa go ntse jalo Rre Kgosikwema e rile go mo bo rolela ya seka ya nna kgetsi e potlana ka go bo a ne a re bogosi ga bo a lebana Kgari Sechele. Go ya ka tshekatsheko ya ditso tsa bakwena, go le bega ha bogosi bo ne bo lebagane Mokgalagadi Sechele, kgotsa mongwe wa bo monnawe. Le mororo go ntse jalo, Kgosi Kgari Sechele ke ene kgosi ya Bakwena mo bogompienong.

  • Molepolole College of Education
  • Molepolole Innstitude of Health Sciences (IHS)
  • Kgari Sechele Museum
  • Scottish Livingstone Memorial Hostpital

Dikgôsikgolo tsa Bakwena tse di fitileng

[fetola | Fetola Motswedi]
Dingwaga tse kgosi e busitseng ka tsone Kgosi Mekwalo
1770 go yeng 1785Motswasele I a Lekgwajane, Kgôsikgolo 
1785 go yeng 1795Seitlhamo a Motswasele, Kgôsikgolo 
1795 go yeng 1803Legwale a Seitlhamo, Kgôsikgolo 
1803 go yeng 1805Maleke a Seitlhamo, a tshwareletse Kgôsikgolo 
1805 go yeng 1807Tshosa a Seitlhamo, a tshwareletse Kgôsikgolo 
1807 go yeng 1822Motswasele II a Legwale, Kgôsikgolo 
1822 go yeng 1827Morwakgomo a Tshosa, Kgôsikgolo 
Ba kgaogana go nna makgamu a le mararo (1827-1853)
1827 go yeng 1834Kgama a Legwale, Kgôsikgolo 
1827 go yeng 1845Bobi a Tshosa, Kgôsikgolo 
1845 go yeng 1853Kgakge a Tshosa, Kgôsikgolo 
1827 go yeng 1829Segokotlo a Legwale, a tshwareletse Kgôsikgolo 
1829 go yeng 1831Molesê a Legwale, a tshwareletse Kgôsikgolo 
1831 go yeng 1853Setshele I a Motswasele Rra Mokonopi, KgôsikgoloGo nneng kgosi ga gagwe go ne ga kopanya baKwêna
Bokopano
1853 go yeng 25 September 1892Setshele I a Motswaselev Rra Mokonopi, Kgôsikgolo 
1892 go yeng 23 January 1911Sebele I a Setshele, Kgôsikgolo 
1911 go yeng 1918Setshele II Kealeboga a Sebele, Kgôsikgolo 
1918 go yeng 1931Sebele II Kelebantse a Setshele, Kgôsikgolo 
1931 go yeng 195?Kgari I a Setshele, a tshwareletse Kgôsikgolo 
195? go yeng 1962Kgari I a Setshele, Kgôsikgolo 
1963 go yeng 21 September 1970Neale a Baruti, Kgôsikgolo
(Neale Sechele)
 
October 1970 go yeng 1978Bonewamang a Padi, Kgôsikgolo
(Bonewamang Padi Sechele)
 
1979 go yeng 19??Setshele III, Kgôsikgolo
(Mack Sechele)
 
19?? go yeng March 1996Moithali a Setshele, Kgôsikgolo
(Mothali Sechele)
 
1996 go yeng January 2002Kgosikwêna a Sebele, a tshwareletse Kgôsikgolo
(Kgosikwena Sechele)
 
17 August 2002 go yeng ...Kgari Bonewamang Sechele III, Kgôsikgolo
(Kgari Sechele)
 
  1. Parsons, Neil (2007-03-06). "Unravelling History and Cultural Heritage in Botswana". Journal of Southern African Studies. 32 (4): 667–682. doi:10.1080/03057070600995350. S2CID 145185548.
  2. "Kweneng East Sub District: Population and Housing Census Selected Indicators 2011. vol. 4.0" (PDF). 2015. Retrieved 26 May 2020.
  3. Schapera, Issac (1943). Native land tenure in the Bechuanaland protectorate. Alice: Lovedale Press
  4. Badenhorst, Shaw (2009). "The Central Cattle Pattern During the Iron Age of Southern Africa: A Critique of its Spacial Features". South African Archaeological Bulletin. 64 (190): 148–155.
  5. "Prisons and Rehabilitation." (Archive) Government of Botswana. Retrieved on 26 March 2013.