Mr JazziQ

Go tswa ko Wikipedia
Mr JazziQ
Leina la MatsaloTumelo Manyoni
TsaloAlexandra, Gauteng, South Africa
LetsoSouth Africa
Mefota
Ditiro
  • Modiri wa di pina
  • DJ
DidirisiwaPiano, keyboard, Mafoko
Dingwaga tsa a le mo boopeding2018–gofitha gompieno
LabelsBlack Is Brown ENT
Formerly ofJazziDisciples

Tumelo Manyoni yo o itsegeng ka leina la gagwe la boopedi Mr JazziQ, ke DJ wa Amapiano wa lefatshe la Afrika Borwa gape ke motsamaisi wa direkoto. O itsege botoka ka go nna mo leloko le a neng a le mo go lone pele la setlhopha sa di DJ tsa amapiano, JazziDisciples.[1]

Botshelo jwa gagwe jwa pele le thuto[fetola | Fetola Motswedi]

Mr JazziQ o tsholetswe kwa Alexandra gape o goletse teng a nna le mmaagwemogolo fa batsadi ba gagwe ba ne ba nna kwa bokone jwa Johannesburg. O ne a tsena Sekolo se Segolo sa Highlands North Boys mme gape o ne a tsena Crawford Sandton mme moragonyana a ya go tsena kwa Mpura Mpura a neng a tsena sekolo teng.[2]

Tiro[fetola | Fetola Motswedi]

O simolotse tiro ya gagwe ya bo DJ a le dingwaga di le lesome le bone mme a simolola go dira dipina a nale le dingwaga tse di lesome le borataro. O simolotse go dira mefuta e e farologaneng ya mmino kgotsa dipina pele ga a dira mmogo le Josiah, yo a neng a dira amapiano pele ga kgolagano ya bone.[3]

Ka Mopitlo 2020, o ne a ntsha alebamo ya gagwe ya ntlha ya 0303.[4] Alebamo e, e ne e na le dipina tse di e ke metseng ka nosi jaaka "Askies", "Blue Skies" le "Hello MoʹGirl".[5][6] Pina ya gagwe ya "Askies" e e neng e na le moopedi Moonchild Sanelly le Fake Love e ne ya fiwa gauta ke RiSA.[7][8] Ka Phatwe 2020, o ne a ntsha EP ya gagwe ya ntlha ya “For The Babies" e e neng e na le baopedi; Kamo Mphela, Lady Du le Londie London.[9] Ka Ngwanatsele 2020, o ne a ntsha alebamo ya “Maba Jabulń Abantu", e e neng e le tirisanommogo ya gagwe le Busta 929 mme e na le diopedi tse di tshwanang le Reece Madlisa, Zuma, Mpura, Riky Rick le 9umber. Ka Ngwanatsele 2020, o ne a tlhagelela mo alebamong ya ga Busiswa ya My Side of The Story mo pineng ya "Makazi".[10] Ka Sedimonthole 2020, o ne a ntsha pina ya "Umsebenzi Wethu".[11]

O kile a tshameka mo thulaganyong ya thelebishene ya mmino ya Channel O, Lockdown House Party le mo karolong ya bofelo ya Idols South Africa Yabo 16.[12][13]

Ka Ngwanatsele 5, 2021, o ne a ntsha pina ya "Amaneighbour" e e naleng Killer Kau, Reece Madlisa, Zuma le ThackzinDJ.[14] E ne ya fitlhelela #7 mo seromamoweng sa Good Hope FM gape ya fitlhelela #10 mo dipuong tsa House.[15] Morago nyana o ne a ntsha pina ya "Woza" e e neng e na le Lady Du, Boohle le Kabza De Small, mme gape e ne a tlhagelela mo pineng ya ga Felo Le Tee ya "Nje Nje" mmogo le Reece Madlisa, Zuma, Mpura le Kabza De small.[16][17]

Ka 23 Moranang 2021, o ne a ntsha alebamo ya gagwe ya Party With The English.[18] Rre JazziQ o ne a tlhagelela mo tlhotlheletso ya alebamo:

"Eno ke maitlhomo a me a ntlha a boditšhabatšhaba, le fa ke ntse ke dira mmino sebaka sa dingwaga di le mmalwa . Ke itumetse thata go itsise lefatshe lotlhe tiro ya me. Mofuta ono o a gola, mme ke batla go o isa kwa mafelong a go bina go ralala lefatshe".[19]

Ka September 4, 2021, o ne a diragatsa ka tlhamalalo kwa AmaFest Tour kwa UK mmogo le baopedi ba bangwe Focalistic, Cassper Nyovest, DBN Gogo le Kamo Mphela.[20]

Dimpho[fetola | Fetola Motswedi]

Ngwaga Tiro ya Dimpho Mpho Maduo
2021 Dimpho tsa moopelo mo Aforika Modiri wa dipina wa ngwaga Othopilwe[21]
2021 Dimpho tsa baopedi ba Amapiano mo Aforika Borwa Monna o botoka wa Amapiano DJ/Modiragatsi Othopilwe[22]
Modiragatsi wa Monna o botoka ka Amapiano Phenyo[23]
Kgolagano e botoka ya Amapiano Phenyo
Dimpho Tshotlhe Tsa Moopelo Mo Africa Modiragatsi o botoka wa monna kwa borwa jwa Aforika Othopilwe[24]
Dimpho tsa African Muzik Magazine Modiri wa dipina wa ngwaga Othopilwe[25]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Why did JazziDisciples split?". JustNje. 2021-03-15. Archived from the original on 2022-04-12. Retrieved 2022-05-08.
  2. "Greenstone's Mr JazziQ in the spotlight". bedfordviewedenvalenews.co.za. Retrieved 21 April 2021.
  3. "Amapiano a new movement... Period". sowetanlive.co.za. Retrieved 21 April 2021.
  4. "Mr JazziQ Drops His First Single Off His Upcoming Solo EP 0303". Zkhiphani. Retrieved 21 April 2021.
  5. "Rhythm and flow ignited: Here's what we're listening to this weekend". thesouthafrican.com. Retrieved 21 April 2021.
  6. "Mr JazziQ Enlists Focalistic and Busta 929 for New Single 'Hello Mo'Girl'". Okay Africa. Retrieved 21 April 2021.
  7. "Moonchild Sanelly Slams South African Radio Stations for Pulling New Single 'Askies'". Okay Africa. Retrieved 21 April 2021."Moonchild Sanelly Slams South African Radio Stations for Pulling New Single 'Askies'". Okay Africa. Retrieved 21 April 2021.
  8. "Certificate Reporting". risa.org.za. Retrieved 21 April 2021."Certificate Reporting". risa.org.za. Retrieved 21 April 2021.
  9. "7 Amapiano Albums & EPs to Stream Right Now". Okay Africa. Retrieved 21 April 2021.
  10. "Busiswa enjoys the good life in makazi music video, featuring Mr JazziQ". Just Nje. Archived from the original on 21 April 2021. Retrieved 21 April 2021.
  11. "Top amapiano songs of 2021". musicinafrica.net. Retrieved 21 April 2021.
  12. "Lockdown party is back on, Mr JazziQ stuns Mzansi with fire set". briefly.co.za. Retrieved 21 April 2021.
  13. "Finale: Reece Madlisa & Zuma ft. Mr JazziQ & Busta 929 – 'JazziDisciples' – Idols SA". mzansimagic.dstv.com. Retrieved 21 April 2021.
  14. "Killer Kau and Mr Jazziq release new single Amaneighbour, featuring Reece Madlisa, Zuma and Thackzindj". Just Nje. Archived from the original on 21 April 2021. Retrieved 21 April 2021.
  15. "SA House Chart". goodhopefm.co.za. Archived from the original on 21 April 2021. Retrieved 21 April 2021.
  16. "Mr JazziQ, Kabza De Small and LadyDu release Woza, featuring Boohle". Just Nje. Archived from the original on 21 April 2021. Retrieved 21 April 2021.
  17. "The 15 Best South African Songs of the Month (March)". Okay Africa. Retrieved 21 April 2021.
  18. "Mr JazziQ releases-new-album, Party With The English". Just Nje. Archived from the original on 23 April 2021. Retrieved 23 April 2021.
  19. "Mr JazziQ's Highly Anticipated Amapiano Album 'Party With The English' Is Here". Okay Africa. Retrieved 19 May 2021."Mr JazziQ's Highly Anticipated Amapiano Album 'Party With The English' Is Here". Okay Africa. Retrieved 19 May 2021.
  20. "WATCH: DBN Gogo, Kamo Mphela, Focalistic and Mr JazziQ bring amapiano to the UK". iol.co.za. Retrieved 13 September 2021.
  21. "Here are the 2021 Global Music Awards Africa Winners". Okay Africa. Retrieved 2 May 2021.
  22. "SA Amapiano Music Awards: Look who's been nominated!". thesouthafrican.com. Retrieved 20 July 2021.
  23. "Stars recognised at the first SA Amapiano Awards". news24.com. Retrieved 27 October 2021.
  24. "All Africa Music Awards 2021: All the nominees". Music In Africa. Retrieved 30 September 2021.
  25. Hansen, Gabriel Myers. "All Africa Music Awards 2021: All the nominees". Music In Africa. Retrieved 13 December 2021.