Jump to content

MsterSpei College

Go tswa ko Wikipedia
Mater Spei College logo
Mater Spei College
Location
Map
Information
Religious affiliation(s)Roman Catholic
Established1963; 63 years ago
PrincipalMa Smarts

Mater Spei College ke sekolo sa Roma mme se tshegeditswe ke puso mo toropong ya Francistown,Botswana.Se ruta bana go tswa kwa mophatong wa form 4 go ya kwa go wa form 5 se kopantse ba ba nnang mo sekolong le kwa ntle.

Sekolo se, se fitlhelwa mo Francistown mo Bokone jwa Botswana.[1]

Sekolo sa Mater Spei se simolotswe ke kereke ya Roma ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a marataro le boraro [2][3].Sekolo se e ne e le ntlha ya ditlhabololo tse di neng di rulagantswe ke kereke ya Roma ka fa tlase gaga Urban Murphy yo nnileng moeteledimogolo wa ntlha wa mo Roma mo lefatsheng[4].E ne e le sekolo sa bosupa go bulwa mo Botswana, [5]sa bobedI sa kereke ya Roma mo lefatsheng gape e le nngwe ya dikolo tse di tsamaisiwang ke tumelo ya sekeresete e e gorogileng ka dingwaga tsa sekete,makgolo a robabongwe le masome a matlhano.[6]

Sekolo se ne sa bona thuso ya madi e nonneng go tswa pusong ya Botswana se se neng sa godisa meamuso e remeletseng mo mo dikagong go tshegetsa kgolo ya sekolo mo dingwageng tsa ntlha se simologa.Ka lebaka le, se ne sa kgona go gola ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a marataro le botlhano go tsweng mo go nneng sekolo se se tshegetsang ntwana ya borutelo e le nngwe go ya matwana a borutelo a le masome a mabedi ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a supa le botlhano .Ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a supa le borobabongwe sekolo se ne sa gola go tshwaragana le sekolo sa Our Lady of the Desert Primary School.[7]

Sekolo le lefelo la boithutelo

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi , Mater Spei nne sena le bana ba le sekete le makgolo a mabedi le masome a matlhano[8].Sekolo se na le dikago di tshwana matlwana a borutelo a mathataganyane,holo le motlobo wa dibuka o nang le maranyane.[9]

Ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borobabobedi ,sekolo ne se le mo maemong a bobedi mo ditlhatlhobong tsa sechaba tsa makgaolakgang tsa BGCSE.[10]

Dithuto tse di rutwang

[fetola | Fetola Motswedi]

Mater Spei College e na le dithuto tse lesome le bobedi di akaretsa;

  1. Religious Education
  2. Sekgowa
  3. Dipalo
  4. Science

Tsa itlhopelo

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. Design and Technology
  2. Art and Craft
  3. Development Studies
  4. Business Studies
  5. Geography
  6. Home Economics
  7. Agriculture
  8. English Literature
  9. History
  10. Setswana language

Ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borataro dipatlisiso di ne tsa supa di ne di supa fa sekolo se le kwa pele ga tse dingwe mo go tsa maranyane le ditlhaeletsano ka lebaka la dimpho tsa didirisiwa tsa maranyane tse di amogetsweng go tsweng ko komponeng ya meepo ya mo gae.[11]

  1. "Location of Mater Spei College Botswana". local.com. Retrieved 26 September 2017.
  2. Swartland, J. R.; Taylor, D. C. (1988). "Community Financing of Schools in Botswana". In Bray, M.; Lillis, K. (eds.). Community Financing of Education: Issues & Policy Implications in Less Developed Countries. Elsevier. pp. 139–153.
  3. "Master Spei celebrates 50th anniversary". The Botswana Gazette. 13 September 2013. Retrieved 1 November 2020
  4. Grant, Sandy (1980). "The non-government contribution to development in Botswana, 1962-1980". Botswana Notes and Records. 12: 41–47. Retrieved 1 November 2020.
  5. Swartland, J. R.; Taylor, D. C. (1988). "Community Financing of Schools in Botswana". In Bray, M.; Lillis, K. (eds.). Community Financing of Education: Issues & Policy Implications in Less Developed Countries. Elsevier. pp. 139–153
  6. Damane, Victoria; Molutsi, Patrick (2013). "Crisis of a Rich State: Botswana's Dilemma in Financing Tertiary Education". In Teferra, Damtew (ed.). Funding Higher Education in Sub-Saharan Africa. Palgrave Macmillan
  7. Ministry of Finance and Development Planning (1979). National Development Plan. Gaborone: Government of Botswana. p. 331.
  8. "The challenges of double shift at Mater Spei"Mmegi Online. Retrieved 30 October 2020.
  9. "History of Mater Spei College Botswana". MSC INFO. Retrieved 26 September 2017.
  10. Shabani, Thamani (7 April 2019). "Mater Spei College celebrates success". Botswana Daily News. Retrieved 30 October 2020.
  11. Nleya, Paul Thabano Tapela (2016). "Transformative Applications of ICT in Education: The Case of Botswana Expansive School Transformation (Best) Project". In Mata, F.; Pont, A. (eds.). ICT for Promoting Human Development and Protecting the Environmen