Mwampule Masule

Go tswa ko Wikipedia

Mwampule Masule (a tshotswe 14 Phatwe 1991) ke motshameki wa kgwele ya dinao wa motswana yoo tshamekang jaaka motshwara dinno wa setlhopha sa sechaba sa Botswana mme mo bogompienong asena setlhopha.Okile gape a tshamekela setlhopha sa Orapa United seo se mo legeng ee kwa godimo ya kgwele ya dinao mo Botswana.

Mwampule o simolotse a tshamekela setlhopha sa  Ferry Wanderers sa lega ee fa tlase pele aya Kazungula Young Fighters setlha se se latelang. Ka bofefo  moragonyana a bo a tsena mo tumalanong le bagaka ba lega ee kwa godimo ya kgwele ya dinao mo Botswana ebong Township Rollers, ka ponto ya leitlho a ba gapisa dikgele tse pedi. Masule o ntse kwa setlhopheng sesa kwa toropong dingwaga di ferabongwe, ba fenya bosimega jwa lega ee  kwa godimo ya kgwele ya dinao mo Botswana makgetho a supa, bosimega jwa sejana sa Africa (FA cup) le bosimega jwa sejana sa Mascom sa ditlhopha tse di kwa godimo tse diferabobedi.