Nadia Anjuman

Go tswa ko Wikipedia
Nadia Anjuman
Tsalo(1981-12-27)Sedimonthole 27, 1981
Herat, Afghanistan
LesoNgwanatsele 4, 2005(2005-11-04) (aged 23)
Herat, Afghanistan
TiroWriter

Nadia Anjuman o tshotswe ka ngwaga wa 1980, kgwedi ya Sedimonthole e le malatsi a le masome a mabedi le bosupa, a tlhokafala ka ngwaga wa 2005, kgwedi ya Ngwanatsele e le malatsi a le mane. E ne e le mmoki go tswa kwa lefatsheng la Afghanistan.

Botshelo jwa gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Nadia Anjuman Hewari o tsholetswe kwa Herat kwa bokone-bophirima jwa lefatshe la Afghanistan ka ngwaga wa 1980. E ne e le mongwe wa bana ba le barataro, ba godisitswe ka nako e nngwe ya dikgoberego tse di diragetseng mo bosheng kwa Afghanistan. Ka ngwaga wa 1995 kgwedi ya Lwetse, setlhopha sa Taliban se ne sa gapa toropo ya Herat, mme sa ntsha mo setilong molaodi wa kgaolo e o wa nako eo, Ismail Khan. Mo pusong ya Taliban, basadi ba ne ba sena kgololesego mo dilong di le dintsi mo matshelong a bone. Moithuti o o iteilweng lebogo, o neng a dira ngwaga ya gagwe ya bo lesome kwa sekolong ebong Anjuman, o ne a sena tsholofelo ya go tsweledisa dithuto tsa gagwe ka Taliban ba ne ba tswetse dikolo tsa basetsana ibile ba kganela go rutiwa ga bana ba basetsana.


Ka ngwaga wa 1996, Anjuman le bomme ba bangwe ba ne ba phuthega ba simolola go tsenelela dithuto tsa setlhopha sa sephiri se bidiwa Golden Needle Sewing School, se se neng se rulagantswe ke bomme ba basha se rutintshiwa ke Porofesa Muhammad Ali Rahyab wa kwa Herat University. Maloko a Golden Needle School ba ne ba phuthega gararo ka beke ba dira e kete ba ithutela go roka (mo Taliban e neng e go letlelela) mme ba ya go ithuta le go tlhatlhanya ka tsa padi ka thotloetso ya bo porofesa ba kwa Herat University.[1] Tiragalo e e ne e le borai ka fa ba ne ba ka tshwarwa ba ne ba ka atlholwa ka go isiwa kgolegelong, go utlwisiwa botlhoko kana go kalediwa. Ba ba neng ba tsenelela dithuto tse, ba ne ba itshireletsa ka go tlogela bana ba bone ba tshameka kwa ntle ga kago gore ba nne matlho a bone. Ba ne ba tsibosa bommabo fa mapodisi a tla, mme baithuti ba fitlhe dibuka tsa bone ba tseye tse ba logang ka tsone. Thulaganyo e e ne ya tswelelela ka nako yotlhe e Taliban e neng e busa.[2]


Porofesa Rayhab o ne a rutuntsha Anjuman go kwala le padi. Ka nako e bomme ba neng ba sa letlelelwe go tswa mo malwapeng ba le nosi, Rayhab o ne a ruta Anjuman o neng a le dingwaga di le lesome le borataro, a mo thusa go kgona go kwala mo go faphegileng. O ne a mmolela ka bakwadi ba le bantsi ba ba neng ba ka tlhotlheletsa tiro ya gagwe ba akaretsa Hafiz Shirazi, Bidel Dehlavi, Forough Farrokhzad le ba bangwe.


Anjuman o ne a le dingwaga di le masome a mabedi le bongwe fa setlhopa sa Taliban se ne se lelekwa ka ngwaga wa 2001. Ka janong a ne a phuthulogile go ka ithuta ka fa tsamaisong, o ne a amogelwa kwa Herat University go ithuta ka tsa padi a aloga ka ngwaga wa 2002.[3] Ka nako e a neng a dira dithuto tsa gagwe tsa literature, Anjuman o ne a gatisa buka ya maboko e bidiwa Gul-e-dodi (sethunya sa mosi) e e neng ya tuma kwa mafatsheng a Afghanistan, Pakistan le Iran.


Anjuman o ne a nyalwa ke Farid Ahmad Majid Neia o neng a alogile mo dithutong tsa padi ebile a nnile tlhogo ya motlobo wa dibuka kwa Herat University. Neia le ba lolwapa lwa gagwe ba ne ba dumela gore ka Anjuman e le mosadi, go kwala ga gagwe e ne e le matlhabisa ditlhong mo seriting sa lolwapa lwa bone, mme Anjuman o ne a tswelela a kwala maboko. Bobedi bo bo ne ba nna le ngwaga wa mosimane a le mongwe lobaka lo lokhutshwane pele ga Anjuman a bolaiwa a le dingwaga di le masome a mabedi le botlhano.

Tiro[fetola | Fetola Motswedi]

Anjuman o gatisitse kagolo ya gagwe ya ntlha ya poko ka ngwaga wa 2005 e e bidiwang Gule Dudu kgotsa Dark Flower. O ne a tshwanetse go gatisa kgaolo ya bobedi ka ngwaga wa 2006 e bidiwa Yek-Sabad delhore (An abundance of Worry) e e neng e akaretsa maboko a a neng a bua ka kutlobotlhoko le go tlhaolwa mo lonyalong lwa gagwe.

Loso[fetola | Fetola Motswedi]

Ka kgwedi ya Ngwanatsele a le malatsi a le mane, ngwaga ya 2005, Anjuman le monna wa gagwe ba ne ba nna le kgotlhang. Go ya ka Neia, Anjuman o ne a batla go ya go etela ba lolwapa le ditsala tsa gagwe, selo se e neng e le tlwaelo ka nako ya Eid al-Fitr (letsatsi la bofelo la kgwedi e e boitshepo ya Ramadan). Neia a re o ne a sa mo letlelela go etela mogolowe, Anjuman a ngongorega mme ba simolola go lwa. Bosigo joo Neia o ne a betsa Anjuman go fitlhelela a idibala, a dule matsadi ebile a dule ntho mo tlhogong.[4] Morago ga dioura Anjuman a ntse a idibetse, Neia o ne a mo isa sepatela ka baesekele e e tsamaisang sechaba; mokgweetsi wa baesekele o ne a bolelela basepodise gore Anjuman o ne a setse a tlhokafetse fa Neia a tsenya mmele wa gagwe mo letorokong. Moragonyana lepodisi le legolwane ka maemo, Nisar Ahmad Paikar, o ne a bolela gore monna wa gagwe o ne a ipoletse molato wa go mmetsa morago ga komano,mme e seng go mmolaya; Neia o ne a re Anjuman o ne a nole botlhole ebile a boletse seo pele ga a tlhokafala.[5][6]


Go bolelwa fa Anjuman a ne a kgwa madi morago ga go idibala, selo se ba bongaka ba dumelang e le sone se bakileng loso lwa gagwe.[5] Neia o ne a bolela fa Anjuman a nole botlhole ebile a rile a bolelele ba lolwapa le ditsala gore o bolailwe ke go ema ga pelo. Neia le ba lolwapa la gagwe ba ne ba kganela ba bongaka go tlhatlhoba mmele wa gagwe, ka jalo ga gona bosupi jwa se se bakileng loso lwa gagwe. Neia le mmagwe ba ne ba lebisiwa molato wa gore gongwe ba bolaile Anjuman.[7]


Lekgotla la United Nations le ne la kgala polao eo moragonyana.[4] Mmueledi wa lone Adrian Edwards o ne a re loso lwa ga Nadia Anjuman jaaka go begilwe, ke matlhotlhapelo ebile ke tatlhegelo e tona mo lefatsheng la Afghanistan....lo tlhoka go batlisisiwa mme ope o o tla fitlhelwang a le molato o tshwanetse go atlholwa mo kgotlatshekelong.[8]


Neia o ne a lebisiwa molato wa go bolaya Anjuman, mme a tlhatlhelwa. Bagolo ba morafe kwa Herat ba ne ba simolola go tshwenya rragwe Anjuman o neng a lwala gore a itshwarela Neia gore lobaka lwa ga Neia kwa kgolegelong lo fokodiwe. Rragwe Anjuman o ne a ineela ka a ne a tshepisitswe gore Neia o tla fetsa dingwaga tse tlhano kwa kgolegelong, Kgotlatshekelo ya Afghanistan e ne ya supa fa Anjuman a ipolaile ka jalo Neia a bulelwa morago ga kgwedi. Rragwe Anjuman o ne a tlhokafala moragonyana ka a ne a gamaregile, go ya ka kgaitsadia Anjuman.[9]


Anjuman o ne a tlogela morwawe o neng a le dikgwedi di le thataro, o janong a leng mo tlhokomelong ya ga Neia. Dibuka tsa Gole Doudi le Yek Sabad Delhoreh di gatisitswe lantlha kwa Afghanistan. Gole Doudi e gatisitswe gararo kwa Afghanistan mme e rekisitse dibuka di le dikete di le tharo.

Thanolo ya maboko[fetola | Fetola Motswedi]

Diana Arterian o ranotse maboko a ga Nadia Anjuman a le mmalwa a bereka le Marina Omar.[10] Dikinolo di gatisitswe mo Asymptote, The Brooklyn Rail Circumference, Exchanges le tse dingwe.[11][12][13][14]


Maboko a ga Anjuman a a tlhophilweng a a ranoletsweng kwa sekgoeng, a tlhagelela mo bukeng ya Load poems Like Guns:Women's Poetry from Herat, Afghanistan (Holy Cow! Press, 2015), e tlhabolotswe ya bo ya tolokololwa ke Farzana Marie.[15] Buka e e akaretsa dikgatiso ka sekgoa le ka puo ya Farsi tsa maboko a bomme ba ferabobedi ba kwa Afghanistan, ba akaretsa Anjuman. Matseno a yone a bolela polelo ya botshelo le loso lwa ga Anjuman ka botlalo, go tswa mo dipuisanong le ba lolwapa lwa gagwe, ditsala, baithuti ka ene, le barutuntshi le batlisisisi kwa Herat.


Cristina Contilli, Ines Scarpolo le M. Badihian Amir ba ranoletse tiro ya ga Anjuman mo puong ya se Itali (Italian) mo kgatisong e ba e biditseng Elegia per Nadia Anjuman, e e gatisitsweng ka ngwaga wa 2006.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Synovitz, Ron (March 31, 2004). "Afghanistan: Author Awaits Happy Ending To 'Sewing Circles Of Herat'". Radio Free Europe. Archived from the original on July 8, 2004. Retrieved July 29, 2010.
  2. Lamb, Christina (April 26, 2009). "The defiant poets' society". The Sunday Times. Archived from the original on July 25, 2015.
  3. More details on Nadia Anjuman's story as told by her friends, family, classmates, and teachers can be found in the introduction to the anthology, Load Poems Like Guns: Women's Poetry from Herat, Afghanistan edited and translated by Farzana Marie.
  4. 4.0 4.1 Gall, Carlotta (November 8, 2005). "Afghan Poet Dies after Beating by Husband". The New York Times. Retrieved September 10, 2015.
  5. 5.0 5.1 "Afghan poet dies after battering". BBC News. November 6, 2005. Retrieved September 10, 2015.
  6. Bergner, Jeffrey T. (August 2008). Country Reports on Human Rights Practices for 2008: Vols. I and II. ISBN 9781437905229 – via Google.
  7. "Afghan Poet's Death Raises Many Questions". Institute for War and Peace Reporting. Archived from the original on 2014-08-10. Retrieved 2014-10-20.
  8. "Afghan woman poet beaten to death". Daily Times. Lahore, Pakistan. November 8, 2005. Archived from the original on March 3, 2016. Retrieved September 10, 2015.
  9. Lamb, Christina (November 13, 2005). "Woman poet 'slain for her verse'". The Sunday Times. Archived from the original on September 10, 2014.
  10. "diana arterian // poetry". dianaarterian.com.
  11. "from Dark Flower". asymptotejournal.com.
  12. "Poetry by Nadia Anjuman". brooklynrail.org.
  13. "Her hands planted the rootless sprig". circumferencemag.org.
  14. "Three poems from Dark Flower". Exchanges Literary Journal.
  15. "Farzana Marie - Free Mp3 Download 2020". Archived from the original on 2020-06-30. Retrieved 2022-07-14.