Jump to content

Nancy Isime

Go tswa ko Wikipedia
Nancy Isime
Nancy Isime at the AMVCAs 2020
TsaloNancy Isime at the AMVCAs 2020
Edo State, Nigeria
LetsoNigerian
Alma materUniversity of Lagos
Tiro
Dingwaga tsa a le mo tirong2011- till date
O itsegi kaSocial Media/TV Personality

Nancy Isime (o tshotswe ka Sedimonthole a tlhola malatsi a le lesome le bosupa ngwaga wa 1991) ke modiragatsi kwa lefatsheng la Nigeria.[1]

Botshelo jwa pele le Tlholego[fetola | Fetola Motswedi]

Nancy Isime o tsholetswe kwa Edo State,kwa borwa-borwa jwa lefatshe la Nigeria a tsholwa ke batsadi ba tlholego ya Esan.[2]Morago ga dithuto tsa gagwe tse di kgolwane,o ne ya sekolong sa ithutelo ditiro sa University of Lagos.[3]

Nancy Isime o tlhokafaletswe ke Mmagwe a le dingwaga di le tlhano mme a godisiwa ke Rragwe.O goletse kwa Lagos kwa a simolotseng dithuto tsa gagwe tse dipotlana le tsa magare teng.Morago,o ne a tloga a ya kwa Benin City,kwa a neng a dira dithuto tsa gagwe tse di kgolwane teng.O dirile dithuto tsa dikgwedi tse thataro kwa University of Port Harcourt kwa Rivers State pele a dira dithuto tsa gagwe tse dikgolwane tsa diploma in Social Work kwa University of Lagos.

Mmereko/Pereko[fetola | Fetola Motswedi]

Nancy Isime o simolodisitse pereko ya gagwe e le modiragatsi mo setshwantshong sa motshikinyego sa Echoes ka ngwaga wa 2011.O itsege gape ka go gasa thulaganyo ya thelebisine ya The Squeeze,technology show,Whats Hot,le ditiragalo tsa kwa morago mo thulaganyong ya MTN Project Fame tsa karolo ya bosupa.Ka ngwaga wa 2016 o ne a emesitse Toke Makinwa go nna mogasi wa thulaganyo e e itsegeng thata e e tumileng ya HipTV.O ne a tshwaraganela kgaso le Reminisce ya lenaneo la The Headies award ka ngwaga wa 2019.O kile gape a nna mogasi wa thulaganyo ya The Voice Nigeria 2021.Ka ngwaga wa 2019,Isime o ne a simolodisa thulaganyo ya gagwe ya setshwantsho sa motshikinyego e e bidiwang The Nancy Isime Show.Ka 2020,a tshwaraganela kgaso ya kabo dietsele ya thulaganyo ya The Headies le Bovi.Ka 2022,o ne a diragatsa mo thulaganyong ya thelebisene ya Blood Sisters,a tshameka bogogi jwa ga Kemi, e e rulagantsweng ke ba Ebonylife TV e e leng tlhamo ya ga Mo Abudu.Ka 2023,o ne a diragatsa e le Shalewa mo thulaganyong ya Shanty Town.

Bodiragatsi[fetola | Fetola Motswedi]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "TV Personality, Actress & also a Model? "On The Real" Star Nancy Isime is a Triple Threat". bellanaija.com. Retrieved 6 February 2017.
  2. "I have no problem baring my cleavage - Nancy Isime". Punch Newspapers. 5 March 2017. Retrieved 27 August 2022.
  3. "To become superstars, ladies need talent, not 'connection'- Model - Vanguard News". vanguardngr.com. 4 Phatwe 2016. E tswa kwa go di 6 Tlhakole 2017.