Jump to content

Naomi Ruele

Go tswa ko Wikipedia

Naomi Ruele (yo o tshotsweng ka kgwedi ya Firikgong e le lesome le boraro, ngwaga wa 1997) ke mothumi wa Botswana. O ne a gaisana mo kgaisanong ya basadi ya dimitara di le masome matlhano ya freestyle kwa Diolimpiking tsa Selemo tsa 2016 kwa a neng a nna mo maemong a #masome mane le bosupa ka nako ya metsotswana e le 26.23. Gape o thumela Florida International University, mme o ne a tlhophiwa mothumi wa ngwaga kwa Conference USA a fentse mo go legatong la 50 free ka nako ya 22.11, le la 100 free ka nako ya 48.45,le la 100 morago ka nako ya 52.42.[1]

Botshelo Jwa Pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Mme Naomi Ruele o tshotswe ka kgwedi ya Firikgong e le lesome le boraro, ngwaga wa 1997 kwa Gaborone, Botswana. O tsene kwa sekolong sa Maruapula.[2]

Tiro ya go thuma

[fetola | Fetola Motswedi]

E ne e le mothumi wa ntlha wa Motswana go fenya mo metshamekong ya di Youth Olympics, mo dikgaisano kwa Nanjing, mo China, ngwaga wa 2014 mo girls' 50 metre backstroke le 100 metre backstroke. O ne a fetsa mo maemong a boraro mo lebelong la dimithara tse di lekgolo ka nako e khutswane ya gagwe ya 01:04:02. Ka seelo se a seka a kgona go fetela kwa sekamakgaolakgannyeng.[3] O ne a gaisana mo go ipateleng phatlha a lobelo la bobedi a fetsa ka nako ya metsotswana ele 29:86, ka Maemo ale mangwe go ka kgona go ya kwa sekamakgaolakgang ka nako ya gagwe e ne e le bonya ka metsotswana ele mebedi fela.[4]

Ruele o fentse seetsele sa boronze kwa dikgaisanong tsa dimithara dile masome a matlhano a thuma ka mokwatla kwa 2014 South African Swimming championships abo a tsaya gape Maemo a botlhano mo go thumeng dimithara dile lekgolo at huma ka mokwatla. One a dira rekote ya gagwe ya maemo a ntlha ka nako ya 27:42 le 01:01:81 mo lebelong la dimithara dile masome matlhano le go thuma jaaka a batla mo dimithareng dile lekgolo ka go latelana.[2] Fa a ithuta ko Florida International University one a bidiwa mothumi wa ngwaga 2015/16 wa Conference USA a di gata ko pele mo kgaisanong ya dimithara dile masome a matlhano mo makgethong a le lesome le bobedi. Ko Conference USA championships one a gatisa nako ya metsotswana ele 22:33 wao dikgaisanong tsa pele mme ya nna sebata sa gagwe sa pheleletso.O ne a thuma makgetho ale marataro ko dikgaisanong tsa bomampodi a le mararo a le nosi mme tse nne a le mo setlhopheng sa lobelo la neelano. O ne a fenya mabelo otlhe, a gapa palogotlhe ya dietsele dile supa tsa gouta, a thuba rekote tse pedi ko mmadikolong wa gagwe la dimithara di le lekgolo le la dimitiera di le makgolo a mabedi la go thuma jaaka a batla mo lobelong la neelano.[5]

Ruele one a thumela Florida International University go tswa ka ngwaga wa 2015 go ya go fitlha ngwaga wa 2019. Mo dingwageng tse nne tse a ne a gaisanela Florida International University one a iponna phatlha goya go gaisana ko NCAA Division 1 Women's Swimming and Diving Championships ka go tlhomagana. One a bidiwa mothumi wa ngwaga wa Coference USA ga nna gararo mo go gane mo go thumeng ga gagwe ko Florida International University, a sena go bona dietsele le direkote mo lebelong la dimithara di le masome a matlhano, dimithara di le lekgolo tsa go thuma jaaka a batla letsa go thuma ka mokwatla a le a nosi, ga mmogo le go thusa setlhopha sa gagwe mo lebelong la neelano la dimithara di le makgolo a mane, makgolo a mane mo Medley relay, makgolo a mabedi mo Medely relay le makgolo a mabedi mo lebelong la neelano.[go tlhoka motswedi]

O tshwere rekote ya Florida International University ya dimithara di le masome a matlhano ya go thuma jaaka a batla le dimithara di le lekgolo tsa lebelo la mokwatla ka go latelana. O ne a tlhomiwa go nna Monana wa Botswana wa tlhotlheletso wa Botswana Top 30 Under 30 Inspirational Youth.[6]

Diolimpiki

[fetola | Fetola Motswedi]

Ruele o ne a iponna phatlha go gaisana kwa 2016 Summer Olympics kwa Rio de Janerio swimming meet kwa Georgia Institute of Technology ka kgwedi ya Mopitlo a le masome mabedi 2016, o ne a gatisa nako ya metsotswana ele 26:07.[7] Mo go ne ga dira gore a tsenngwe mo setlhopheng sa "B" ka sebaka sa metsotswana e le 26;17 a bo a amogela lekwalo ka Phukwi a ferabobedi le le neng le supa fa a tlhopilwe go emela Botswana.[5] Se se tshwaya lekgetlho la ntlha Botswana e nna le mothumi a feta bongwe mo setlhopheng sa diolimpiki.[8]

Mo nakong yone eo ya go tlhophiwa, Ruele o ne a bidiwa e le motshameki yo mmotlana wa mme wa ngwaga wa Botswana National Sports Council.[8] O ne a fetsa mo maemong a bobedi kwa Olympic Aquatics Stadium ka Phatwe a tlhola maatsi ale lesome le bobedi mo women's 50 metre freestyle, a fetsa mo maemong a bobedi mo lobelong la go ipatela phatlha ka nako ya metsotswana ele 26:23. O feditse mo maemong a masome a mane le bosupa gotlhegotlhe, se sa raya gore ga a kgone go tswelela pele go ya kwa legatong le le latelang.[9]

  1. "Naomi Ruele - 2018-19 - Swimming and Diving". FIU Athletics. Retrieved 9 Phalane 2025.
  2. 1 2 "Naomi Ruele". Florida International University. Retrieved 9 Phalane 2025.
  3. Ruele Sets New Personal Best At Nanking Games". Gabz FM. 22 August 2014. Retrieved 27 October 2016.
  4. "Youth Olympics Results" (PDF). USA Swimming. Retrieved 27 October 2016.
  5. 1 2 "Naomi Ruele Becomes Botswana's First Olympic Swimmer". Swimming World. 9 July 2016. Retrieved 27 October 2016.
  6. "Botswana's Top 30 Under 30 Inspirational Youth In 2016 [Part 4]". Botswana Youth Magazine. 17 August 2016. Retrieved 8 July 2019
  7. FINA Releases 2016 Olympic Qualifying Time Standards". Swimming World. 16 January 2015. Retrieved 27 October 2016.
  8. 1 2 Chatora, Arthur (11 July 2016). "Meet Naomi Ruele, Botswana's First Olympic Swimmer". This is Africa. Retrieved 27 October 2016
  9. "FIU's Naomi Ruele Makes First Olympic Appearance". Florida International University. 12 August 2016. Retrieved 27 October 2016.