Jump to content

Ng'endo Mwangi

Go tswa ko Wikipedia

Botshelo le Pereko[fetola | Fetola Motswedi]

Ng'endo Mwangi e ne ele mosadi wa ntlha go nna Ngaka[1] ko lefatsheng la Kenya. O ne a simolola dikokelo di le dintsi tse di ne tsa thusa batho ba le bantsi mo mafelong a ko go se nang ditlamelo sentle. Ng'endo Mwangi o ne a tsholelwa ko Kenya, mme a tsweledisa dithuto tsa gagwe ko United States of America[2].

Doctor

Tsalo

Mme Mwangi o tsholetswe ko Kinoo, ko teropong Kiambu, batsadi ba gagwe e le Rahab Wambui Mwangi and Mwangi Muchiri. O ne a tsena sekolo ko Loreto High School Limuru ele mongwe wa bana na ne ba simolola fa sekolo se, se bula[3]. Mme Mwangi o ne a bona tshono ya ya go tsweledisa dithuto tsa gagwe ko Lefatsheng la Amerika ka fa clase ga lenaneo la Kennedy Airlifts, a nna mosadi wa ntlha wa mo Afrika go tsena ko Smith College kwa Massachusetts[4]. O ne a fessa ko Smith College ka ngwaga wa 1961, a tswelela gape go nna mosadi wa ntlha wa mo Afrika go tsena ko Einstein College of Medicine kwa New York City. E rile a fetsa dithuto tsa gagwe, a boela kwa Kenya ele Ngaka, a bula kokelwana ya gagwe ya ntlha, Athi River, kwa borwa botlhaba ga Nairobi, ele ene Ngaka hela koo, a lebagane le batho ba Maasai ba le 300,000. Ka 1987, o ne a tlhama Reto Medical Center kwa teropong ya Sultan Hamud[5].

Ka ngwaga wa 1973, maloko a Black Students Alliance kwa Smith College ba supa fa go tlhokafala dikago tse dingwe kwa sekolong. O ne a fiwa tlotla ya gore kago ya Mwangi Cultural Center e reelelwe ka ene, Kago e e simolotswe ele ko Lilly Hall mme ya fudusetswa kwa Davis Center gone kwa Smith College. Mme Mwangi o ne a fetola leina la gagwe go nna Florence Gladwell semmuso ka 1967[6]. Mma Mwangi o ne a fiwa setlankana sa degree sa tlotla ke Smith College ka 1987. O ne a tlhokafala ka ntata ya kankere ya mabele ka ngwaga wa 1989.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. ''Friends salute Mboya's American airlifts 50 years ago''. New African Magazine. 28 January 2014.Archived from the original on 2016-03-12.
  2. ole, Kristen (12 January 2005). Thriving Mwangi Cultural Center Moves to Larger Home. Smith College. Archived from the original on 19 February 2016.
  3. Kiili, Wangui (7 November 2011). A True Kenyan Herione. Kenya Rocks! Kenyan Spirit. Archived from the original on 14 March 2016.
  4. Mwangi, Ng'endo (Fall 1987). A Medical Center for Masai. Smith Alumnae Quarterly: 12–13. Archived from the original on 12 March 2016.
  5. Florence N'gendo Mwangi - History of the Black Students Alliance at Smith College - Smith Library Exhibits. libex.smith.edu. Archived from the original on 2015-12-09.
  6. The Mwangi Cultural Center. The Black Students Alliance of Smith College. Archived from the original on 13 March 2016.
  7. Student Leadership & Cultural Centers. Mwangi Cultural Center. Smith College. Archived from the original on 3 April 2016. Retrieved 12 March 2016.
  8. Mwangi, Ng'endo (3 January 1967). Notice Change of Name. Kenya Gazette. Retrieved 12 March 2016.
  1. http://newafricanmagazine.com/friends-salute-mboya-s-american-airlifts-50-years-ago/
  2. http://www.smith.edu/newsoffice/releases/04-039.html
  3. https://kenyarocks.wordpress.com/category/kenyan-spirit/
  4. https://www.smith.edu/news-events/smith-alumnae-quarterly
  5. https://en.wikipedia.org/wiki/Ng%27endo_Mwangi#cite_note-smith-4
  6. https://books.google.co.bw/books?id=YORxJVP9-boC&q=ngendo+mwangi&pg=PT1&redir_esc=y#v=onepage&q=ngendo%20mwangi&f=false