Ngwana

From Wikipedia
Jump to: navigation, search
bana ko sekolong sa poramari ko Paris

Go ya ka Bioloji, ngwana (bontsi - bana) ke motho yo o fa gare ga paka ya pelego le ya bogammana. Mme ka molao, ngwana o tsewa e le mmotlana yo o sa leng mo taolong mme a le tlase ga bogolo jo bo bidiwang age of majority.

Gape, ngwana go kaiwa kgolagano gareng ga barwa le barwadi le batsadi ba bone kgotsa le mogolo wa boikarabelo, boloko go mophato, morafe kgotsa bodumedi; gape go rewa ka fa mabaka mangwe a a jaaka metlha e e rileng kgotsa lefelo, a amileng motho ka teng, jaaka go tle go buiwe ka 'ngwana wa mabu' kgotsa 'ngwana wa nako tsa maloba'.

Go dintlha di le dintsi tse di amang bana jaaka thuto bongwaneng, go dipisiwa, khumanego, lelapa le le reketlang, tiredi ya bana le tlala. Bana ba ka godisiwa ke batsadi ba bone, batlhokomedi ka molao, bagolo ba bone kgotsa ba godisiwa bontlhabongwe ke day care centre

Ditlhaloso ka molao, bioloji le tshidisano[baakanya | edit source]

Population aged under 15 years in 2005

United Nations Convention on the Rights of the Child e tlhalosa ngwana e le motho yo o dingwaga tse tlase ga 18, ntle le fa melao e ngwana a golelang go yona e totobatsa kgolo ya age of majority e le pele ga 18.[1] Seno se rebolwa ke ditšhaba di le 192 go tse 194 tse e leng maloko. Immigration laws kwa U.S e totobatsa fa ngwana e le motho yo o tlase ga dingwaga tse 21.

Bioloji e fatlhosa fa ngwana e le motho yo o gareng ga pelego le bogammana. Ditlhaloso dingwe tsa Seesemane tsa lefoko ngwana di akaretsa mpa. Go ya ka ditso tse dintsi, fa ngwana a sena go gwerisiwa o tsewa e le mogolo go sa kgathalesege fa seo se tsamaisana le nako ya bogammana.

Ka kakaretso, ditshwanelo tsa bana di potlana go tsa bagolo. Bana ba tsewa ba se mo maemong a go tsaya ditshwetso tsa boikarabelo, mme ka molao, ba tshwanela go nna tlase ga taolo ya mogolo yo ob boikarabelo ka metlha. Kamogelo ya pharologanyo gareng ga bongwana le bogolo e simologile ka dingwagakgolo tsa 16th le 17th. Tshidisanyo e ne ya simolola go tsaya ngwana e se mothwana fela mme e le motho yo a iseng a nonofe e bile a tlhoka tshireletso ya bagolo, lerato mmogo le kgodiso. Metako e supa motlhala wa diphetogo tseno: Mo metlheng ya Middle Ages, bana ba ne ba takiwa fela jaaka bathwana mme go sena totobalo ya go re ke bana. Ka ngwagakgolo wa 16th, metako ya bana ya simolola go bontsha se ngwana a totang a le sona. Go tloga mo dingwageng tsa bofelo tsa ngwagakgolo ya 17th, bana ba ne ba takiwa ka ditshamekisi mme ya re moragonyana dikwalo tsa bana le tsone tsa simolola go tlhagelela.[8]

Children's Games, 1560, Pieter Bruegel the Elder

Kgolo[baakanya | edit source]

Kgolo ya bana e kgabaganya dipaka tse dintsi. Sekai: lesea (kgotsa bana bangwe) le ka tshokane le itshamekela le le esi ka boitumelo. Mme fa ngwana mongwe a ka tsenelela foo, go ka diragala go re a utlwise yo mongwe botlhoko le go mo tseela ditsagagwe. Le fa go le jalo, go na le kgonagalo ya go re letsenelela le tshameke mmogo ka mowa o montle o o edileng le go ithuta karogano le thefosano. Mme e re kwa bofelong, setlhotshwana se okediwe ke bana ba le mmalwa. Tshidisano e e jaana e  siamisetsa bana go ka tsenelela ditlhophana tsa bana ba bangwe bonolo le go natefelwa fa ba simolola kwa dikolwaneng.[9] Bana ba ba nang le ADHD le mathata a go rutwa ba tshwanela go thusiwa segolo go ba kgontsha go inonotsha bokgoni jwa tshidisano. Mokgwa wa bana ba ADHD wa go phanyega fela o ka ba bakela kgolagano e e bokowa le bankanaabone. Bana ba monagano o o etseetsegang ba ka nna le mathata a ikgolaganyo le tikologo e ba leng go yona, mme seo sa tloga sa ba itsa go iponela maitemogelo a a tlhokegang a tshidisano.[9].[2]

Dingwaga tsa boikarabelo[baakanya | edit source]

Fa go ntse go ya, dingwaga tse bana ba bonwang ba ka ikarabela (mo mabakeng a a jaaka nyalo kgotsa ditlhopho), di ne tsa nna tsa fetoga. Seno se itshupa ka fa dikgotla tsa melao di ba tsayang ka teng. Ka dinako tsa puso ya Maroma, bana ba ne ba tsewa ba se na boikarabelo jwa go ka dira molato. Kereke le yona ya latela ya amogela ntlha eo. Ka ngwagakgolo wa 19th, ga nna le phetogo ya go re ngwana fa a le tlase ga dingwaga tse 7 ke ena fela a sa rwaleng boikarabelo mme bana ba dingwaga di supa le go feta e le bone ba tsewang ba na le boikarabelo jwa ditiro tsa bone. Ka jalo, ba ne ba sekisiwa, ba tlhatlhelwa le bagolo e sita le go otlhaiwa jaaka bagolo ka go kgwathisiwa, go tshujwa ka tshipi kgotsa go kalediwa. Gompieno, dinaga dingwe tse di jaaka United States le Canada, bana ba dingwaga di le 12 le go feta, ba tsewa ba na le boikarabelo jwa ditiro tsa bone. Mme ba na le go amogelwa mo mafelong a a kgethegileng a kgopololo ya bana, juvenile hall.

Di-Subeyi di upolotse fa dinaga di le 25 lefatsheng tšhikelela di sa totobatse dingwaga tsa thuto ya bana botlhe. Dingwaga potlana tse di letlang bothapiwa le nyalo le tsone di a farologana. Mo dinageng di ka nna 125, bana ba bogolo jwa 7 - 15, ba tlhagelela fa pele ga dikgotlatshekelo le go atlholwa le go tlhatlhelwa fela jaaka dinokwane. Ditheo tsa boditšhabatšhaba ga di lefoko lengwe fela tebang le palopotlana ya botlangwa kgotsa boithaopedi mabapi le diterelo tsa bosireletsi. Dinaga dingwe di tlama bana ka molao go tsena sekolo go fitlha dingwaga di le 14 kgotsa 15 mme go na le kgonagalo ya go re ba ka thapelwa go dira pele ga bogolo joo. Ditshwanelo tsa thutego ya ngwana di tshosediwa segolo ke nyalo pele ga thutego, bothapiwa jwa bana le kgolego.[3]

Dintsho tsa bana[baakanya | edit source]

Children rounded up for deportation to the Chełmno extermination camp. Some 1.5 million Jewish children were murdered by the Nazis.

Mo tshimologong ya ngwagakgolo ya 17th, kwa England, palogare ya tsholofelo ya tshelo ya motho e ne e lekanyediwa go 35 mme lebaka e le ka ntlha ya fa pedi-tharong ya bana botlhe e ne e swa pele ga ngwaga tse nne.[4] Mo nakong tsa Industrial Revolution, tsholofelo ya tshelo ya bana e ne ya oketsega segolo.[5]

Baitseanape ba dipalopalo tsa pholo ba re go tloga ka bo 1990, dintsho tsa bana di fokotsegile thata. Ka 1990 go banagetse fa 12.6 ya dimilone tsa masea a ngwaga tse di tlase ga botlhano le seripagare a ne a swa ngwaga le ngwaga mo lefatsheng lotlhe. Ka 2012, palo eo e fokotsegetse go 6.6 ya dimilone tsa dintsho tsa bana. Palogare e e kwa godimo ya tekanyetso ya dintsho tsa masea di mo Sub-Saharan Afrika moo go swang masea a le 98 go a le 1,000 a a belegweng - mme seno se feta palogare ya lefatshe lotlhe ya 48.[14]

Moȏnȏ wa ngwana a le esi[baakanya | edit source]

Molao wa lefatshe la China wa thibela pelegi wa ngwana a le esi o ne wa theosa palo ya morafe wa China e e neng e le kwa godimo thata. Morago ga ngwaga di feta sometharo, moono oo o sa tswa go fetolwa in a statement go rebola bana ba ba bedi ka motho.

Moono ono o ne wa kgalwa lefatshe ka bophara ka ntlha ya tumelo ya go re o tlhotlheletsa tshenyo le polao ya boimana jwa masea e sita le gone go intsha dirwe tsa tsalo go thibela pelegi. Lefa kotlhao ya boimana jo bo sa ipaakanyediwang e le katlholo ya madi, kgateleo ya polao ya lesea le le sa belegwang le go kgaola bong go itsa pelegi le tsone ke melato e e atlholwang e amangwa le leso kgotsa kgontsho ya ka bomo mme katlhao ya tse tsotlhe e ka nna dingwaga di le lesome mo kgolegelong. Fa ngwana yo mongwe a ka belegwa ko ntleng ga a le mongwe yo o letlelelwang ka fa molao batsadi bao batla duela madi a mantsi ka ba tlaabo ba duelela letsatsi lengwe le le nngwe le a tshelang ka lone.

O ka tsibogela[baakanya | edit source]

  • Go tlhoka go nna le bana
  • Kgokgontsho ya bana ka tsa tlhakanelo dikobo
  • Intekese ka dipadi ka banana
  • Tlwaelo ya ngwana

Dikgopolo ka bana[baakanya | edit source]

Dikakanyo tsa maikutlo go lebilwe bana di a farologana lefatshe ka bophara mo dingwao dile mmalwa. Dikakanyo tse difetogile ga nako e ntse e tsamaya. Ditshekatsheko tsa ngwaga wa 1988 ka maikutlo a Europa ka konokono ya bana di lemogile fa lefatshe la Italy le remeletse thata mo baneng fa la Holand lone le sena sepe ka bana mo go kalokalo, fa mafatshe a mangwe o ne a tshwana le Austria, Great Britain, Ireland le West Germany a wela fa gare.[6]

Metswedi[baakanya | edit source]

Digokanyi ntlȇ[baakanya | edit source]