Nile

Go tswa ko Wikipedia
NILE
[[File:
Cairo skyline, Panoramic view, Egypt
|288px|alt=]]
Nile in Cairo, Egypt
[[File:
River Nile map
|288px|alt=]]
Basin countriesEgypt, Sudan, South Sudan, Ethiopia, Uganda, Democratic Republic of the Congo, Kenya, Tanzania, Rwanda, Burundi

Nile ke noka e kgolo e e elelang kwa bokone kwa bokonebotlhaba jwa Afrika. E elela mo Lewatleng la Mediterranean. Noka ya Nile ke yone noka e telele go gaisa mo Afrika e bile e ne e tsewa e le yone noka e telele go gaisa mo lefatsheng. Le fa go ntse jalo, dipatlisiso di supa gore Noka ya Amazon e telele go feta noka eno. Mo dinokeng tse dikgolo tsa lefatshe, Noka ya Nile ke nngwe ya dinoka tse dinnye go gaisa, e e lekanngwang ka go elela ga metsi ngwaga le ngwaga ka dikhubiki metara tsa metsi.[ E boleele jwa dikilometara di ka nna 6,650 (4,130 mi) [a] mme metsi a yone a khurumetsa dinaga di le lesome le bongwe: Democratic Republic of the Congo, Tanzania, Burundi, Rwanda, Uganda, Kenya, Ethiopia, Eritrea, South Sudan, Republic of the Sudan, le Egepeto. Noka ya Nile ke yone e e ntshang metsi a magolo kwa Egypt, Sudan le South Sudan. Mo godimo ga moo, nokaya Nile e botlhokwa mo go tsa ikonomi, e thusa mo temothuong le mo go tsholeng ditlhapi.