Nkange

Go tswa ko Wikipedia
Nkange
Nkange is located in Botswana
Nkange
Nkange (Botswana)
Kgaolo
Bokone botlhaba
Setshaba
3550 (2011)

Nkange ke motsana yo o fitlhelwa ko bokone bontlha jwa kgaolo Legare. Motse o o sekgala sekanna lesome lebotlhano go tsweng mo motseng wa Tutume. Nkange o na le le dikgotlana di ka dile bonne eleng Ipungu, Ndzonga, Fungwani le Mabuwe. Motse o dikologilwe ke metse ya Changate, Senete le Dagwi. Nkange o na le ditlhabololo ditswhana le sepatela, sekolo se se golwane Nkange CJSS, le tse potlana tse pedi Nkange primary le Mabuwe primary. Ditlhamelo di tshwana motakase le metsi ga e sa tole ile bothata jo bo kalo. Motse o go fitlhelwa batho ba letso la sekalaka mo bontsi ba bone ba santseng ba ipela ka ngwao ya bone le puo ya bone.

Ngwao[fetola | Fetola Motswedi]

Mo motseng wa Nkange go fitlhelwa Bakalaka mo go rayang gore banni ba mo motse o ba dirisa ngwao ya Sekalaka. Ngwao ya Sekalaka e dirisiwa mo medirong ka go farologana e tsamaelanang le botshelo jwa bone. Ngwao ya Sekalaka e pharologano le ya merafe e mengwe ka ntlha ya ditsamaiso. Mo sekalakeng gona le dilo tse difarologaneng tse go dirisiwa ngwao mo go tsone jaaka manyalo, leso, go rapela pula le go baa botsetse.

Metshameko le itsebudutu[fetola | Fetola Motswedi]

Motshameko wa kgwele ya dinao ke metshameko yo o tumileng fela thata ko motseng wa Nkange segolo jang ka nako ya mafelo a ngwaga. Ka kgwedi Morule go nna le metshameko ya Nkange top 8 e mo yone banni ba motse o bayang ko go tsamaisa nako, go itumela le ditsala le go dira ditsala tse disha. Motshameko yo o setse ile tumelo mo bangweng ba motse o, gona le ditlhopha ditshwana le Nkange Movers F.C, Young Brothers F.C, Nkange Champions, Flying Stars le tse dingwe. Ko ntle ga kgele ya dinao gona le ko banni ba Nkange ba itisang teng jaaka bo Nkange Kwabangala Complex ko go nang le dishopo le ko go rekisewana dino tshididi jaaka bo Phutlhadichaba Bar.

Dijo le maungo[fetola | Fetola Motswedi]

Dijo tse di jewang thata ko motseng wa Nkange ke lebelebele, delele, phane le nama.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]