Nko

From Wikipedia
Jump to: navigation, search
Nko (ntša)
Nko (botlhe)

Nko ke karolo nngwe ya mmele mo ditshiding tse di na le lerapo la mokwatla e e dirisiwa go sireletsa mesima ya phefo, e letelelang phefo go tsena le go tswa mo ga makgwafo, go thatswa phefo e dirisanya le molomo. Fa morago ga nko go na le nama e gokeletsweng mo nkong e diphatlhana tsa phefo. Fa morago ga kgetsana ya phefo, phefo e feta mo mometsong, e bong e dirisiwa mo dirweng tsotlhe tsa mmele, e e salang e bo e dirisiwa mo makgwafong. Mo bathong, nko e fithelwa fa gare ga sefatlhego; mo ditshiding tse dinngwe e fa godimo ga molomo.

Kabakanyo ya phefo[baakanya | edit source]

Nko e dirisiwa go lomaganya lefatshe le mmele wa motho ka go laola phefo e e tsenang mo mmeleng e bo e e thuthafatsa, le go ntsha metsi a mo phefong pele e ka tsena mo mmeleng jaaka go diragala mo dikameleng. Nko e na le moritshana mo teng ga yone, o o diriwang go kganela dilo tse di sa thokegeng go tsena mo teng.

Botlhale jwa ditaelo[baakanya | edit source]

Nko e e metsi ya dintsa e dirisiwa go dupa tsela. Diphologolo di dirisa dirwe tsa mmele tse di amogelwa bo tsididi, kwa nko e leng tsididi teng ke gone ko di go dirisang go lemoga tsela e monko o tswang teng.

Kago ya mekgwa ya go hema phefo[baakanya | edit source]

Nko ya kolobe ya naga.

Mo ditshiding tsa metsi le dithapi tse di na le makgwafo, diphatlhana tsa phefo, di bulega go nna dikgetsana tse di bulegelang mo godimo ga molomo. Dikgetsana tse di dirisa serwe se se dirisiwang go hema phefo e bong dibokwana tsa nko e bo di dirisa dinama tse di lepeletseng tse gaufi le tsone. ko nteng ga dipopego tse di thwanang le ditshidi tsa metsi, thapi e e na le makgwafo,gape ga e dirise nko ya yone go hema, ka gore di hema ka molomo ya tsone. Ditshidi tsa metsi di nale serwe se dirisiwang go dupa, go na le dikoloti, mo ke kgetsi fela, fa e se mo ditshiding tse di rileng tsa metsi fela ,e dirasanya mmogo le dirwe tse di fithelwang mo nkong.[1]

Nko ya sika la dikwena e tona go feta ya diphologolo tse dingwe gape e fithelwa ko teng teng fa godimo ga legano. Dikwena tsone di na le nko e e telele thata go di feta, e e thusang phologolo fo hema fa e tibile ko tlase ga metsi. Nko ya sika la kwena e kgaogantswe gararo: bontle jwa yone phata ya konokono ya phefo . Dirwe tse di dirisiwa go oketsa go tsiboga ga mmele. Serwe se se dupang se agilwe sentle mo dinogeng le dikgathotsing, mo eleng gore ga di sa thole di amana gope le nko, di bulega fela fa godimo ga molomo. Serwe se se nnye mo dikhudung, mo e leng gore se tselela fela se tshwaraganye le nko, gape ga seyo mmo dikweneng tse di godileng thata.[1]

Dinonyane di nale nko e e tshwanang le ya sika la dikwena, nko ya teng e bopilwe fa godimo ga molomo wa yone. E ntswa di sa kgone go nka sentle, ntlwana ya phefo e nnyee, le fa e sena dikalo tse tharo, kago ya teng e e thata e tshwanang le ya diphologolotse di tsholang bana. Mo dinonyane ka bontsi, jaaka maphoi le merubisi, nko e sireditswe ke lonaka le le thata. Serwe se se dupang mo dinonyaneng o fithela se le teng se sa felela kana se seyo gothelele, go ya ka mefuta ya dinonyane.[1]

Ditlou di nale nko e e kgona go tshwara

Mo diphologolong di le di ntsi di na le nko e tona, e tsaya bophara jwa legatla lotlhe. Mo dithopeng tse dingqwe jaakaditshwene kgotsa di kgabo, mmantlhwane, and diphologolo tsa lewatle, nko e nnyenyefaditswe, gape diphologolo tse ga di kgone go dupa sentle. Nko ya diphologolo tse di tsalang bane e okeditswe, ka kago ya tlatso e ntsha bodilo jwa meno kwa godimo, go e dira bontlha bongwe jwa nko go tlogela bodilo jwa tlatso go nna fa godimo ga legano. Nko e e godisitsweng e e, e na le marapo a mararo a mo nkong a tswakatswakane go dira selo se se itsopileng, se thusa go thuthafatsa phefo pele e goroga ko makgwafong. Go bulega mo le gone go goroga ko marapo a legata, a dira phatha tsa phefo tse di bitswang kgetsi tsa phefo.[1]

Mo diphologolong tsa lewatles, nko e fokoditswe go nna mola wa nko, e e fudugetseng fa godimo ga thogo, e ntsa pobego ya mmele le go kgona go hema ko tlase ga metsi. Nko ya tlou yone e bopegile jaaka, serwe se se maaula se se leele, se se bidiwang pogo.

Serwe se se dupang sa diphologolo tse di tsalang bana se tshwana le sa sika lo kwena. Mo diphologolong ka bontsi, se fithelwa mo bodilong jwa phatha e e tletseng phefo wa , o o bulegelang mo leganong, o dirisa diso tse mo dithaeng go feta ka bodilo jwa tlatso, mme o bolege sentlentle nkong. Mme fela se se lathegile mo bo mmanthwane le mo ditshweneng, le batho tota.[1]

Mo dithaping[baakanya | edit source]

Thapi e na le go dupa mo bokoa, mo e leng gore ga gana mosola mo metsi a di tshelelang mo go one. Di na le nko mme, ntswa, e sa tshwane le tsa dikoloti, ga e na kgolagana le legano le fa e le go diriswa mo hemeng phefo. Mme le fa ntwa go ntse jaalo, e na le dikgwamanyana fa morago ga mola wa nko mo lethakoreng le le fa pele la thogo. Mo nakong tse dintsi mola ona o kgaogangwa ke nama e e tsopileng ga bedi, go letelela metsi go feta ka nko ka lethakore le lengwe go tswa ka le lengwe.[1]


Dikgwamana tse di bapile le nama e fithelwang mo nkong gape gantsi di na le go itsopa mo teng, go oketsa lefelo la bodilo. Mo di dithaengs,dikgwamana tse di tsenelela mo di phatha tse di mo marapong a thogo tse di tlaleletsang jaaka marapo a meno, fa mothaping e e senang marapos, di dira diphatanya tse di dikologang. Fa dintshwantsangwa le di koloti, phatha e e tletseng phefo ya dithapi ga e na mamina-a a na le ditshidi, ka gore ke matute a tholego.[1]

Mo ditshiding tse di na le lerapo la mokgwatla, the thapi tse di senang marapo a dithaa le thapi e e nnang mo boteng jwa lewatle, go na le mola wa nko o le mongwe le kgesi e e dirisiwang go phepafatsa phefo. Ke nnete gore phatha e e tetseng phefo le yone e bulegela mo matute a kwa tlase ga bo boko. Se ga se thokege mme, setshidi se se na le lerapo la mokwatla, se se sa leng se le teng ko tshimologong. Sekai ke ditswa mmung tsa thapi tse di nale le mela ya nko tse pedi, gape ke nngwe ya ditshidi tsa ntlha.[1]

O ka tsibogela[baakanya | edit source]

  • Nko ya motho
  • Borogo jwa phtha e tona e e na le phefo
  • bodilo jo bo metsi jwa lefatshe le se nang sepe mo moleng wa nko mo diphologolong tse dintsi, ae seyo mo di tshidi tsa maoto a mabedi jaaka motho.

Tse di lateng ketse di dirisitsweng go batla kitso ee kwadilweng fa[baakanya | edit source]

  1. 1.0 1.1 1.2 1.3 1.4 1.5 1.6 1.7 Romer, Alfred Sherwood; Parsons, Thomas S. (1977). The Vertebrate Body. Philadelphia, PA: Holt-Saunders International. pp. 453–458. ISBN 0-03-910284-X. 

Dikgoge tsa kwa ntle[baakanya | edit source]