Nthato Motlana

Go tswa ko Wikipedia

Dr. Nthato Harrison Motlana (16 Tlhakole 1925 – 1 Sedimonthole 2008) e ne e le rakgwebo yo o itsegeng wa Aforika Borwa, ngaka le molwela kgethotololo.

Botshelo ka fa tlase ga Kgethololo (Apareteiti)[fetola | Fetola Motswedi]

O sekesitswe le bo Nelson Mandela ke mmuso wa Apareteiti metlheng ya Defiance Campaign ya 1951–52, gape o tsere karolo e e bonagalang metlheng ya dikgaruru tsa kwa Soweto e le mongwe wa ditho tsa Komiti ya ba lesome ya Soweto e e neng e bitswa, Soweto Committee of Ten. [1] Motlana e ne e le mosimolodi wa lenaane la Black Community Programme, setlhopha se maikaelelo a sona e ne e le go matlafatsa batho batsho ba Aforika Borwa  mo go tsa kgwebo goba moruo, gape o simolotse Phaphama Africa Commercial Enterprises, Lesedi Clinic (bookelo ba ntlha ba boemogodimo ba mothomotsho ba poraebete), le Sizwe Medical Aid (letlolo la thusa tsa bongaka la ntlha la mothomotsho mo Aforika Borwa).[2]

Botshelo ka morage ga Kgethololo (Apareteiti)[fetola | Fetola Motswedi]

mo morago ga kgethololo, Motlana o ne a tsaya karolopele mo go simololeng ga New African Investments Limited, or NAIL, e neng ya reka bontsi ba dikwebo tse, mo metlheng e e fetileng, e neng e le dikooporasi tsa batho basweu ka tlhwatlhwa e e kwa tlase ga mebaraka. Tse di akaretsa kuranta e kgolo ya Aforika Borwa The Sowetan. [3] Ka lebaka la bogolo ba katlego ya gagwe mo kgwebong Motalana o ne a ungwa leina la "Ntate wa Matlafatso ya Bantsho Moruong goba Kwebong" (Father of Black Economic Empowerment)." [4]

Motlana e ne e le setho mo dibotong tse jaaka Putco, Rand Water Board, Adcock Ingram Group and Sasol, go tse dingwe tsa tirelo setshaba le ditheong tsa thuto. [5]

Leso[fetola | Fetola Motswedi]

O tlhokofetse ka 1 Sedimonthole 2008 kwa bookelong jwa poraebete jwa Johannesborogo.[5]

References[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Mandela mourns Nthato Motlana Southafrica.info
  2. Coetzee, C & Pienaar, H. (1999) "Nthato Harrison Motlana" from They Shaped our Century: The Most Influential South Africans of the Twentieth Century.
  3. "South African Media in Transition" by, Colin Sparks, Journal of African Media Studies, vol. 2, number 2, 2009 pg. 201
  4. The Lancet, Volume 373, Issue 9665, Page 716, 28 February 2009, Nthato Harrison Motlana
  5. 5.0 5.1 ""Motlana: the passing of a great man" by, Ndaba Dlamini, Joburg.org". Archived from the original on 2015-05-24. Retrieved 2015-06-04.