Nyawira Muthiga

Go tswa ko Wikipedia

Nyawira A. Muthiga ke moithuta diphologolo le tshomarelo ya tsone wa mo Aforika, yo eleng mokaedi wa lekgotla la Western Indian Ocean Marine Science Association Marine Programme kwa Kenya. Ke mankge wa tlhokomelo, pabalelo le tlhabololo ya ditsatlholego wa lekgotla la wildlife Conservation Society.

Botshelo jwa pele le thuto[fetola | Fetola Motswedi]

Muthiga o tsholetswe kwa lefatsheng la Kenya mme a nna dingwaga tsa gagwe tsa bongwana kwa Dar es Salaam.[1] O ne a dira dithuto tsa gagwe tsa degree in Biological Oceanography kwa United States. [2]O ne a fetsa master's degree kwa sekolong se segolwane sa ithutelo ditiro sa Florida State University, kwa a neng a ithutela seabe sa letswai mo go direng dijo ga setlhare sa Siderastrea siderea.[3]Muthiga o boetse kwa Kenya go ya go dira patlisiso ya gagwe ya dithuto tsa doctoral kwa University of Nairobi.

Patlisiso le tiro[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 2000 Muthiga o ne a tlhophiwa go nna tautona wa Western Indian Ocean Marine Science Association Board of Trustees (WIOMSA). O ne a okameste kgolo ya WIOMSA mo lefatsheng ka bophara, a aga dikgaolo le go ikgolaganya le batho.[4] Muthiga o bereketse Kenya Wildlife Service kwa a neng a eteletse pele thulaganyo ya lotshitshi lwa lewatle le mafelo a a bokgola.[5] Mo tirong e, Muthiga o ne a tlhomiwa modulasetilo wa Kenya Sea Turtle Conservation Programme.[6] O berekile go batlisisa makgolo a maje a a kwa tlase ga metsi kwa Western Indian Ocean.[7]

Muthinga e ne e le mosimolodi wa lekgotla la Wildlife Conservation Society, le le batlisisang le bo le tsenya mo tirisong dithulaganyo tsa go somarela maje a a kwa tlase ga lewatle, le go batla ditsela tse di babalesegileng tsa go letla mefuta e e mo kotsing go boela mo seemong.[8][9] Thulaganyo e thusa go babalela 90% ya maje a a kwa tlase ga lefatshe, gape ba tlhatlhobile mafelo a ka nna sekete mo mawatleng a Indo-Pacific le Carribbean.[10] Ka ngwaga wa 2007, Muthiga o nnile bontlha bongwe jwa World Commission on Protected Areas e le morulaganyi wa Kenya.O boletse fa go somarela maje a a kwa tlase ga lewatle, bo mankge ba matshelo a batho le ba tikologo ba tshwanetse go bereka mmogo.[11] O dumela gore tlhapi e e mmala wa namune ya triggergish e le botlhokwa mo go netefatseng botsogo jwa maje a.[12]

Muthiga o ne a fiwa seetsele sa Banovich Wildscapes Foundation Award for Conservation Excellence (ACE) ka ngwaga wa 2018, ka tiro ya gagwe mo tshomarelong ya mawatle.[8] Ka ngwaga wa 2020, Eco Magazine e ne ya bitsa Muthiga mongwe wa batlisisi ba bagolo ba maje a lewatle.[13]

Dietsele le ditlotla[fetola | Fetola Motswedi]

  • 2005 seetsele sa National Geographic Society/Buffett Award for Leadership[14]
  • 2018 seetsele sa Award for Conservation Excellence[8]
  • 2020 tlotla ya go bidiwa Top Coral Reef Researcher ke ba Eco Magazine[13]
  • 2020 seetsele sa Coral Reef Conservation Award[15]

Botshelo jwa gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Muthiga o nyalane le Timothy McClanahan o e leng mankge wa ditshedi tsa metsi wa lotso lwa Amerika.[1] O kopane le ene ka dingwaga tsa 1980 fa McClanahan a ne a ile dithutong kwa Kenya.[16]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 "Taking care of ocean habitats". The East African. Retrieved 2020-07-04.
  2. "Wildlife Discovery Series". Paul Gauguin Cruises. Retrieved 2020-07-04.
  3. Muthiga, Nyawira A (1984). The effects of salinity stress on the respiration and photosynthesis of the hermatypic coral Siderastrea siderea (Thesis).OCLC 11880436.
  4. "Nyawira Muthiga". WIOMSA. Retrieved 2020-07-04.
  5. "Honoring the Women Who Fight for Our Ocean (Part 3)". Ocean Conservancy. 2014-03-31. Retrieved 2020-07-04.
  6. "Nyawira Muthiga". The Ocean Foundation. Retrieved 2020-07-04.
  7. "Expedition Madagascar: Conserving Coral Reefs with Community Conservation". National Geographic Society Newsroom. 2015-06-12. Retrieved 2020-07-04.
  8. 8.0 8.1 8.2 "ACE AWARD 2018 NOMINEE". Wildscapes Foundation. 2018.
  9. "Staff". global.wcs.org. Retrieved 2020-07-04.
  10. "Coral - WCS.org". www.wcs.org. Retrieved 2020-07-04.
  11. "Integrating social and ecological science for effective coral reef conservation: Marine scientists implement a social-ecological systems framework in 85 communities across four countries". ScienceDaily. Retrieved 2020-07-04.
  12. "Triggerfish needed to grow reefs, new research finds". phys.org. Retrieved 2020-07-04.
  13. 13.0 13.1 "ECO ECO-SI Coral Reefs 2020 Page 12". digital.ecomagazine.com. Retrieved 2020-07-04.
  14. Gitaa, Tom (2005-12-01). "National Geographic Society Honors Kenyan Marine Conservationist". Mshale. Retrieved 2020-07-04.
  15. "Awards & Honors Recipients". International Coral Reef Society. Retrieved 2020-07-04.
  16. "Tim McClanahan works to save coral reefs using the language of science". American Association for the Advancement of Science. Retrieved 2020-07-04.