Opha Pauline Dube

Go tswa ko Wikipedia
Dube speaks at the World Meteorological Organization in 2019

Opha Pauline Dube kana Pauline Dube yo o tshotsweng ka ngwaga wa 1960 ke Motswana wa Moitsaanape wa tsa tlholego e bile gape ke Motlhatlhelela dithuto yo mogolo mo lephateng la Maranyane le Tlholego ko Unibesiting ya Botswana (Mmadikolo). Ke mongwe wa bakwadi ba IPCC's Special Report on Global Warming of 1.5 °C. Ke mongwe wa baitsaanape ba ba lesome le botlhano ba ba thamileng pego 2023 Global Sustainable Development ya United Nations.

Dithutego[fetola | Fetola Motswedi]

Dube o ne a abelwa setlankana sa MPhil mo Remote Sensing kwa Cranfield Institute of Technology kwa UK ka ngwaga wa 1989[1]. O ne a aloga ka dithuto tsa PHD go tswa kwa Unibesiting ya Queenland ka ngwaga wa 200. [2] o ne a amogela maemo a gagwe a bo doctorate ka thulaganyo ya tshwaragano ya University of Botswana le University ya Queensland e rulagantswe ke ba Commonwealth Scientific and Industrial Research Organisation. Tiro e e ne e akaretsa go dira ditlhotlhomiso tsa gore a mme mekgwa ya Sensing- based e e dirisiwang kwa mafelong a mafulo ko Australia a e ka dirisiwa go baya leitlho mafelo a a kgotlhelesegileng mo Botswana.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Staff Profiles/ University of Botswana www.ub.bw Retrieved 21-03-26
  2. Australia Alumni, Professor Opha Pauline Dube, awarded the International Alumni of the Year – Australia Awards Africa Retrieved 2021-01-26