Jump to content

Pato Kelesitse

Go tswa ko Wikipedia

Pato Kelesitse ke molwela tshomarelo ya tikologo go tswa kwa Gaborone, Botswana.[1] Pato gape ke Mothei wa Sustain267, e leng letsholo le le sa direng dipoelo le le rotloetsang ditharabololo tsa tshiamiso ya loapi go ralala Aforika, o ne a dira jaaka Modiredi wa Porojeke[2] mme jaanong o dira jaaka Moeteledipele wa Tsweletsopele kwa Climate Action Network ya Aforikaborwa.[3]

Pato Kelesitse
Pato Kelesitse as a Panelist During a panel discussion themed " CLIMATE CHANGE IN BOTSWANA" hosted by the Wikimedia Community User Group Botswana as part of Wangari Maathai Day Celebrations
Tsalo
Kanye, Botswana
Ke moBotswana
ThutoMasters in Developmental Studies
O itsegi kaClimate Justice

Ka ga gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Pato o tsholetswe kwa Kanye Botswana.[4] O tshwere dithutego tsa Bachelor of Arts (Honors) in Accounting and Finance, gape ke moithuti wa dithuto tse dikgolwane tsa Development Studies kwa University of Botswana. Pato ke moemedi wa Puso ya Botswana kwa Tumalanong ya Letlhomeso la Lekgotla la Ditshaba ka ga Phetogo ya Loapi[3] Ka 2019 Pato o ne a bidiwa mongwe wa “Baeteledipele ba Aforika ba le 40 ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le 40 ba go Itshoka ga Loapi” ke Wilton Park, Setheo sa Khuduthamaga sa Ofisi ya Mafatshe a Sele ya UK.[1] O ne a dira jaaka mogokaganyi wa Resilient40, e leng mafaratlhatlha a basha ba ba fetang masome marataro mo mafatsheng a le masome mabedi le boferabongwe a Aforika. Pato ke leloko la World Economic Forum Global Shapers Community-Gaborone Hub.[3]

Bolweladitshwanelo

[fetola | Fetola Motswedi]

Maitemogelo a ga Pato mo go bueleleng a akaretsa go rulaganya go nna le seabe ga basha le baagi, go gokaganya porojeke, mmogo le go aga bokgoni le go kwala ditokomane.[2] Jaaka feminist, o buelela go amogelwa ga melaometheo ya basadi ba Aforika mo go itebaganyeng le mathata a loapi.[3][5] E ne e le moemedi wa Aforika, jaaka mongwe wa baeteledipele ba basha ba lefatshe kwa Phuthegong ya Loapi ya UN mo go bueng le baeteledipele ba lefatshe ka ga phetogo ya loapi jaaka setlapele sa lefatshe.[3] O dira jaaka mogakolodi wa Letlole la Urgent Action Fund-Africa mme ke Moithuti wa Setlhopha sa FuturElect sa 2022.[5]

  1. 1 2 "These young leaders are driving action on nature and climate". World Economic Forum. 2023-01-15. Retrieved 2023-12-17.
  2. 1 2 "Pato Kelesitse, Project officer at the South African Climate Action Network and Curator of Global Shapers Community Gaborone Hub". Africa Economic Conference. Retrieved 17 Tlhakole 2026.
  3. 1 2 3 4 5 "Pato Kelesitse". Climate Justice Resilience Fund. Archived from the original on 2023-11-01. Retrieved 17 Tlhakole 2026.
  4. Ecoville Environmental Reporting in African Media Ep 18 with Pato Kelesitse, retrieved 2023-12-17
  5. 1 2 "SDG AS A COMPASS FOR NAVIGATING INTERSECTING CRISES" (PDF). International Development Law Organization IDLO. Retrieved 17 Tlhakole 2026.