Jump to content

Paula Jacques

Go tswa ko Wikipedia

Paula Jacques (yo o tshotsweng ka Paula Abadi ka 8 Motsheganong 1949) ke mokwadi wa

Paula Jacques
Tsalo
Paula Abadi

Tempolete:Birth-date and age[1]
Notable work
Deborah et les anges dissipés
O fetheletsePrix Femina

dibuka wa Mofora, mmegadikgang, le motshwari wa thulaganyo ya Cosmopolitaine mo seteisheneng sa setšhaba sa Fora sa France Inter.

Jacques o tsholetswe kwa Cairo, kwa Egepeto. Ene le ba lelapa la gagwe ba ne ba kobiwa kwa Egepeto ka 1957 ka nako ya puso ya ga Moporesidente Gamal Abdel Nasser. Lelapa la gaabo le ne la fudugela kwa Iseraele [1] kwa Jacques a neng a nna dingwaga di le tharo gone mo kibbutz. Ka 1961, Jacques le lelapa la gagwe ba ne ba tswa kwa Iseraele ba ya kwa Fora.

Dibuka tsa ga Jacques di bua thata ka Bajuta ba kwa Egepeto, segolobogolo ka dingwaga tsa bo1940 le bo1950. Dibuka tsa gagwe di ka tlhalosiwa jaaka tse di bontshang maemo a morago ga bokoloniale.

Mo dibukeng tseno tsa ditlhamane, Bajuda ba Baegepeto le Bamoseleme ba dirisana mmogo mo ditirong tsa letsatsi le letsatsi. Mo dibukeng di le mmalwa, tse di jaaka Gilda Stambouli souffre et se plaint (2002) le Un Baiser froid comme la lune (1983), Jacques o tsaya baanelwa ba gagwe go tswa kwa Egepeto go ya kwa Fora le kwa Iseraele kwa ba lebanang le mathata a setso. Kamano ya baanelwa le puo le setso sa Sefora e na le mathata mme go ntse jalo le ka kamano ya bone le Iseraele.

Batho ba ba tlhalosiwang ke Jacques ba lebana le go se itshokelane, go tlontlololwa, dikgopolo tse di sa tshwaneng, go sa tlhomamang ga dipolotiki le go se utlwane le ditso tse dingwe. Dibuka tseno di tlhalosa maemo a Bajuta ba neng ba tshela mo go one kwa Egepeto mo dingwageng le malatsi pele ga ba lelekwa ka dikgoka; dikai tse di gatetseng pele ke Lumière de l'oeil, L'Héritage de la tante Carlotta, Les Femmes avec leur amour, le La Descente au paradis. Mo dibukeng tsa gagwe tsa ditlhamane, Jacques o tlhalosa go boga le go tlontlololwa ga Bajuda le Bamoseleme mme o bontsha ka bobedi gore ba leba dilo jang.

Mo godimo ga go kwala dibuka, Jacques o ne a nna le seabe mo theatereng ya Sefora, radio le metswedi ya dikgang.[2]

Jacques ke mofenyi wa Prix Femina, 1991, ka Deborah et les anges dissipés.[3]

Dibuka[fetola | Fetola Motswedi]

  • Lumière de l’oeil. Paris: Mercure de France, 1980. English translation: Light of my Eye. Teaneck NJ: Holmes & Meier, 2009.
  • Un Baiser froid comme la lune. Paris: Mercure de France, 1983.
  • L’Héritage de Tante Carlotta. Paris: Mercure de France, 1987.
  • Déborah et les anges dissipés. Paris: Mercure de France, 1991. (Winner of the Prix Femina)
  • La Descente au paradis. Paris: Mercure de France, 1995.
  • Les Femmes avec leur amour. Paris: Mercure de France, 1997.
  • Gilda Stambouli souffre et se plaint. Paris: Mercure de France,2002.
  • Rachel-Rose et l’officier arabe. Paris: Mercure de France, 2006.
  • Kayro Jacobi: Juste avant l'oubli: Mercure de France, 2010.
  • Au Moins il ne pleut pas: Stock, 2015.
  • Children's story: Samia la rebelle.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 Cite error: Invalid <ref> tag; no text was provided for refs named r1
  2. Alan Astro (2009). Paula Jacques. Jewish Women: A Comprehensive Historical Encyclopedia
  3. "Tous les lauréats du Prix Femina". Retrieved 2 February 2011.[1]