Phetogo ya loapi le Madirelo a Ditlhapi

Go tswa ko Wikipedia
Go tshwara ditlhapi ka letlole le le tsholediwamg mo Bangladesh. lebopo la go tshwara ditlhapi mo ditshabeng tsa Bangladesh di tshabelelwa ke merwalela go tswa mo koketsegong ya bogodimo jwa lewatle.[1]

Madirelo a ditlhapi a amiwa thata ke tsa phetogo ya loapi ka mabaka a farologaneng: ditshidi tse di nnang mo tikologong ya mawatle di amiwa ke go oketsega ga mogote wa lewatle,[2] go nna botlhole ga lewatle, [3]le go ntsha okosejene, le fa go ntse jalo ditlamorago tsa metsi a monate a tikologo di rotloediwa ke temperetšhara ya metsi,go elela ga metsi, le tatlhegelo ya lefelo le ditlhapi di nnang mo go lone.[4]Ditlamorago tse di farologana ka bokao jwa ditlhapi.[5] Phetogo ya loapi e fetola kanamiso[6] ya ditlhapi gammogo le maduô a a kwa godimo a setlhopha sa dimela le diphologolo tse di nnang mo metsing. Phetogo ya loapi is solofetswe go tlisa dihetogo tse di mosola mo go nneng teng ga thekiso ya dikumo tsa ditlhapi.[7]Tsa lefatshe le ditlamorago tsa ikonomi di tla bo di le mosola, segolobogolo mo mafatsheng a ikaegileng thata mo lekalaneng le. Bontsi jwa kwelotlase ya bokgoni jo bokogodimo jwa go tshwara mo mafelong a boboatsatsi, bontsi mo dinageng tsa Borwa jwa Pacific.[7]

Ditlamorago tsa go fetoga ga loapi mo ditseleng tsa mawatle di ama go nna teng ga ditlhapi le temothuo ya metsi a mo metsing, tsela e batho ba tshelang ka yone e e ikaegileng ka go tshwara ditlhapi le bokgoni jwa mawatle ja go tshwara le go boloka khabone (pompo ya ditshedi). Ditlamorago tsa go tlhatloga ga metsi a lewatle go kaya gore ditshaba tsa batshwaraditlhapi ba ba dintshing tsa lewatle di amiwa thata ke diphetogo tsa loapi, mme go fetola dipopego tsa pula le tiriso ya metsi go ama go tshwarwa ga ditlhapi tsa metsi a a phepa le temothuo ya ditlhapi.[8] Ditlamorago tsa phetogo ya loapi mo themothuong ya a a mo metsing ke go oketsaga g dikotsi tsa merwalela, malwetsi, ditshenekegi le go thunya ga bolele jo bo kotsi jo bo ka bakang tatlhegelo ya ntshokuno le mafaratlhatlha.[7]

Ditlamorago tsa go fetoga ga loapi mo mawatleng[fetola | Fetola Motswedi]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Sarwar G.M. (2005). Impacts of Sea Level Rise on the Coastal Zone of Bangladesh (PDF) (Master's thesis). Lund University. Archived from the original (PDF) on 15 August 2012. Retrieved 2023-04-08.
  2. Observations: Ocean Climate Change AND sea Level Archived 2017-05-13 at the Wayback Machine In:Climate Change 2007: The Physical Science Basis. Contribution of Working Group I to the Fourth Assessment Report of the Intergovernmental Panel on Climate Change.(15 MB). retrieved 2023-04-08
  3. Doney, S. C. (March 2006). "The Dangers of Ocean Acidification" (PDF). Scientific American. 294 (3): 58–65. Bibcode:2006SciAm.294c..58D. doi:10.1038/scientificamerican0306-58. PMID 16502612. retrieved 2023-04-08
  4. US EPA, OAR (2015-04-07). "Climate Action Benefits: Freshwater Fish". US EPA. Retrieved 2020-04-08.
  5. Weatherdon, Lauren V.; Magnan, Alexandre K.; Rogers, Alex D.; Sumaila, U. Rashid; Cheung, William W. L. (2016). "Observed and Projected Impacts of Climate Change on Marine Fisheries, Aquaculture, Coastal Tourism, and Human Health: An Update". Frontiers in Marine Science. 3. doi:10.3389/fmars.2016.00048. ISSN 2296-7745. retrieved 2023-04-08
  6. Cheung, W.W.L.; et al. (October 2009). Redistribution of Fish Catch by Climate Change. A Summary of a New Scientific Analysis (PDF). Sea Around Us (Report). Archived from the original (PDF) on 2011-07-26. retrieved 2023-04-08
  7. 7.0 7.1 7.2 anuel Barange; Tarûb Bahri; Malcolm C. M. Beveridge; K. L. Cochrane; S. Funge Smith; Florence Poulain, eds. (2018). Impacts of climate change on fisheries and aquaculture: synthesis of current knowledge, adaptation and mitigation options. Rome: Food and Agriculture Organization of the United Nations. ISBN 978-92-5-130607-9. OCLC 1078885208. retrieved 2023-04-08
  8. Intergovernmental Panel on Climate Change (IPCC), ed. (2022), "Sea Level Rise and Implications for Low-Lying Islands, Coasts and Communities", The Ocean and Cryosphere in a Changing Climate: Special Report of the Intergovernmental Panel on Climate Change, Cambridge: Cambridge University Press, pp. 321–446, doi:10.1017/9781009157964.006, ISBN 978-1-00-915796-4, S2CID 246522316, retrieved 2023-04-08