Puiso-Batho

Go tswa ko Wikipedia


Illegal Wildlife Trade Conference London 2018 (45245990491)


Puiso-batho[fetola | Fetola Motswedi]

Puiso batho ke fa batho ba abelana megopolo kana ba abelana melaetsa.Puiso-batho re ka e utlwa mo seromamoweng ,ra e bona mo setshwantshong sa motshikinyego(thelebisene)kana ra reetsa sebui se re baya lefoko pele.E ka tswelela e dirisiwa mo phuthegong ,mo meletlong kana mo thuto seka-puisano.E na le setlhogo, ditumediso, matseno, mmele le bokhutlo

Popego ya Puiso batho[fetola | Fetola Motswedi]

Puiso-batho e na le dikarolo tse di farologaneng mme tsone ke tse di latelang;

  • Setlhogo le ditumediso
  • Matseno le mmele
  • Bokhutlo

Setlhogo le ditumediso[fetola | Fetola Motswedi]

Setlhogo Setlhogo sa puiso-batho se botlhokwa ka gore se senola gore phuthego e tshwaretswe kae,leng,ke mang,ka ga eng.Sekai;Tona ya Thuto Khumo Machakga o buisa phuthego ya barutabana ka maitsholo a bone ,kgwedi ya phukwe e tlhola gane 2001,kwa sekolong sa Lekadibeng


Ditumediso Mo ditumedisong sebui se tshwanetse go dumedisa ba tsenelela phuthego go ya ka maemo a bone sebui ga se ya tshwanela go ba tlhakatlhakanya fela.Fa gongwe ,go tlhatlologana ga bareetsi ka maemo a bone go laolwa ke gore puiso-batho e lebagantswe ke bomang,kae,ka eng Sekai;Fa go buisiwa phuthego kwa kgotleng ,tlwaelo ke go dumedisa mong gae pele(kgosi)le fa go na le ba ba mo fetang ka maemo jaaka molaodi wa kgaolo.Gape ,go na le gore sebui se se ka sa balolola bareetsi ba ba teng jaaka se ka re ; .Bagaetsho kana Betsho ,ke lo dumedisa ka pula.Kana .Bakgatla ,ke lo dumedisa ka e e namagadi.

Matseno le mmele[fetola | Fetola Motswedi]

Matseno

Matseno a botlhokwa thata gore sebui se kgone go ngoka theetso ya bareetsi mme o ka dirisa mafoko a tshwana le bagetsho,batswana betsho,bommotlana,bakwena,botsadi jo bo tlotlegang.Sebui se tshwanetse go tlhalosa gore ke eng se beditse phuthego.

Mmele

Mmele wa puiso o tla laolwa ke gore se mmui a tsileng go bua ka sone se boleele bo kae mme gape o tshwanetse go bua mathata a a leteng ,a bakilwe ke eng le gore a ka rarabololwa jang.Fela jaaka mo polelong ,ntlha nngwe le nngwe e tshwanetse go nna le temana ya yone.

Bokhutlo

Bokhutlo ke mafoko a a tlang kwa phelelong ya puiso-batho.Kwa bokhutlong mmui o digela phuthego ka go fa batsenelela phuthego molaetsa ,mmui o ka ba fa molaetsa wa kgothatso kana a ba fa kgakolo.