Qinisile Mabuza

Go tswa ko Wikipedia
Qinisile Mabuza
Judge of the COMESA Court of Justice
Assumed office
2015
Appointed byKing Mswati III
Ka Ga Ena
TiroAttorney, Judge

Qinisile Mabuza ke moatlhodi wa Moswati, ke ene moatlhodi wa ntlha wa mosadi kwa Eswatini. E ne ele ene gape mme wa ntlha wa mosekisi ka nako e a neng a simola tiro ka ngwaga wa 1978.

Tiro[fetola | Fetola Motswedi]

Qinisile Mabuza e nnile e ne mme wa ntlha go nna mmueledi kwa Eswatini fa a ne a amogelwa mo go tsa molao ka ngwaga wa 1978, o ne a tswelela a ya go nna mme wa ntlha wa moatlhodi kwa lefatsheng leo.[1] Ka ngwaga wa 2010, o ne a okametse tshwetso e e neng ya fa bomme ba Eswatini ditshwanelo tse di lekalekanang le tsa borre mo go tsa dithoto, a bua gore nako e fetile e le ntsi fa e sale go amogelwa molaomotheo wa Eswatini ka ngwaga wa 2005 go fetola melao go gagamaditswe, bogolo jang e e amang bomme ba ba sa leng ba faphelwa kwa thoko dingwaga di le dintsi mo dikarolong tse dintsi tsa molao.[2] E ne e le ene fela mme wa Moswati wa matlhodi,[3] le fa go ne ga thapiwa mme o mongwe morago.[1] Mabuza o ne a le leloko la setlhopha se se neng se batlisisa dintlha se se neng sa tsaya loeto go ya kwa Zambia mo boemong jwa International Court of Justice go dira dipatlisiso ka dikgang tse di amang go seegelwa kwa thoko ga baatlhodi ba le bararo kwa lefatsheng leo.[4]


Babegadikgang ba kwa Eswatini ba ne ba bega ka ngwaga wa 2014 gore Chief Justice Michael Ramodibedi o ne a ntshitse makwalo a taolo ya go tshwara baatlhodi bao, ebile a kopile mapodisi go ela tlhoko ditiro tsa ga Mabuza. Se se ne sa ganwa, mme ga buiwa gore ke phetolo ya bone mo go emeng kgatlhanong le go thapiwa ga moatlhodi o mmotlana Judge Mpendulo Simelane.[5] Kgosi Mswati wa boraro o ne a ema nokeng Mabuza go nna moemedi wa lefatshe kwa Common Market for Eastern and Southern Africa (COMESA) court of Justice ka ngwaga wa 2015. Se se ne se le kgatlhanong le kgakololo ya ga Ramodibedi o neng a leka gore Simelane e nne ene a emelang lefatsheng la Eswatini kwa kgotlatshekelong. Mabuza o ne a tlhophiwa ele tlhogo ya COMESA court of instance ka Lwetse ngwaga ya 2016.[6]

Kitso Tlaleletso[fetola | Fetola Motswedi]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 Dlamini, Welcome (28 September 2014). "All is not well - Judge Qinisile". Swazi Observer. Archived from the original on 30 November 2014. Retrieved 6 November 2017.
  2. Phakathi, Mantoe (5 March 2010). "RIGHTS-SWAZILAND: Property Rights At Last for Women". Inter Press Service. Retrieved 6 November 2017.
  3. Otieno, Janet (8 March 2010). "Property rights: A mockery for Swazi women". Africa Review. Retrieved 6 November 2017.
  4. "Word for word: What International jurists said on suspension of judges". Zambia Watchdog. 22 May 2012. Retrieved 6 November 2017.
  5. "Judges' arrests on hold as Emaswati furore continues". amaBhungane. 22 May 2014. Retrieved 6 November 2017.
  6. Jele, Linda (17 September 2016). "Judge Qinisile Lands Top Post". Swazi Observer. Press Reader. Retrieved 6 November 2017.