Jump to content

RC Strasbourg Alsace

Go tswa ko Wikipedia
Strasbourg
Setshwantsho:Racing Club de Strasbourg logo.svg
Leina ka botlaloRacing Club de Strasbourg Alsace
Maina a tshamekoLe Racing
Le RCS
Les Bleu et Blanc (The Blue-and-Whites)[1]
Tshimologo1906; 118 years ago (1906)
LebalaStade de la Meinau
Palo26,109
Mong wa setlhophaBlueCo
PresidentMarc Keller
MotsamaisiPatrick Vieira
LekiTempolete:French football updater
Tempolete:French football updaterTempolete:French football updater
MaranyaneClub website

Racing Club de Strasbourg Alsace (e e itsegeng jaaka RC Strasbourg, Racing Straßburg, RCSA, RCS, kgotsa fela Strasbourg; Alsatian: Füeßbàllmànnschàft Vu Stroßburri) ke setlhopha sa kgwele ya dinao sa kwa Fora se se tlhamilweng ka 1906, mme se le kwa toropong ya Strasbourg, Alsace. Se na le maemo a porofeshionale e sale ka 1933 mme mo bogompienong e tshameka kwa Ligue 1, maemo a a kwa godimo a kgwele ya dinao ya Fora, fa e sale se fenya bommampodi ja 2016-17 Ligue 2. Se se tlile morago ga gore setlhopha se se ne se fologetse kwa maemong a botlhano a kgwele ya dinao ya Sefora kwa bokhutlong jwa setlha sa 2010-11 sa Championnat National morago ga go tsena momathateng a madi. Ba ne ba fetola leina la bone go nna RC Strasbourg Alsace, ba ne ba fenya CFA Championship ka 2012-13, mme kwa bofelong ba nna bafenyi ba Championnat National ka 2015-16. Lebala la bome la metshameko ya gae, go tswa ka 1914, ke Stade de la Meinau.

Ke sengwe sa ditlhopha tse thataro tse di fentseng dikgele tse tharo tse dikgolo tsa Fora: Championship ka 1979, Coupe de France ka 1951, 1966 le 2001 le Coupe de la Ligue ka 1964, 1997, 2005 le 2019. Strasbourg gape ke nngwe ya ditlhopha di le thataro tse di tshamekileng go feta metshameko e le 2000 mo setlhopheng sa maemo a a kwa godimo sa Fora (se se tsereng ditlha di le masome matlhano le borataro)[2] mme se tsere karolo mo metshamekong ya Yuropa e le masome matlhano le bobedi fa e sale ka 1961.[3] Le fa go na le diphitlhelelo tse, setlhopha ga se ise se kgone go itshupa e le nngwe ya ditlhopha tse di kwa godimo tsa Fora, e bile se kile sa fologela kwa tlase gangwe mo lesomeng la dingwaga fa e sale ka bo1950. Racing e ile ya fetola motsamaisi wa yone makgetlho a le masome matlhano le bobedi mo dingwageng di le masome a supa le botlhano ba tshameka e le porofeshionale, gantsi e le ka ntlha ya go gatelelwa ke babogedi.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "#898 – RC Strasbourg : les bleu et blanc" (in Se Fora). Footnickname. 18 November 2022. Retrieved 18 November 2022.
  2. "Ligue de Football Professionnel : Ligue 1, actualités, résultats, classements, statistiques". Lfp.fr. Archived from the original on 22 August 2008. Retrieved 19 November 2008.
  3. "Ligue de Football Professionnel : Coupe UEFA, Coupes d'Europe, Coupe de France, Ligue des Champions". Lfp.fr. Archived from the original on 17 December 2008. Retrieved 19 November 2008.