Rose Mukankomeje

Go tswa ko Wikipedia
Rose Mukankomeje
Mukankomeje a na le barongwa go tswa Rwanda kwa Paris ba buwa ka tsa loapi
TiroMopolotiki, Moithutatshelo le molweladiphetogo tsa tikologo

Rose Mukankomeje ke mopolotiki, moithutatshelo le molweladiphetogo tsa tikologo go wa Rwanda, yo tiro ya gagwe e itebagantseng le go somarela naga ya Rwanda.

Tiro[fetola | Fetola Motswedi]

Mukankomeje o berekile e le leloko la palamente ya Rwanda go tswa ka ngwaga wa 1995 go fitlha ka ngwaga wa 2001.[1]

Mukankomeje o berekile e le Moeteledipele mogolo kwa Rwandan Environment Management Authority(REMA).[2] Tiro ya gagwe e ne ya dira gore Melawana ya naga ya Rwanda (Rwanda's National Forest Policy) e akarediwe mo dietseleng tsa 2011 Future Policy Award, e e neng e nankotse poelomorago e kgolo mo go fokotsegeng ga kitlano ya tikologo.[1][3]

Ka ngwaga wa 2013, Mukankomeje o ne a amogela seetsele sa tlotla sa Forest Hero go tswa ka United Nations Forum on Forests.[2] Seetsele se ne sa nankola seabe sa gagwe mo tlhabololong ya Umuganda, tiro ya kgwedi le kgwedi ya go jwala ditlhare ke baagi, go rotloetsa go tlamela temothuo, le tiro ya gagwe mo go emiseng tiriso ya dipolaseteke mo lefatsheng la gagwe.[2]

Ka kgwedi ya Mopitlo ngwaga wa 2016, Mukankomeje o ne a kobiwa mo tirong ya gagwe ko REMA, ka dipelaelo tsa tshenyetso sechaba.[4] O ne a beilwe molato wa go senya bosupi, go tlhoka go bipa mpa ka mabele mo dikgannyeng tsa tiro, le go senya dikolo tsa puso leina, o ne a tshwarwa ka kgwedi ya Mopitlo e le malatsi a le masome a mabedi,[5][6] a sekisiwa, le fa melato ya gagwe e ne ya phimolwa ka Lwetse 2016.[4][7]

Ka ngwaga wa 2019, Mukankomeje o ne a thapiwa e le mookamedi wa khansele ya dithuto tse di kgolwane (Director General of High Education Council (HEC) kwa Rwanda.[4]

Botshelo jwa Gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Mukankomeje o ne a ya go dira dithuto tsa gagwe kwa moseja, ka nako e go neng go le kganyaolo ya batho kwa Rwanda, kwa a neng a latlhegelwa ke batsadi le batsalwa le ene.[2] E rile a boela kwa Rwanda o ne a feta a nna motsadi wa nakwana (forster parent) wa bana ba le masome mabedi le bone ba e seng ba gagwe ba ba neng ba latlhegelwa ke batsadi ka nako ya kganyaolo ya batho.[2]

Mukankomenjeo o ne a tsaya setlankana sa PHD ya Moithutatshelo ka ngwaga wa 1992.[1]

Dipadi tse di tlhophilweng[fetola | Fetola Motswedi]

  • Mukankomeje, R., F. Laviolette, and J-P. Descy. Régime alimentaire de Tilapia, Oreochromis niloticus, du lac Muhazi (Rwanda). Annales de Limnologie-International Journal of Limnology 30.4 (1994).
  • Mukankomeje, R., Plisnier, PD., Descy, JP. et al. Lake Muzahi, Rwanda: limnological features and phytoplankton production. Hydrobiologia 257, 107–120 (1993). https://doi.org/10.1007/BF00005951
  • Mukankomeje, R., Micha, J. C., Descy, J. P., & Frank, V. Potential production of an introduced species (Protopterus aethiopicus Heckel, 1871) based on ecosystem Lake Muhazi (Rwanda) modelling. Mededelingen der Zittingen-Koninklijke Academie voor Overzeese Wetenschappen (1996).

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 1.2 "United Nations Forum on Forests » Africa". www.un.org. Retrieved 2022-03-09.
  2. 2.0 2.1 2.2 2.3 2.4 "United Nations Forum on Forests » UNFF » One woman's heroic efforts to restore more than just Rwanda's forests". www.un.org. Retrieved 2022-03-09.
  3. "Forest policies in Rwanda, United States and Gambia win UN-backed awards". UN News. 2011-09-21. Retrieved 2022-03-10.
  4. 4.0 4.1 4.2 "Senate Powers to Confirm Officials Creates Heated Debate in Plenary". KT PRESS. 2019-11-14. Retrieved 2022-03-09.
  5. "REMA boss Mukankomeje arrested". The New Times | Rwanda. 2016-03-21. Retrieved 2022-03-17.
  6. "Mukankomeje appeals remand decision". The New Times | Rwanda. 2016-04-09. Retrieved 2022-03-17.
  7. "Prosecution withdraws case against Rose Mukankomeje". The New Times | Rwanda. 2016-09-30. Retrieved 2022-03-10.

Metswedi e Mengwe[fetola | Fetola Motswedi]