SADiLaR

Go tswa ko Wikipedia

SADiLaR (Setheo sa Aforika borwa sa metswedi ya puo ya digithale),ke letsholo le le tshegediwang ke Lefapha la Saense le Tlhabololo go tlhama le go tsamaisa didirisiwa tsa digithale le software e e tshegetsang patlisiso le tlhabololo ya didirisiwa tša puo ya digithale mo Aforika Borwa.[1][2]

Hisitori[fetola | Fetola Motswedi]

Setheo se, se simolotswe ka ngwaga wa 2016, mme se tshwaretswe kwa Yunibesithing ya Bokone-Bophirima, [3] Setheo se se ikaeletse go tlamela ka lefelo la didirisiwa le le kgontshang, le dirang, le laolang le go anamisa dipatlisiso tsa dijithale tse di amanang le dipuo tsotlhe tsa semmuso tsa Aforika Borwa. [4] E dira jaaka lefelo la go nna le di-node di le mmalwa, go akaretsa diyunibesithi tse dingwe, ditheo tsa patlisiso le diakhaefe tsa setšhaba.

Di-node[fetola | Fetola Motswedi]

Di-node[5] tse di golagangwang le SADiLaR di akaretsa;

  • CSIR (Setlhopha sa dipatlisiso sa HLT)
  • Setheo sa Ditirelo tsa Tlhabololo le Tlhatlhobo ya Dipuo (ICELDA)
  • Lefelo la thekenoloji ya mokwalo (Centre for Text Technology)
  • Yunebesithi ya Stellenbosch (Tlhabololo ya puo ya bana)
  • Yunibesithi ya Pretoria (Lefapha la dipuo tsa se Aforika) [6]
  • Yunibesithi ya Aforika Borwa (Lefapha la dipuo tsa se Aforika) [7]

Tirisanommogo[fetola | Fetola Motswedi]

Setheo se, se na le seabe mo tirisanong magareng ga Wikipedia le Pan South African Language Board. Mmogo ba simolotse porojeke ya SWiP kwa Yunibesithing ya Aforika Borwa ka Lwetse 2023. SWiP e buelela tekatekano gareng ga dipuo tsotlhe tsa selegae le go rotloetsa ditšhaba tsa dipuo mo Aforika Borwa go bonala thata mo Wikipedia le go tsenya tshedimosetso ka puo ya bone.[8]

Ditshupiso[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Government Establishes a New Digital Centre to Promote Indigenous Languages". www.dst.gov.za.
  2. Gugu Lourie (2019). "South Africa to Launch Centre for Digital Language Resources".
  3. "SADiLaR takes the lead in digitising establishing 11 national languages | news.nwu.ac.za". news.nwu.ac.za.
  4. Linda Stokman (2018). "South Africa joins CLARIN ERIC as observer".
  5. "SADiLaR Nodes". sadilar.org/. 2020.
  6. "WATCH: SADiLaR digitisation node at UP developing SA languages 'in an African way, developed by Africans for Africans'". www.up.ac.za/. 2020.
  7. Naidu-Hoffmeester, Rivonia (2020). "Developing digital African language resources". www.up.ac.za/.
  8. Birgit Ottermann. "SWiP project to champion SA's indigenous languages online".