Salamat Azimi

Go tswa ko Wikipedia
Salamat Azimi
Tsalo1965 (age 58–59)
Andkhoy, Faryab, Afghanistan
Alma mater
Tiro
  • Law professor
  • politician
MohiriBalkh University
Counter Narcotics Minister
In office
21 April 2015 – 15 August 2021
PresidentAshraf Ghani

Salamat Azimi o o tshotsweng ka ngwaga wa 1965 ke lepolotiki la kwa Afghanistan, o o berekileng e ele tona wa lephata le le lwantshang tiriso le thekiso ya diritibatsi.

Botshelo jwa a le mmotlana le thuto[fetola | Fetola Motswedi]

Azimi o tsholetswe kwa kgaolong ya Andkhoy District e e kwa province ya Faryab ka ngwaga wa 1965. Ke motho wa lotso lwa Uzbek.[1] O tsene sekolo se segolwane kwa Abu-Muslim Khurasani High School, mme a ya go dira tsa molao le sepolotiki (Law and Political Science) kwa Kabul University. O alogile ka master's degree kwa Payame Noor University ka ngwaga wa 2014.[2]

Tiro[fetola | Fetola Motswedi]

Azimi e ne ele porofesa wa tsa molao le sepolotiki ebile e le tlhogo ya lephata la molao kwa Balkh University.[1] E ne e le leloko la lekgotla le le itebagantseng le go boloka kagiso la Balkh ka ngwaga wa 2011, mme ebile gape e le leloko la lekgotla le le bayang melao kwa Balkh ka ngwaga wa 2012. Go tswa ka 2011 go tsena ka 2015, o ne a eteletse pele tlhokomelo ya ditshwanelo tsa bana kwa bokone jwa Afghanistan, a berekela kwa komisining ya Afghan Independent Human Rights Commission kwa Mazar-i-Sharif. O berekile gape e ele mokaedi wa kompone ya Aryana Legal Organization.[2]


Azimi o tlhophilwe go nna tona wa thibelo thekiso le tiriso ya diritibatsi ke tautona Ashraf Ghani ka ngwaga ya 2015, Moranang a le malatsi a le masome a mabedi le bongwe.[1][3] [4]Ba lefatshe la United States ba mmona a tlhophilwe ke Dostum. [5]Tiro e e supilwe e le tiro e e thata go gaisa ditiro tsotlhe mo lefatsheng.[6] Ka ngwaga wa 2015, Phukwi, Azimi o ne a re batho ba le dimilione di le tharo le dikete di le tlhano tsa batho kwa Afghanistan ba tshwakgotswe ke diritibatsi,[7] mme ka ngwaga wa 2016, temo ya setlhare sa opium ya oketsega ka lesome mo lekgolong (10%)[8]

Ka Ngwanatsele ngwaga wa 2016, lekgotla la Wolesi Jirga le ne la rola maloko a palamente a le supa ditiro malatsia ka feta bone ka nako ya fa ba botsolosiwa. Maloko a le masome a supa le bongwe a ne a baya tshepo ya bone mo go Azimi.[9]


Ofisi ya United Nations on Drugs and Crime (UNODC) e ntse e bereka le lephata la thibelo tiriso le thekiso ya diritibatsi la Afghanistan. Bobedi bo bo ne jwa rulaganya bokopano jwa malatsi a mabedi bo bo neng bo itebagantse le go rotloetsa mananeo a mangwe a tlhabololo mo gae le mo mafatsheng kwa Afghanistan kwa Ashgabat Turmenistan. porofesa ebile e le tona Salamat Azimi o ne a begela baphuthegi ka melao ya puso ya gagwe go tshegetsa seelo se. Mafatshe a mangwe a a neng a tsaya karolo ko bokopanong boo ke Pakistan,Tajikstan, Uzbekistan, Kazakhstan, Iran, Turkmenistan, Thailand le Colombia. Mafatshe a United States, Russia, Japan le lekgotla la European Union le one a ne a eme nokeng bokopano jo.[10]

Botshelo jwa gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Azimi ke mme o o nyetsweng, gape a na le bana ba le batlhano.[1]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 1.2 1.3 "Finally Towards a Complete Afghan Cabinet? The next 16 minister nominees and their bios (amended)". Afghanistan Analysts Network. 24 March 2015. Retrieved 8 January 2017.
  2. 2.0 2.1 "Who is in Afghan Cabinet". Pajhwok Afghan News. 2014. Retrieved 8 January 2017.
  3. "Afghan cabinet nearly complete after months of delay". BBC. 21 April 2015. Retrieved 8 January 2017.
  4. "Afghan parliament approves 16 more Cabinet nominees". The San Diego Union-Tribune. Associated Press. 18 April 2015. Retrieved 8 January 2017.
  5. Tlisova, Fatima; Zahid, Noor (26 April 2016). "Snubbed by US, Afghan Warlord Looked to Russia". VOA News. Retrieved 8 January 2017.
  6. Zabriskie, Phil (30 September 2009). "Afghanistan's drug czar – world's toughest job". CNN.
  7. "Salamat Azimi: 11% of the Afghan Population Are Drug Addicts". Women Press. 15 July 2015. Retrieved 8 January 2017.
  8. "Afghan opium cultivation jumps 10 per cent in 2016: United Nations". The Indian Express. 23 October 2016. Retrieved 8 January 2017.
  9. "Afghan MPs dismiss Communications and IT minister, approve 3 other ministers". Khaama Press. 15 November 2016. Retrieved 8 January 2017.
  10. "Tag: Professor Salamat AzimiUNODC, Afghanistan partner to strengthen drug control and promote economic development in the country". Archived from the original on 2023-10-12. Retrieved 2023-10-11.