Sara Collins

Go tswa ko Wikipedia
Sara Collins
Tsalo
Kingston, Jamaica|Kingston Jamaica
Alma materLondon School of Economics University of Cambridge
TiroWriter
Mosadi
Iain McMurdo
(m. 2008)
Maranyanesaracollinsauthor.com

Sara Collins ke mokwadi wa dibuka o kileng a nna mmueledi, wa ditso tsa Caymanian-British, mme a tshotswe e le mo Jamaica. O fentse seetsele sa Costa Book Award ka buka ya gagwe ya ngwaga wa 2019 ya ditso tse di itlhametsweng ya The Confessions of Frannie Langton.[1]

Botshelo jwa gagwe jwa pele le molao[fetola | Fetola Motswedi]

Collins o tsholetswe kwa Kingston kwa Jamaica. Lolwapa lwa gagwe lo fudugetse kwa Grand Cayman kwa Cayman Islands, kwa e leng lolwapa lwa ga mmagwemogolo mo lotlhakoreng lwa ga rragwe, fa a le dingwaga di le nne ka ntlha ya dintwa tsa sepolotiki tse di tlhagogileng morago ga ditlhopo tsa kwa Jamaica tsa ngwaga wa 1976.[2] O tsene sekolo se se nang le boroko kwa England a le dingwaga di le lesome le motso.[3][4]


Collins o ne a aloga mo go tsa molao kwa London School of Economics. O berekile e le mmueledi dingwaga di lesome le bosupa, mme ka yone nako eo o ne a tlhabolola International Trust Disputes a berekisana le ba bangwe. E ne e le mopati e bile e le tlhogo ya Trust & Private Client kwa ofising ya Cayman Islands ya Conyers Dill & Pearman.[5]

Bokwadi[fetola | Fetola Motswedi]

Collins o dirile dithuto tsa Master of Studies tsa bokwadi jwa boitlhamedi kwa Institute of Continuing Education, University of Cambridge ka ngwaga wa 2014 go tsena ka 2016.[6] Fa a tsena sekolo kwa Cambridge o ne a neelwa seetsele sa ngwaga wa 2016 sa Michael Holroyd ka buka ya gagwe ya Knocking on Walcott's Door.[7]


Buka ya The Confessions of Frannie Langton e sala morago ditiragalo tsa mme o o atlholetsweng polao, e kwaletswe tsheko ya gagwe kwa London ka ngwaga wa 1826 kwa Old Bailey. Frannie Langton o ne a godile e le lekgoba kwa ditshimong tsa sukiri kwa Jamaica, kwa mong wa gagwe a neng a mo firile mo patlisisong ya gagwe go bontsha gore batho ba Aforika ga se batho. O ne a neelwa George Benham le mosadi wa gagwe wa mo Fora kwa Lontone,[8] mme mo ditiragalong tse di bofitlha borra Benham ba bolawa.[9][8] Buka e e gatisitswe ka ngwaga wa 2019 ke ba Viking, ba ba e gatisitseng pele ga dikompone tse dingwe di ferabongwe di ne di supa kgatlhego.[10] Natasha Pulley fa a sekaseka buka e mo pampiring ya The Guardian, o e galaleditse a supa fa "Lentswe la ga Frannie le neelano ya ditiragalo di diragala ke bofefo. Mokanoki mo The Irish Times ene o supile fa buka e e na le go buelela bomme.[9] Collins o ne a fenya seetsele sa buka ya ntlha ka ngwaga wa 2019 sa Costa Book Award.[1]


Collins o ne a tlhophiwa go phadisanela seetsele sa McKitterick Prize sa ngwaga wa 2020, se se neelwang ke ba Society of Authors se neelwa mokwadi o o simololang dingwaga tsa gagwe di feta masome a mane.[11][12]


Ka ngwaga wa 2020, ITV e ne ya tlhalosa fa e kopile go fetolela The Confessions of Frannie Langton mo setshwantsho sa telebishini sa metseletsele e le mene le ba Drama Republic go simolola ka Phatwe ngwaga wa 2021 mme e fele ka Ngwanatsele.[13] Go dirwa ga setshwantsho go diragetse kwa Yorkshire kwa mafelong a tshwana le Duncombe Park, Dewsbury Town Hall, South parade, Wakefield, Dalton Mills, Hull Old Town, Temple Newsman, Versa Leeds Studios, York Mansion House, Bramham Park le Sledmere House.[14]

Botshelo jwa gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Collins o kgaoganya nako ya gagwe kwa Lontone le kwa Cayman. O ne a nyalana le mmueledi wa lotso lwa Scottish ebong Ian McMurdo ka ngwaga wa 2008. Bobedi jo ba ne ba na le bana pele ga ba kopana kwa ofising ya bone ya molao, McMurdo e ne e le motlholagadi a na le bana ba basetsana ba le bararo, mme Collins ene a tlhadilwe ka bana ba le babedi.[4][15]

Dikgatiso tse di tlhophilweng[fetola | Fetola Motswedi]

  • Collins, Sara (4 Moranang 2019). The Confession of Frannie Langton. Lontone. Viking. ISBN 978-0241349199
  • Collins, Sara; Steven Kempster; Morven McMillan; Alison Meek, eds. (2012) International Trust Disputes. Oxford. Oxford University Press ISBN 9780199594702

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 "Archive: Past winners". Costa. Retrieved 16 December 2020.
  2. "Sara Collins talks about her sublime debut". Leslie Lindsay. 19 June 2019. Retrieved 2 March 2021.
  3. Ho, Olivia (9 April 2019). "A world beyond just being a slave". Straits Times. Retrieved 2 March 2021.
  4. 4.0 4.1 "Sara Collins". Cayman Parent. Retrieved 2 March 2021.
  5. "International Trust Disputes: Author information". Oxford University Press. 19 January 2012. Retrieved 17 December 2020.
  6. "Meet ICE creative writing graduate, Sara Collins to mark the publication of her first novel". www.cambridgenetwork.co.uk. Cambridge Network. 2019. Retrieved 16 December 2020.
  7. Hatley, Josh (16 May 2016). "The Michael Holroyd Prize for 'Recreative' literature awarded at Madingley Hall". www.ice.cam.ac.uk. University of Cambridge: Institute of Continuing Education. Retrieved 16 December 2020.
  8. 8.0 8.1 Pulley, Natasha (4 April 2019). "The Confessions of Frannie Langton by Sara Collins review – a stunning debut". The Guardian. Retrieved 16 December 2020.
  9. 9.0 9.1 Gilmartin, Sarah (30 March 2019). "The Confessions of Frannie Langton: From the Caribbean to the courthouse". The Irish Times. Retrieved 16 December 2020.
  10. Cowdrey, Katherine (21 September 2017). "Viking pre-empts Collins' debut". The Bookseller. Retrieved 16 December 2020.
  11. "The 2020 McKitterick Prize - Celebrating debut novelists over 40". The Society of Authors. 11 August 2020. Retrieved 16 December 2020.
  12. "McKitterick Prize". societyofauthors.org. 8 May 2020. Archived from the original on 16 December 2020. Retrieved 16 December 2020.
  13. "ITV commissions adaptation of The Confessions of Frannie Langton novel". ITV Press Centre. 27 August 2020. Retrieved 16 December 2020.
  14. "The Confessions of Frannie Langton".
  15. Collins, Sara (1 January 2020). "Families are built by love, not biology: How new traditions made a difference to this blended family". Good Housekeeping. Retrieved 2 March 2021.