Setilo

Go tswa ko Wikipedia
Setilo sa ga Vincent van Gogh

Setilo ke karolo nngwe e e dirilweng ka legong gore go nniwe mo go yone, gantsi e tlhatlhogile moyo ga pe e ka nniwa ke motho a le mongwe.

Setilo gantsi se nna le maoto a le mane le fa go itshegediwang teng. Mme setilo se kgona go nna le maoto a palo tse di farologaneng go simolola ka bobedi , boraro , bone jalo jalo go laolwa ke gore ke sa mofuta ofe.[1]

Setilo se se senang boikaego kgotsa fa o bayang matsogo teng se bidiwa sepora, kgotsa sa moretologo se laolwa gape ke boleele jwa sone kgotsa gore se thusa thata mo lefelong lefe kgotsa bo mang. Mefuta ya ditilo e e ka bonwa mo dibareng, dikoloing, difofane jalo jalo,tse dingwe ke tsa gore di dirisetswang eng, jaaka tsa digole, bana jalo jalo. Dingwe jaaka tsa bogole di nna le maotwane go dira gore go nne bonolo fa se dirisiwa kgotsa e le se se dikologang[2]

Mo mefuteng e ya ditilo go nale gore gape se nna batho bale kae gape le modiro wa sone e le wa dilo tse di farologaneng jaaka matsela, letlhalo jalo jalo. Mme tsone tse di bidiwa dtilo tsa manobonobo[3]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "3 Legs Good; 4 Legs Bad". dirtcandynyc. Retrieved 2012-05-13.
  2. "Swing". The Free Dictionary By Farlex. Retrieved 2012-05-13.
  3. "Pouffe". The Free Dictionary By Farlex. Retrieved 2012-05-13.