Jump to content

Shah Rukh Khan

Go tswa ko Wikipedia

Shah Rukh Khan (o tshotswe ka 2 November 1965), o itsiwe gape ka leina la SRK, ke motshameki le motsamaisi wa difilimi wa Moindia mo baesekopong ya Hindi. O bidiwa "Baadshah of Bollywood" le "King Khan". O tlhageletse mo difiliming tse di fetang 100 mme o amogetse dikgele di le dintsi, go akaretsa le 14 Filmfare Awards. O ne a abelwa Padma Shri ke Puso ya India, Order of Arts and Letters le Legion of Honour ke Puso ya Fora. Khan o na le balatedi ba bantsi kwa Asia le mo lefatsheng lotlhe. O tlhalosiwa jaaka mongwe wa dinaledi tsa dibaesekopo tse di atlegileng thata mo lefatsheng. Bontsi jwa difilimi tsa gagwe di bua ka bosetšhaba jwa Maindia, dikamano tsa kwa moseja, bong, lotso, loago, le bodumedi.