Shonda Rhimes

Go tswa ko Wikipedia
Shonda Lynn Rhimes
TsaloJanuary 13, 1970
Chicago, Illinois, U.S.
Alma materDartmouth College University of Southern California
TiroTelevision producerscreenwriter
Dingwaga tsa a le mo tirong1995–present
Bana3

Shonda Lynn Rhimes[1] o o tshotsweng ka ngwaga wa 1970 kgwedi ya Firikgong e le malatsi a le lesome le boraro[2], ke mosimolodi ebile e le mokwadi wa mo America, o simolotse kompone e e dirang ditshwantsho tsa motshikinyego e e bidiwang Shondaland. Mo ngwageng wa 2023, ke mongwe wa bomme ba bakgatlhisi ba ba humileng kwa America, dithoto, madi le dikhumo tsa gagwe tsotlhe ga di tlhakantswe di ka nna di milione tsa di dolara di le makgolo a mabedi le masome a matlhano.[3]


Rhimes o simolotse go itsege e le motsamaisi, modiri, mokwadi, le motlhagisi mogolo wa setshwantsho sa telebishini sa botsogo sa Grey's Anatomy e e simologileng ka ngwaga wa 2005 mme e ntse e tsweletse le gompieno; le setshwantsho sa polotiki sa Scandal, se sone se simolotseng ka ngwaga wa 2012 mme sa fela ka 2018, bobedi jwa ditshwantsho tse di ne di diretswe seteishene sa telebishini sa ABC. O berekile gape e le motlhagisi mogolo wa How to Get Away With Murder e e neng e supiwa go tswa ka 2014 go tsena 2020, le setshwantsho sa motseletsele sa Netflix se se bidiwang Bridgerton se se simolotseng ka 2020 mme se ntse se tsweletse, ga mmogo le Queen Charlotte: A Bridgerton Story ya ngwaga wa 2023 le Inventing Anna ya ngwaga wa 2022.


Makasine wa Time o tlhophile Rhimes go nna mongwe wa batho ba le lekgolo ba ba nang le tlhotlheletso e e kwa godimo mo lefatsheng ka bophara, ka ngwaga wa 2007, 2013 le 2021.[4][5] Ka ngwaga wa 2015 o ne a gatisa buka ya gagwe ya ntlha e e buang ka botshelo jwa gagwe e bidiwa Year of Yes:How to dance it out, Stand in the Sun, and Be Your Own Person.

Kgodiso le thuto ya gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Rhimes o tsholetswe kwa Chicago kwa Illinois,e le ngwana wa gofejane mo baneng ba le barataro ba ga Vera P. (o neng a dirisa sefane sa Cain pele) o eleng morutuntshi le Ilee Rhimes Jr., o eleng motsamaisi kwa sekolong sa ithutelo ditiro.[6][7] Mmagwe o tsene sekolo se segolwane a ntse a godisa bana ba le barataro mme a aloga ka PhD ya Educational Administration ka ngwaga wa 1991. Rragwe, o o nang le thutego ya MBA, o nnile tlhogo ya babereki ba tshedimosetso kwa sekolong sa ithutelo ditiro sa University of Southern California, go fitlhelela ka ngwaga wa 2013.[8]

Rhimes o nnile kwa Park Forest South (kwa jaanong e leng University Park,Illinois) le bo kgaitsadie ba babedi le bomogolowe ba basadi ba le bararo. O boletse fa a sale a supa lorato mo go boleleng dipolelo a santse a le mmotlana.[9] Fa a santse a le kwa sekolong, o ne a ithaopile kwa sepatela, mme mo go ne ga kgatlha leitlho la gagwe fa go tla mo ditikologong tsa sepatela.[10]


Rhimes o o godisitsweng ba tsena kereke ya katoliki, o tsene sekolo sa Marian Catholic High School kwa Chicago Heights kwa Illinois.[11] Kwa Dartmouth College o ne a lebagane le dithuto tsa sekgoa le dibaesekopo, mme a aloga ka ngwaga wa 1991.[12][13] O ne a nna leloko la mokgatlo wa Black Underground Theater Association kwa Dartmouth. O ne a kgaoganya nako ya gagwe gareng ga go kwala ditiragalo tse dit itlhametsweng le go kaela ebile a diragatsa mo ditlhamong tsa bone tsa bana ba sekolo.[12]

O ne a kwala gape mo pampiring ya dikgang ya sekolo.[14] Morago ga sekolo, o ne a fudugela kwa San Francisco le mogolowe mme a bereka mo go tsa papatso kwa McCann Erickson. O ne a tloga a fudugela kwa Los Angeles go tsena sekolo sa ithutelo ditiro sa University of Southern California, a ithutela tsa bokwadi jwa difilimi.[9] Rhimes o ne a ikgapela dithuso tsa go tsweledisa sekolo tsa Gary Rosenberg, ka a ne a gaisitse ba a neng a tsena sekolo le bone.[15] O ne a aloga ka Master of Fine Arts degree kwa USC School of Cinematic Arts.

Fa a le kwa USC, Rhimes o ne a hiriwa ka nakwana ke Debra Martin Chase. Rhimes o supa fa go atlega ga gagwe ka dinako tsa a santse a simolola, bontlha bongwe jwa gone e le ka thuso ya barutuntshi ba tshwana le Chase, o e leng mo mosimolodisi wa difilimi wa lotso lwa African-American. O berekile gape kwa komponeng ya ga Denzel Washington, ya Mundy Lane Entertainment.[16] Chase o e a rutuntsha Rhimes; ba berekile mmogo mo filiming ya The Princess Diaries ya bobedi.

Tiro[fetola | Fetola Motswedi]

Tshimololo ya tiro: 1995 go tsena ka 2004[fetola | Fetola Motswedi]

Morago ga go aloga, Rhimes o ne a nna mokwadi wa difilimi kwa Hollywood o o sa berekeng.[9] O ne a bereka ditiro tse di farologaneng gore a kgone go itlamela, ditiro tseo di akaretsa go nna motsamaisi wa ofisi, mogakolodi kwa lefelong le le rutang batho ba ba senang malwapa le ba ba lwalang malwetsi a tlhaloganyo ditiro. Ka nako eo Rhimes o ne a bereka e le mokaedi wa dipatlisiso mo thulaganyong ya Hank Aron: Chasing The Dream ka ngwaga wa 1995, e e neng ya fenya seetsele sa Peabody ka ngwaga wa 1995.[9][15] Ka ngwaga wa 19, Rhimes o ne a dira filimi e khutshwane e e bidiwang Blossoms and Veils, e mo go yone baanelwa-bagolo e leng Jada Pinkett-Smith le Jeffrey Wright;ke yone fela e a dirileng mo go yone e le mokaedi wa filimi.[9] New Line Cinema e ne ya reka mokwalo wa gagwe. Rhimes o ne a iwa tiro ya go kwala filimi ya Introducing Dorothy Dandridge ya ngwaga wa 1999. O o neng a tshameka moanelwa-mogolo Halle Berry o fentse dietsele di le dintsi ka yone filimi e.[9][15]


Ka ngwaga wa 2001, Rhimes o ne a kwala Crossroads, a kwala le ba bangwe, e e leng ka tshimologo ya moopedi Britney Spears.[17] Le ntswa batho ba ne ba e kgala, e dirile dimilione di le masome a marataro a di dolara lefatshe ka bophara.[18][19]


Rhimes o ne a bereka gape a kwala filimi ya The Princess Diaries ya bobedi. Le ntswa e ne ya seka ya rekisa thata, Rhimes o ne a re ke letlotlo la maitemogelo mo go ene, ka a kgonne go bereka le moanelwa wa yone Julie Andrew. [9]Ka ngwaga wa 2003,Rhimes o kwadile filimi ya telebishini a kwalela ABC, e e neng e le ka bomme ba ba begang dikgang kwa ntweng, mme ba ABC ba ne ba e gana.[15][16]

Grey's Anatomy, Private Practice, Scandal le dithulaganyo tse dingwe tsa ABC[fetola | Fetola Motswedi]

Rhimes ke motlhami ebile ke mo mogasi-mogolo le mokadi-mogolo wa thulaganyo ya Grey's Anatomy. Thulaganyo-tatelano e e simolotse e emeletse thulaganyo e nngwe ka ngwaga wa 2005, kgwedi ya Mopitlo e le malatsi a le masome a mabedi le bosupa. E latela matshelo a babereki ba ba dirang loaro kwa sepateleng se se itlhametsweng sa Seattle Grace Hospital (se morago se tla fetolwang go nna Grey Sloan Memorial Hospital) kwa Seattle, Washington. Thulaganyo e e na le badiragtsi ba le bantsi, Ellen Pompeo a diragatsa e le moanelwa o leina la gagwe le leng mo setlhogong sa thulaganyo, ebong Meredith, o e leng ene a bolelang ditiragalo mo bontsing jwa metseletsele ya dikarolo tsa thulaganyo e.[20]

Ka ngwaga wa 2007, Rhimes o ne a dira a bo a tlhama thulaganyo e e duleng mo go ya Grey's Anatomy, e bidiwa Private Practice,e e simolotseng ka ngwaga wa 2007, Lwetse a le malatsi a le masome a mabedi le borataro, kwa ABC. Thulaganyo e e ranola botshelo jwa ga Dr. Addison Montgomery (Kate Walsh) fa a tswa kwa Seattle Grace Hospital a ya go bereka mo sepateleng se se ikemetseng kwa Los Angeles. Thulaganyo e le yone e na le badiragatsi ba le bantsi, ba akaretsa Tim Dalt, Amy Brenneman, Audra McDonald le Taye Diggs. Kgaolo ya ntlha e ne ya khutsufadiwa ke go lwela ditshwanelo ga bakwadi; e na le dikgaolo di le borobabongwe. Ka Motsheganong ngwaga wa 2012, ABC e ne ya gasa gape kgaolo ya ngwaga wa 2012 go tsena ka 2013 ya Private Practice e nale dikgaolo di le lesome le boraro. Karolo ya bofelo e supilwe ka Firikgong, a le malatsi a le masome a mabedi le bobedi ka ngwaga wa 2013.[21]

Botshelo jwa gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Rhimes o ne a amogela pitso ya go godisa ngwana wa gagwe wa ntlha wa mosetsana ka Seetebosigo 2002, mme a godisa o mongwe ka Tlhakole 2012.[22] Ka Lwetse 2013, Rhimes o ne a amogela ngwana wa gagwe wa boraro wa mosetsana o a neng a imilwe ke mosadi o mongwe.[23]


Ka ngwaga wa 2014, Rhimes o ne a fa molaetsa kwa Dartmouth College, kwa a tseneng sekolo teng, mme a neelwa seetsele sa tlotla.[24] Ka ngwaga wa 2015, Lwetse, Rhimes o ne a supa fa a latlhegetswe ke dikilogram di le masome a matlhano le boraro ka go ikatisa le go ja sentle.[25][26]

Shondaland[fetola | Fetola Motswedi]

Shondaland ke leina la kompone ya ga Rhimes e e tlhamang dithulaganyo.[27] Shondaland le setshwantsho sa kompone eo, e supa gape dithulaganyo tse Rhimes a di tlhamileng.[28] Dithulaganyo tse di kwa Shondaland di akaretsa:

Difilimi[fetola | Fetola Motswedi]

O akgoletswe
Ngwaga Setlhogo botlhami bokaedi bokwadi bosimolodi
1995 Hank Aaron:Chasing the Dream nnya ee[29] nnya nnya
1998 Blossoms and Veils nnya ee ee nnya
1999 Introducing Dorothy Dandridge nnya nnya ee nnya
2002 Crossroads nnya nnya ee nnya
2004 The Princess Diaries 2: Royal Engagement nnya nnya ee nnya
2005 go tsena gompieno Grey's Anatomy ee nnya ee ee
2007 go tsena 2013 Private Practice ee nnya ee ee
2009 Inside the Box nnya nnya nnya ee
2009 Seattle Grace:On Call ee nnya nnya ee
2009 Seattle Grace:Message of Hope ee nnya nnya ee
2011 Off the Map nnya nnya nnya ee
2012 Gilded Lylis nnya nnya nnya ee
2012 go tsena ka 2018 Scandal ee nnya ee ee
2014 go tsena ka 2020 How To Get Away With Murder nnya nnya nnya ee
2016 go tsena ka 2017 The Catch nnya nnya nnya ee
2017 Still Star Crossed nnya nnya nnya ee
2018 go tsena ka 2019 For The People nnya nnya nnya ee
2018 go tsena gompieno Station 19 nnya nnya nnya ee
2020 go tsena gompieno Bridgerton nnya nnya nnya ee
2022 Inventing Anna ee nnya ee ee
2023 Queen Charlotte:A Bridgerton Story ee nnya ee ee
Letsatsi le le tla bolelwang Notes on Love[30] go tla bolelwa go tla bolelwa ee ee
  1. "Shonda L. Rhimes '91 (Doctor of Arts)". Dartmouth College. June 8, 2014. Retrieved October 9, 2014.
  2. "UPI Almanac for Wednesday, Jan. 13, 2021". United Press International. January 13, 2021. Archived from the original on February 27, 2021. Retrieved February 27, 2021. …TV producer Shonda Rhimes in 1970 (age 51)…
  3. "Here Are The 15 Richest Women Celebrities In America". Forbes. June 1, 2023. Retrieved June 1, 2023.
  4. Oh, Sandra (May 3, 2007). "The TIME 100, ARTISTS & ENTERTAINERS". TIME. Archived from the original on May 5, 2007. Retrieved 2007-05-05.
  5. Sinay, Danielle (September 15, 2021). "Time releases its 100 most influential people list". Indy100. Retrieved November 13, 2021.
  6. Paskin, Willa (May 9, 2013). "Network TV Is Broken. So How Does Shonda Rhimes Keep Making Hits?". The New York Times Magazine. Retrieved May 9, 2013.
  7. Stated on Finding Your Roots, January 19, 2016, PBS
  8. "USC selects new vice provost and CIO". news.usc.edu. June 11, 2013. Retrieved February 26, 2016.
  9. 9.0 9.1 9.2 9.3 9.4 9.5 9.6 Shonda Rhimes profile, hollywood.com; accessed January 28, 2015.
  10. Maureen, Ryan (December 21, 2005). "Shonda Rhimes, creator of 'Grey's Anatomy' and a Chicagoan of the Year". The Watcher. Archived from the original on June 21, 2009. Retrieved January 21, 2008.
  11. Shapiro, Marc (2015). Welcome to Shondaland, An Unauthorized Biography of Shonda Rhimes. United States: Riverdale Avenue Books. ISBN 9781626012394.
  12. 12.0 12.1 Hardwick, Zac (April 22, 2014). "Shonda Rhimes '91, 'Scandal' producer, to address graduates". thedartmouth.com. Archived from the original on October 16, 2014. Retrieved October 9, 2014.
  13. Apr 2015, Jennifer Wulff '96 | Mar-. "Television's Wonder Woman". Dartmouth Alumni Magazine. Retrieved 2019-04-02.
  14. "The Quiet Mystery of Shonda Rhimes". The Hollywood Reporter. 23 June 2011. Retrieved 2019-04-02.
  15. 15.0 15.1 15.2 15.3 Wilson, Stacey (June 26, 2011). "'Grey's Anatomy's' Shonda Rhimes Turns Up The Heat In New Series 'Scandal'". The Hollywood Reporter. Retrieved October 9, 2014.
  16. 16.0 16.1 Rose, Lacey (October 8, 2014). "Shonda Rhimes Opens Up About 'Angry Black Woman' Flap, Messy 'Grey's Anatomy' Chapter, and the 'Scandal' Impact". The Hollywood Reporter. Retrieved October 9, 2014.
  17. Moss, Corey (November 6, 2011). "Britney's heart into 'Crossroads,' outtakes from flick appear on Britney". MTV. MTV Networks. Retrieved July 15, 2011.
  18. Snetiker, Marc (2012-02-15). "Crossroads Tenth Anniversary". Entertainment Weekly. Time Warner. Archived from the original on 2014-10-16. Retrieved 2012-03-09.
  19. "Crossroads Daily Chart View". Box Office Mojo. 2002-02-15. Retrieved 2002-02-15.
  20. "ABC Fall 2006 Schedule". Zap2it. 2006-07-11. Archived from the original on 2012-05-24. Retrieved 2006-10-25.
  21. Private Practice (TV Series 2007–2013) - IMDb, retrieved 2019-03-02
  22. "Shonda Rhimes adopts second baby girl". Essence. April 7, 2012.
  23. shonda rhimes [@shondarhimes] (18 September 2013). "Been AWOL from Twitter. I totally have a good reason: TINY HUMAN #3 is here and she's perfect! Babies are good. Life is good. #2shows3kids" (Tweet) – via Twitter.
  24. Sundberg Seaman, Kelly (April 21, 2014). "TV Producer Shonda Rhimes '91 to Speak at Commencement". Dartmouth College. Archived from the original on October 7, 2014. Retrieved October 9, 2014.
  25. "Shonda Rhimes reveals 117-pound weight loss, admits she 'hated' dieting". TODAY.com. October 2015. Retrieved 2015-11-12.
  26. "Shonda Rhimes reveals airplane incident that sparked her 117-pound weight loss". TODAY.com. 9 November 2015. Retrieved 2015-11-12.
  27. Lebeau, Jordan (September 22, 2014). "The Angry Black Women of Shondaland: What The New York Times (and Slate) Got Wrong". The Boston Globe. Retrieved September 23, 2014.
  28. "About Us". The Shondaland Source. 2014. Archived from the original on October 14, 2014. Retrieved September 23, 2014.
  29. Credited as Research Director.
  30. White, Peter (September 24, 2019). "Shondaland Teams With Norman Lear, Steve Martin & 'Shrill' Creator Lindy West On Neflix Anthology Series 'Notes On Love'". Deadline Hollywood. Retrieved September 24, 2019.